Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 61

Jesu o Fodisa Mosimane yo o Nang le Ledimona

Jesu o Fodisa Mosimane yo o Nang le Ledimona

MATHAIO 17:14-20 MAREKO 9:14-29 LUKE 9:37-43

  • GO TLHOKEGA TUMELO E E NONOFILENG GO FODISA MOSIMANE YO O NANG LE LEDIMONA

Fa Jesu, Petere, Jakobe le Johane ba boa kwa thabeng, ba kopana le batho ba bantsintsi. Go na le bothata. Bakwadi ba kokoanetse barutwa mme ba ngangisana le bone. Batho ba gakgamaletse go bona Jesu, mme ba tabogela kwa go ene ba ya go mo dumedisa. O ba botsa jaana: “Lo ngangisana le bone ka eng?”—Mareko 9:16.

Monna mongwe mo bathong bao o khubama fa pele ga ga Jesu a bo a mo raya a re: “Moruti, ke tlisitse morwaake mo go wena ka gonne o na le ledimona le le dirang gore a se ka a kgona go bua. Nako le nako fa le mo tlhasela, le mo latlhela fa fatshe, mme o phoka lefulo mo molomong e bile o phuranya meno a bo a felelwa ke maatla. Ke ne ka kopa barutwa ba gago gore ba le leleke, mme ga ba a ka ba kgona.”—Mareko 9:17, 18.

Go bonala bakwadi ba kgala barutwa ka gonne ba paletswe ke go fodisa mosimane yono, gongwe e bile ba nyatsa maiteko a ba a dirang. Go na le gore Jesu a arabe rre yono yo o mo kutlobotlhokong, o raya batho bao a re: “Lona kokomana e e se nang tumelo le e e sokameng, ke tla tswelela ke na le lona go fitlha leng? Ke tla lo itshokela go fitlha leng?” O lebisitse mafoko ano a a bogale kwa bakwading ba ba ntseng ba sokodisa barutwa ba gagwe fa a seyo. Go tswa foo, o retologela kwa monneng yono a bo a mo raya re: “Mo tliseng kwano.”—Mathaio 17:17.

Fa mosimane yono a atamela kwa go Jesu, ledimona le le mo go ene le mo digela fa fatshe le bo le mo tshwarisa mototwane. Fa a sena go wela fa fatshe, o a bidikama e bile o phoka lefulo mo molomong. Jesu o botsa rre yono a re: “Selo seno se ntse se mo diragalela ka lobaka lo lo kae?” O araba a re: “Go tloga a sa le ngwana, mme gantsi le mo latlhela mo molelong, gape le mo latlhela le mo metsing gore le mmolaye.” O kopa Jesu a re: “Fa e le gore o ka kgona go dira sengwe, re tlhomogele pelo o re thuse.”—Mareko 9:21, 22.

Rre yono ga a itse gore a itire eng, ka gonne tota le barutwa ba ga Jesu ba paletswe ke go mo thusa. Jesu o araba monna yono ka mafoko ano a a kgothatsang: “Ke ka ntlha yang fa o nthaya o re, ‘Fa e le gore o ka kgona’? Aitsane, dilo tsotlhe di a kgonega fa motho a na le tumelo.” Ka yone nako eo, rraagwe ngwana yono o goa a re: “Ke na le tumelo! Nthuse fa ke tlhokang tumelo gone!”—Mareko 9:23, 24.

Jesu o bona batho ba bantsintsi ba tla ba mo tabogetse. O kgalema ledimona leno batho bano ba ntse ba mo lebile, a re: “Wena ledimona le le dirang gore ngwana yono a se ka a kgona go bua le go utlwa, ke go laela gore o tswe mo go ene mme o se ka wa tlhola o tsena mo go ene gape!” Fa le tswa mo go ene, le dira gore a goe e bile le mo tshwarisa mototwane gantsi. Go tswa foo, mosimane yono o nna jaaka e kete o sule. Fa batho ba bona seno, bontsi jwa bone ba re: “O sule!” (Mareko 9:25, 26) Mme fa Jesu a tshwara mosimane yono ka letsogo, o a tsoga a bo “a fola ka yone nako eo.” (Mathaio 17:18) Go a utlwala go bo batho ba gakgamalela se Jesu a se dirang.

Pele ga moo, fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe go ya go rera, ba ne ba kgona go leleka madimona. Jaanong fa ba setse e le bone fela le Jesu mo ntlong, ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go le leleka?” O ba tlhalosetsa gore ke ka gonne ba se na tumelo, a re: “La mofuta ono le ka ntshiwa ka thapelo fela.” (Mareko 9:28, 29) Ba ne ba tlhoka tumelo e e nonofileng le go rapelela moya o o boitshepo gore o ba thuse go leleka ledimona leo le le maatla.

Jesu o konela jaana: “Ammaaruri ke a lo bolelela, fa lo na le tumelo e e lekanang le tlhaka ya mosetara, lo tla raya thaba eno lo re, ‘Tswa fano o ye fale,’ mme e tla tswa, e bile lo tla kgona go dira sengwe le sengwe.” (Mathaio 17:20) Ruri tumelo e maatla!

Dikgoreletsi le mathata a a thibelang gore tiro ya ga Jehofa e se ka ya dirwa, a ka lebega a le magolo e bile a ka se kgone go suta jaaka thaba. Mme gone, fa re lwela go nna le tumelo, re ka kgona go fenya dikgoreletsi le mathata ao a a tshwanang le thaba.