Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 62

Thuto ya Botlhokwa Thata ka Boikokobetso

Thuto ya Botlhokwa Thata ka Boikokobetso

MATHAIO 17:22–18:5 MAREKO 9:30-37 LUKE 9:43-48

  • JESU O BOLELELA PELE LOSO LWA GAGWE GAPE

  • O DUELA LEKGETHO KA LEDI LA TSHIPI LE LE TSWANG MO MOLOMONG WA TLHAPI

  • KE MANG YO MOGOLO THATA MO BOGOSING?

Fa Jesu a sena go ipontsha bangwe ba barutwa ba gagwe a le mo kgalalelong le fa a sena go fodisa mosimane mongwe yo o nang le ledimona mo kgaolong ya Kaesarea Filipi, o ya kwa Kaperenama. O tsamaya le barutwa ba gagwe fela, gore batho ba bangwe ba se ka ‘ba itse ka gone.’ (Mareko 9:30) Seno se mo naya tshono e e oketsegileng ya gore a thuse barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse loso lwa gagwe le tiro e ba tla e dirang. O ba raya a re: “Morwa motho o tlile go rekisiwa a bo a tsenngwa mo diatleng tsa baba ba gagwe mme ba tla mmolaya, le fa go ntse jalo, o tla tsosiwa mo letsatsing la boraro.”—Mathaio 17:22, 23.

Kgang eno ga e a tshwanela go gakgamatsa barutwa ba gagwe. Jesu o setse a kile a ba bolelela gore o tlile go bolawa, le fa gone Petere a ne a sa batle go dumela gore seo se tla diragala. (Mathaio 16:21, 22) Gape baaposetoloi ba gagwe ba bararo ba ne ba mmona a le mo kgalalelong e bile ba ne ba utlwa go buiwa gore o a “tsamaya.” (Luke 9:31) Jaanong balatedi bano ba gagwe “ba hutsafala fela thata” fa ba utlwa se Jesu a se buang, le fa gone ba sa tlhaloganye gore mafoko ano a tla ba ama go le kana kang. (Mathaio 17:23) Le fa go ntse jalo, ba tshaba go mmotsa ka kgang eno.

Labofelo ba goroga mo Kaperenama, e leng motse o Jesu a nnang mo go one fa a ntse a dira bodiredi jwa gagwe e bile ke motse o bontsi jwa baaposetoloi ba gagwe ba tswang mo go one. Fa ba fitlha koo, banna ba ba tsayang lekgetho la tempele ba ya kwa go Petere. Gongwe e le ka gonne ba batla go latofatsa Jesu ba re ga a duele makgetho, ba botsa Petere ba re: “A moruti wa lona o duela lekgetho [la tempele] la diderakema tse pedi?”—Mathaio 17:24.

Petere o ba araba a re: “Ee.” Fa ba fitlha kwa ntlong, Jesu o setse a itse se se diragetseng. Ga a emele gore Petere a tlotle ka kgang eno, o mmotsa a re: “O akanya eng, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela makgetho a a farologaneng mo go bomang? Mo go bomorwaatsone kgotsa mo bathong ba sele?” Petere a re: “Mo bathong ba sele.” Foo Jesu o mo raya a re: “Fa e le gore go ntse jalo, bomorwaatsone ga ba tlhoke go ntsha lekgetho.”—Mathaio 17:25, 26.

Rraagwe Jesu ke Kgosi ya lobopo lotlhe, e bile ke Ene yo o obamelwang kwa tempeleng. Ka jalo go ya ka molao, Morwa Modimo ga a tlhoke go ntsha lekgetho la tempele. Jesu o mo raya a re: “Gore re se ka ra ba kgopisa, ya kwa lewatleng, o latlhele huku ya ditlhapi o bo o tsaya tlhapi ya ntlha e e tswang, mme fa o bula molomo wa yone o tla fitlhela ledi la tshipi la selefera [setatera kgotsa teteraderakema]. O le tseye o bo o le ba naya o duelele nna le wena.”—Mathaio 17:27.

Go ise go ye kae barutwa ba mmogo, mme ba batla go botsa Jesu gore ke mang yo o tla nnang mogolo thata mo Bogosing. Banna bano ba ntse ba tshaba go botsa Jesu ka kgang ya gore o tlile go bolawa, mme jaanong ga ba tshabe go mmotsa ka se se tla ba diragalelang mo nakong e e tlang. Jesu o itse se ba se akanyang. Ke kgang e a ba utlwileng ba ntse ba ngangisana ka yone mo tseleng fa ba tla Kaperenama. Ka jalo o ba botsa jaana: “Lo ne lo ngangisana ka eng mo tseleng?” (Mareko 9:33) E re ka ba tlhabiwa ke ditlhong ba didimala fela, ka gonne ba ne ba ngangisana ka kgang ya go re ke mang yo mogolo thata mo go bone. Labofelo baaposetoloi bano ba botsa Jesu potso eno e ba sa bolong go ngangisana ka yone: “Tota ke mang yo mogolo thata mo Bogosing jwa magodimo?”—Mathaio 18:1.

Go a gakgamatsa go bo barutwa bano ba ngangisana ka kgang e e ntseng jaana morago ga go fetsa dingwaga di ka nna tharo ba na le Jesu e bile ba utlwa dithuto tsa gagwe. Tota gone, ke batho ba ba nang le boleo. E bile ba goletse mo bodumeding jo bo tseelang go nna le maemo kwa godimo. Mo godimo ga moo, bosheng jaana Petere o sa tswa go utlwa Jesu a mo solofetsa “dilotlolo” dingwe tsa Bogosi. A seno se ka tswa se dira gore a itseye a le botoka mo go ba bangwe? Jakobe le Johane le bone ba ka tswa ba ikutlwa jalo, ka gonne ba bone Jesu a le mo kgalalelong.

Le fa ba ka tswa ba na le mabaka afe, Jesu o tsaya kgato go ba kgalemelela boikutlo jo ba nang le jone. O bitsa ngwana, o mo emisa mo gare ga bone a bo a ba raya a re: “Fa lo sa sokologe lo bo lo nna jaaka bana ba bannye, ga lo kitla lo tsena mo Bogosing jwa magodimo gotlhelele. Ka jalo, mongwe le mongwe yo o ikokobetsang jaaka ngwana yono yo monnye ke ene yo mogolo mo Bogosing jwa magodimo; e bile mongwe le mongwe yo o amogelang ngwana yo monnye yo o tshwanang le yono ka ntlha ya leina la me o amogela le nna.”—Mathaio 18:3-5.

Ruri ono ke mokgwa o o kgatlhang wa go ruta! Jesu ga a galefele barutwa ba gagwe e bile ga a ba bolelele gore ba pelotshetlha kgotsa ba rata maemo. Go na le moo, o dirisa sengwe se se ka ba thusang go lemoga ntlha ya botlhokwa. Bana ba bannye ga ba tshwenyege ka go nna le maemo kgotsa go tuma. Ka jalo, Jesu o bontsha barutwa ba gagwe gore le bone ba tlhoka go iteba ka tsela eo. Go tswa foo, o konela thuto eno e a e rutang balatedi ba gagwe ka mafoko ano: “Ka gonne yo o ikokobeditseng mo go lona lotlhe ke ene yo mogolo.”—Luke 9:48.