Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 56

Ke Eng se Tota se Leswafatsang Motho?

Ke Eng se Tota se Leswafatsang Motho?

MATHAIO 15:1-20 MAREKO 7:1-23 JOHANE 7:1

  • JESU O SENOLA DINGWAO TSA BATHO

Fa Tlolaganyo ya 32 C.E. e ntse e atamela, Jesu o tshwaregile ka tiro ya go ruta kwa Galalea. Go tswa foo, a ka tswa a ya kwa Jerusalema kwa Tlolaganyong, jaaka Molao wa Modimo o laela. Mme gone, o dira jalo a le kelotlhoko ka gonne Bajuda ba batla go mmolaya. (Johane 7:1) Morago ga moo, o boela kwa Galalea.

Jesu a ka tswa a le mo Kaperenama fa Bafarasai le bakwadi ba tla mo go ene ba tswa kwa Jerusalema. Ba tlile go dira eng? Ba batla mabaka a go latofatsa Jesu ba re o tlola molao wa bodumedi. Ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba tlola ngwao ya batho ba bogologolo? Ka sekai, ga ba tlhape diatla pele ga ba ja.” (Mathaio 15:2) Modimo ga a ise a ko a laele batho ba gagwe gore ba ikobele ngwao eno ya ‘go tlhapa diatla go fitlha fa sekgonong.’ (Mareko 7:3) Le fa go ntse jalo, Bafarasai bone ba tsaya gore fa o sa dire jalo, ke molato o o masisi.

Go na le gore Jesu a ba arabe ka tlhamalalo, o ba bontsha gore ba tlola Molao wa Modimo ka boomo. O ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lona lo tlola taelo ya Modimo ka ntlha ya ngwao ya lona? Ka sekai, Modimo o ne a re, ‘Tlotla rrago le mmago,’ a bo a re, ‘A yo o kgobang rraagwe kgotsa mmaagwe ka mafoko a bolawe.’ Mme lona lwa re, ‘Ope fela yo o rayang rraagwe kgotsa mmaagwe a re: “Sepe fela se ke nang le sone se nkabong ke go thusa ka sone ke mpho e e abetsweng Modimo,” ga a tshwanela go tlotla rraagwe gotlhelele.’”—Mathaio 15:3-6; Ekesodo 20:12; 21:17.

Bafarasai ba tsaya gore madi, dithoto kgotsa sepe fela se se beetsweng kwa thoko gore se abelwe Modimo, ke sa tempele, ka jalo ga se ka ke sa dirisediwa sengwe se sele. Mme gone, boammaaruri ke gore mpho eo e a bo e sa ntse e le mo mothong yoo. Ka sekai, morwa a ka nna a re madi kgotsa dithoto tsa gagwe “ke mpho e e abetsweng Modimo” kgotsa tempele, jaaka e kete tempele e botlhokwa thata go feta batsadi ba gagwe. Morwa yono o sa ntse a ka itirisetsa madi ao kgotsa dithoto tseo, mme gone a re a ka se kgone go a dirisa go thusa batsadi ba gagwe ba ba godileng kgotsa ba ba tlhokang. Ka jalo, o ithola maikarabelo a go ba tlhokomela.—Mareko 7:11.

Go a tshwanela go bo Jesu a galefile ka gonne ba sokamisa Molao wa Modimo, mme o ba raya a re: “Lo dirile lefoko la Modimo lefela ka ntlha ya ngwao ya lona. Baitimokanyi ke lona, Isaia o ne a bua sentle fa a ne a porofeta ka lona a re: ‘Batho bano ba ntlotla ka melomo ya bone fela, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’” Bafarasai bano ga ba bue sepe fa Jesu a ba kgala. Ka jalo, o biletsa batho kwa go ene a bo a ba raya a re: “Reetsang mme lo tlhaloganye seno: Motho ga a leswafadiwe ke se se tsenang mo molomong wa gagwe, mme o leswafadiwa ke se se tswang mo molomong wa gagwe.”—Mathaio 15:6-11; Isaia 29:13.

Moragonyana fa Jesu a na le barutwa ba gagwe mo ntlong, ba mmotsa ba re: “A o a itse gore Bafarasai ba ne ba kgopisega fa ba utlwa se o neng o se bua?” O ba raya a re: “Semela sengwe le sengwe se Rre yo o kwa legodimong a sa se jalang se tla kumolwa. A ba kgopisege. Ke bagogi ba ba foufetseng. Jaanong fa motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo khuting mmogo.”—Mathaio 15:12-14.

Jesu o lebega a gakgametse fa Petere a bua mo boemong jwa barutwa ba bangwe a mo kopa gore a ba tlhalosetse gore ke eng se se leswafatsang motho. Jesu o araba a re: “A ga lo lemoge gore sepe fela se se tsenang mo molomong se fetela kwa mpeng se bo se tswa se tsena mo moseleng wa leswe? Le fa go ntse jalo, sepe fela se se tswang mo molomong se tswa mo pelong, mme dilo tseo di leswafatsa motho. Ka sekai, mo pelong go tswa dikakanyo tse di bosula: dipolao, boaka, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, bogodu, bosupi jwa maaka le ditlhapa. Dilo tseno ke tsone tse di leswafatsang motho; mme go ja dijo ka diatla tse di sa tlhapiwang ga go leswafatse motho.”—Mathaio 15:17-20.

Ga se gore Jesu o kgala go nna phepa kgotsa o kgothaletsa batho gore ba se ka ba tlhapa diatla pele ga ba dira dijo kgotsa pele ga ba ja. Go na le moo, o kgala boitimokanyi jwa baeteledipele bano ba bodumedi, ba ba lekang go itlhokomolosa melao e e siameng ya Modimo ba bo ba ngangatlela dingwao tsa batho. Ntlha ke gore, ditiro tse di sa siamang tse di tswang mo pelong, ke tsone tse di leswafatsang motho.