Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 53

Mmusi yo o Kgonang go Laola Maemo a Bosa

Mmusi yo o Kgonang go Laola Maemo a Bosa

MATHAIO 14:22-36 MAREKO 6:45-56 JOHANE 6:14-25

  • BATHO BA BATLA GO DIRA JESU KGOSI

  • JESU O TSAMAYA MO GODIMO GA METSI, O LAELA PHEFO GORE E KGAOTSE

Bokgoni jwa ga Jesu jwa go fepa batho ba le diketekete ka kgakgamatso, bo amile batho fela thata. Ba swetsa ka gore “ruri yono ke Moporofeti yo o neng a tshwanetse go tla mo lefatsheng,” ke Mesia, le gore a ka nna kgosi e e molemo. (Johane 6:14; Duteronome 18:18) Ka jalo, ba loga leano la gore ba tshware Jesu mme ba mo dire kgosi.

Le fa go ntse jalo, Jesu o lemoga leano la bone. O letla batho bao go tsamaya a bo a laela barutwa ba gagwe gore ba boele mo mokorong. Barutwa ba ga Jesu ba ya kae? Ba tshwanetse go ya kwa Bethesaida, morago ga moo ba bo ba ya kwa Kaperenama. Mme Jesu ene o ya kwa thabeng bosigo joo go ya go rapela a le nosi.

Ke pele ga masa mme lesedi la ngwedi le bonesitse, ka jalo Jesu o kgona go bona mokoro o le kgakajana. Phefo e e maatla e phaila makhubu a lewatle, mme baaposetoloi ‘ba palelwa ke go tsamaisa mokoro, ka gonne o lebagane le phefo.’ (Mareko 6:48) Jesu o fologa mo thabeng a bo a tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa go bone. “Ba setse ba tsamaile dikilometara di ka nna tlhano kgotsa thataro.” (Johane 6:19) Barutwa ba bona e kete Jesu o tla feta fa go bone, mme ba goa ba tshogile ba re: “Ke sedimo!”—Mareko 6:49.

Jesu o ba gomotsa a re: “Nnang pelokgale! Ke nna; lo se ka lwa tshoga.” Mme Petere o mo raya a re: “Morena, fa e le gore ke wena, ntaele gore ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metsi.” Jesu o mo raya: “Tlaya!” Foo Petere o tswa mo mokorong a bo a tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa go Jesu. Mme fa a leba phefo ya matsubutsubu, o a boifa a bo a simolola go nwela. O goa a re: “Morena, mpoloke!” Jesu o otlolola seatla a bo a tshwara Petere, mme o mo raya a re: “Wena yo o nang le tumelo e potlana, ke ka ntlha yang fa o ne o nna le dipelaelo?”—Mathaio 14:27-31.

Petere le Jesu ba palama mokoro, mme phefo e a kgaotsa. Barutwa bano ba gakgametse, a mme gone ba tlhoka go gakgamala? Fa ba ne ba tlhalogantse “bokao jwa kgakgamatso ya dinkgwe,” e Jesu a neng a e dirile diura di le mmalwa pele ga foo fa a ne a fepa batho ba le diketekete, ba ka bo ba sa gakgamadiwe ke go bo a tsamaya mo godimo ga metsi le go bo a laela phefo gore e kgaotse. Jaanong ba obama fa pele ga gagwe ba bo ba re: “Ruri o Morwa Modimo.”—Mareko 6:52; Mathaio 14:33.

Go ise go ye kae, ba tla tloga ba goroga kwa lebaleng le lentle la Genesareta, kwa borwa jwa Kaperenama. Ba emisa mokoro fa lotshitshing ba bo ba fologa. Batho ba koo ba lemoga Jesu, mme bone le ba mafelo a a gaufi, ba tlisa balwetse kwa go ene. Fela fa balwetse bao ba kgoma karolo e e kwa tlase ya seaparo sa gagwe, ba a fola.

Mo nakong eno, batho ba bantsintsi ba ba neng ba bone Jesu a dira kgakgamatso ya go fepa batho, ba a lemoga gore o tsamaile. Ka jalo, fa mekoro e mennye e e tswang kwa Tiberia e goroga, batho bano ba palama mekoro eo ba bo ba ya kwa Kaperenama ba ya go batla Jesu. Fa ba mmona ba mo raya ba re: “Rabi, o tlile leng fano?” (Johane 6:25) Jesu o na le lebaka le le utlwalang la go ba kgalema, jaaka re tla bona.