Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 58

O Ntsifatsa Dinkgwe, o ba Tlhagisa ka Sebediso

O Ntsifatsa Dinkgwe, o ba Tlhagisa ka Sebediso

MATHAIO 15:32–16:12 MAREKO 8:1-21

  • JESU O FEPA BANNA BA LE 4 000

  • O TLHAGISA BARUTWA BA GAGWE KA SEBEDISO SA BAFARASAI

Batho ba bantsintsi ba phuthegetse kwa go Jesu kwa kgaolong ya Dekapolise, ka kwa botlhaba jwa Lewatle la Galalea. Ba tlile go mo reetsa a ruta le gore a ba fodise, mme ba tla ba tshotse dimmanki tse dikgolo tsa mefago.

Mme fa nako e ntse e ya, Jesu o raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho bano ba bantsintsi pelo, ka gonne e setse e le malatsi a le mararo ba na le nna fano mme ga ba ise ba ko ba je sepe. Fa nka ba tlogela ba ya magaeng a bone ba tshwerwe ke tlala, ba tla felelwa ke maatla mo tseleng, mme bangwe ba bone ba tswa kgakala thata.” Barutwa ba mmotsa jaana: “Motho a ka tsaya kae senkgwe se se lekaneng go fepa batho ba bantsintsi jaana mo lefelong leno le le kwa thoko?”—Mareko 8:2-4.

Jesu o ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di le supa, le ditlhapinyana di le mmalwa.” (Mathaio 15:34) Go tswa foo, Jesu o laela batho gore ba nne fa fatshe. O tsaya dinkgwe tseo le ditlhapi, o a rapela a bo a di neela barutwa ba gagwe gore ba di abele batho. Se se kgatlhang ke gore botlhe ba ja ba bo ba kgora. Barutwa ba kokoanya manathwana a a setseng mme a tlala dimmanki tse dikgolo di le supa, le fa gone go jele banna ba ka nna 4 000, go sa balwe basadi le bana.

Fa Jesu a sena go naya batho bao tsela, ene le barutwa ba palama mokoro ba ya kwa Magadana, ka kwa lotshitshing lo lo kwa bophirima jwa Lewatle la Galalea. Fa ba le koo, Bafarasai le Basadukae bangwe ba tla kwa go ene mme ba a mo leka, ba mo kopa gore a ba bontshe sesupo se se tswang kwa legodimong.

E re ka Jesu a lemoga maitlhomo a bone, o ba raya a re: “Fa go nna maitseboa lwa re, ‘Kamoso go tla bo go se na maru, ka gonne loapi lo bohibidu jwa molelo,’ mme mo mosong lwa re, ‘Gompieno go tla nna tsiditsana e bile pula e tla na, ka gonne loapi lo bohibidu jwa molelo e bile lo letobo.’ Lo itse go tlhalosa kafa loapi lo lebegang ka gone, mme ga lo kgone go tlhalosa ditshupo tsa metlha.” (Mathaio 16:2, 3) Go tswa foo, o ba bolelela gore ga ba kitla ba newa sesupo sepe ntle le sesupo sa ga Jona.

Jesu le barutwa ba gagwe ba palama mokoro ba bo ba ya kwa Bethesaida, kwa lotshitshing lo lo kwa bokonebotlhaba jwa lewatle. Fa ba le mo tseleng, barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tsaya dinkgwe tse di lekaneng. Ba na le senkgwe se le sengwe fela. Jesu o akantse ka se se sa tswang go direga fa Bafarasai le Basadukae ba lekoko la ga Herode ba ne ba tlile kwa go ene, ka jalo o tlhagisa barutwa jaana: “Nnang lo butse matlho; elang tlhoko sebediso sa Bafarasai le sebediso sa ga Herode.” Barutwa ba ithaya ba re fa a bua ka sebediso, o bua ka kgang ya gore ba lebetse senkgwe. E re ka a lemoga seno, o ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo ngangisana ka kgang ya gore ga lo na senkgwe?”—Mareko 8:15-17.

Bosheng jaana Jesu o ne a tlamela batho ba le diketekete ka dinkgwe. Ka jalo, barutwa ba tshwanetse go lemoga gore ga a a tshwanyega ka kgang ya gore ga go na dinkgwe. O ba raya a re: “A ga lo gakologelwe? Fa ke ne ke ngathoganyetsa banna ba le 5 000 dinkgwe tse tlhano, lo ne lwa tlatsa dimmanki di le kae ka manathwana?” Ba re: “Di le 12.” O tswelela a re: “Fa ke ne ke ngathoganyetsa banna ba le 4 000 dinkgwe di le supa, lo ne lwa tlatsa dimmanki tse dikgolo di le kae ka manathwana?” Ba re: “Di le supa.”—Mareko 8:18-20.

Jesu o ba botsa jaana: “Go tla jang go bo lo sa lemoge gore ke ne ke sa bue le lona ka senkgwe?” O oketsa a re: “Elang tlhoko sebediso sa Bafarasai le Basadukae.”—Mathaio 16:11.

Labofelo barutwa ba lemoga se a buang ka sone. Sebediso se dirisiwa go bedisa senkgwe, mme se dira gore bupi jo bo dubilweng bo kokomoge. Fano Jesu o dirisa senkgwe e le letshwao la sengwe se se bodileng. O tlhagisa barutwa ba gagwe gore ba ele tlhoko “thuto ya Bafarasai le Basadukae,” e e ka ba bodisang.—Mathaio 16:12.