Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 57

Jesu o Fodisa Mosetsana le Monna yo o Susu

Jesu o Fodisa Mosetsana le Monna yo o Susu

MATHAIO 15:21-31 MAREKO 7:24-37

  • JESU O FODISA MORWADIA MOSADI WA MOFONIKIA

  • O FODISA MONNA MONGWE YO O SUSU E BILE A SA KGONE GO BUA

Fa Jesu a sena go kgala Bafarasai ka ntlha ya dingwao tse di tswelang bone fela mosola, o tsamaya le barutwa ba gagwe. O ya kwa dikgaolong tsa Ture le Sidona kwa Fonikia, tse di kwa bokonebophirima.

Jesu o bona ntlo e a ka nnang mo go yone, mme ga a batle gore batho ba itse gore o fano. Le fa go ntse jalo, batho ba a lemoga gore o nna foo. Mosadi mongwe wa Mogerika yo o tsholetsweng mo lefelong leno o bona Jesu a bo a mo kopa a re: “Nkutlwele botlhoko, Morena, Morwa Dafide. Morwadiake o boga mo go botlhoko ka gonne o tsenwe ke ledimona.”—Mathaio 15:22; Mareko 7:26.

Morago ga lobakanyana, barutwa ba raya Jesu ba re: “Mo leleke, ka gonne o nnetse go goa mo morago ga rona.” Jesu o tlhalosa lebaka la go bo a mo itlhokomolosa, a re: “Ga ke a romelwa kwa go ope ntle le kwa dinkung tse di latlhegileng tsa setšhaba sa Iseraele.” Le fa go ntse jalo, mosadi yono ga a ineele. O ya kwa go Jesu a bo a khubama fa pele ga gagwe a mo kopa a re: “Morena, nthuse!”—Mathaio 15:23-25.

Gongwe e le go leka tumelo ya mosadi yono, Jesu o umaka tsela e e sa siamang e Bajuda ba lebang batho ba ditšhaba tse dingwe ka yone, a re: “Ga go a siama go tsaya senkgwe sa bana se bo se latlhelelwa dintšanyana.” (Mathaio 15:26) Fa Jesu a bua ka “dintšanyana,” o senola tsela e e lorato e a ikutlwang ka yone ka batho ba e seng Bajuda. Maikutlo ao a tshwanetse a bo a bonala mo sefatlhegong sa gagwe e bile a utlwala le mo lentsweng la gagwe le le bontshang bopelotlhomogi.

Go na le gore mosadi yono a kgopisege, o tsweletsa kgang ele ya tlhaolele ya Bajuda a bo a bua a le boikokobetso a re: “Go ntse jalo Morena, mme gone dintšanyana di ja mafofora a a wang mo tafoleng ya beng ba tsone.” Jesu o a lemoga gore mosadi yono o na le pelo e ntle, ka jalo o mo raya a re: “Tumelo ya gago e kgolo; a se o se eletsang se diragale.” (Mathaio 15:27, 28) Go direga fela jalo, le fa gone mosetsana yoo a seyo foo! Fa mosadi yono a boela gae, o fitlhela morwadie a rapame mo bolaong, a fodile—“ledimona le ne le dule mo go ene”!—Mareko 7:30.

Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo kgaolong ya Fonikia, ba ya ntlheng ya Noka ya Joredane. Gongwe ba kgabaganya noka eo mo lefelong lengwe kwa bokone jwa Lewatle la Galalea ba bo ba ya kwa kgaolong ya Dekapolise. Fa ba le koo, ba ya kwa thabeng, mme gone batho ba a ba bona. Ba tlisa batho ba ba tlhotsang, ba ba golafetsng, ba ba sa boneng le ba ba sa bueng kwa go Jesu. Ba baya balwetse bano fa dinaong tsa gagwe, mme o a ba fodisa. Batho ba gakgametse, mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.

Jesu o tlhoma mogopolo mo monneng mongwe yo o susu e bile a sa kgone go bua. Akanya fela gore monna yono a ka tswa a ikutlwa jang mo gare ga batho bano ba bantsintsi. Jesu o mo ntsha fa gare ga batho, gongwe e le ka gonne a lemoga gore o tshogile. Fa ba le babedi kwa thoko, Jesu o mmontsha gore o tlile go mo direla eng. O tsenya menwana mo ditsebeng tsa monna yono, mme fa a sena go kgwa mathe, o kgoma loleme lwa monna yono. Go tswa foo, Jesu o leba kwa legodimong a bo a re, “Efefatha,” mo go rayang gore, “Bulega.” Ka yone nako eo, monna yono o simolola go utlwa e bile o kgona go bua sentle. Jesu ga a batle gore batho ba itse ka seno, o batla gore ba dumele mo go ene ka ntlha ya se ba se iponetseng le se ba se ikutlwetseng.—Mareko 7:32-36.

Maatla a ga Jesu a go fodisa batho bano a ama batho ba ba bonang seo, mme “ba ne ba gakgamala fela thata.” Ba re: “O dirile dilo tsotlhe sentle. E bile o dira gore bosusu ba utlwe le ba ba sa kgoneng go bua ba bue.”—Mareko 7:37.