Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 67

“Ga go Na Motho Ope yo o Kileng a Bua Jaana”

“Ga go Na Motho Ope yo o Kileng a Bua Jaana”

JOHANE 7:32-52

  • BADIREDI BA ROMILWE GO YA GO TSHWARA JESU

  • NIKODEMO O BUELELA JESU

Jesu o sa ntse a le mo Jerusalema mo Moletlong wa Metlaagana (kgotsa Diobo). O itumelela gore ‘bontsi jwa batho ba dumela mo go ene.’ Le fa go ntse jalo, seo ga se itumedise baeteledipele ba bodumedi. Ba roma badiredi bangwe, ba ba direlang jaaka mapodise a bodumedi, gore ba ye go mo tshwara. (Johane 7:31, 32) Mme Jesu ga a leke go iphitlha.

Go na le moo, o tswelela a ruta phatlalatsa mo Jerusalema, a re: “Ke tla tswelela ke na le lona ka lobakanyana pele ga ke ya kwa go Ene yo o nthomileng. Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo mpona, e bile ga lo ka ke lwa kgona go tla kwa ke leng gone.” (Johane 7:33, 34) Bajuda ga ba tlhaloganye se a se buang, ka jalo ba raana ba re: “Monna yono o ikaeletse go ya kae, kwa re se kitlang re mmona teng? Ga a ikaelele go ya kwa Bajudeng ba ba gasametseng kwa Bagerikeng a bo a ruta Bagerika, gakere? O raya jang fa a re, ‘Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo mpona, e bile ga lo ka ke lwa kgona go tla kwa ke leng gone’?” (Johane 7:35, 36) Tota Jesu o bua ka loso lwa gagwe le go tsosediwa ga gagwe kwa legodimong, mme baba bano ba gagwe ga ba ka ke ba mo latela koo.

Jaanong ke letsatsi la bosupa la moletlo. Mo mosong mongwe le mongwe ka nako ya moletlo ono, moperesiti o ne a gelela metsi kwa Mogobeng wa Siloame a bo a a tshela mo sebesong gore a elelele kwa tlase. Gongwe Jesu a ka tswa a bua mafoko ano e le go gopotsa batho ka tiragalo eno: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle kwa go nna mme a nwe. Dikwalo di bua jaana ka motho yo o dumelang mo go nna: ‘Melatswana ya metsi a botshelo e tla elela e tswa mo tengteng ga gagwe.’”—Johane 7:37, 38.

Jesu o bua ka se se tla diregang fa barutwa ba gagwe ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ba bo ba tlhopiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong. Ba tla tlodiwa morago ga loso lwa ga Jesu. Go simologa ka letsatsi la Pentekosete ya ngwaga o o latelang, metsi ano a botshelo a tla simolola go elela fa barutwa ba ba tloditsweng ka moya ba bolelela batho dithuto tsa boammaaruri.

Bangwe ba tsibogela thuto ya ga Jesu ka go bua jaana: “Ruri yono ke Moporofeti,” gongwe ba bua ka moporofeti yo mogolo go feta Moshe yo go neng ga bolelelwa pele ka ene. Ba bangwe ba re: “Yono ke Keresete.” Mme ba bangwe ga ba dumalane le seo, ba re: “Keresete ga a tswe kwa Galalea, gakere? A lokwalo ga lo re Keresete o tswa mo losikeng lwa ga Dafide le kwa Bethelehema, motsana o Dafide a neng a tswa kwa go one?”—Johane 7:40-42.

Ka jalo, kgang eno e kgaogantse batho. Le fa gone batho bangwe ba batla gore Jesu a tshwarwe, ga go na ope yo o mo tshwarang. Fa badiredi ba boa ba sa tle le Jesu, baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba ba raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo sa tla le ene?” Ba araba ba re: “Ga go na motho ope yo o kileng a bua jaana.” Baeteledipele bano ba bodumedi ba a galefa ba bo ba ba sotla ba re: “Le lona ga lo a tsiediwa, gakere? Ga go na ope wa babusi kgotsa wa Bafarasai yo o dumetseng mo go ene, gakere? Mme batho bano ba bantsintsi ba ba sa itseng Molao wa ga Moshe ba hutsegile.”—Johane 7:45-49.

Fa ba rialo, Nikodemo yo e leng Mofarasai e bile e le leloko la Sanehederine, o buelela Jesu. Dingwaga di ka nna pedi le halofo tse di fetileng, Nikodemo o ne a ya kwa go Jesu go le bosigo a bo a mmolelela gore o dumela mo go ene. Jaanong Nikodemo o ba raya a re: “Go ya ka Molao wa rona, fa re batla go atlhola motho re tshwanetse go mmotsolotsa pele gore re itse gore o dirile eng, a ga go jalo?” Ba iphemela ba reng? Ba mo raya ba re: “A tota le wena ga o tswe kwa Galalea? Batlisisa mme o tla bona gore ga go na moporofeti yo o tla tswang kwa Galalea.”—Johane 7:51, 52.

Dikwalo ga di bolele ka tlhamalalo gore moporofeti o ne a tla tswa kwa Galalea. Mme gone, Lefoko la Modimo le ne la tlhalosa gore Keresete o ne a tla tswa teng; le ne la bolelela pele gore “lesedi le legolo” le ne le tla bonala kwa “Galalea wa ditšhaba.” (Isaia 9:1, 2; Mathaio 4:13-17) Mo godimo ga moo, fela jaaka go ile ga bolelelwa pele, Jesu o ne a tsholelwa kwa Bethelehema, e bile ke setlogolwana sa ga Dafide. Le fa gone Bafarasai ba ka tswa ba itse seno, go bonala e le bone ba ba neng ba anamisa bontsi jwa dikgang tse di seng boammaaruri tse batho ba di dumelang ka Jesu.