Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 76

Jesu O ja Le Mofarasai

Jesu O ja Le Mofarasai

LUKE 11:37-54

  • JESU O KGALA BAFARASAI KA NTLHA YA BOITIMOKANYI JWA BONE

Fa Jesu a le kwa Judea, Mofarasai mongwe o mo laletsa go tla go ja le ene, mme o amogela taletso eo. A ka tswa a laleditswe dijo tsa motshegare. (Luke 11:37, 38; bapisa Luke 14:12.) Bafarasai pele ga ba ja, ba tlhapa diatla go fitlha kwa sekgonong go dumalana le ngwao ya bone. Mme Jesu ene ga a dire jalo. (Mathaio 15:1, 2) O tla bo o sa tlole Molao wa Modimo fa o tlhapa go fitlha fa sekgonong, mme gone ga se se Modimo a laelang gore se dirwe.

Mofarasai yono o gakgamaletse go bo Jesu a sa latele ngwao eno. Jesu o lemoga seo a bo a mo raya a re: “Jaanong lona Bafarasai, lo tshwana le dijana tse di tlhatswitsweng ka fa ntle fela mme mo teng di le leswe. Mo teng ga lona go tletse bopelotshetlha le bosula. Dieleele ke lona! A ene yo o dirileng se re leng sone ka fa ntle, a ga se ene gape yo o dirileng se re leng sone mo teng?”—Luke 11:39, 40.

Bothata fano ga se go tlhapa diatla pele ga o ja, mme ke boitimokanyi jwa bodumedi. Bafarasai le batho ba bangwe ba ba latelang ngwao eno, ba palelwa ke go tlosa bosula jo bo mo dipelong tsa bone. Ka jalo, Jesu o ba kgalemela a re: “Ntshang dimpho tsa kutlwelobotlhoko lo dira jalo ka pelo yotlhe, mme sengwe le sengwe ka ga lona se tla nna phepa.” (Luke 11:41) Se a se buang se boammaaruri. Motho o tshwanetse go aba ka gonne a tlhotlhelediwa ke lorato, e seng ka gonne a eletsa go kgatlha ba bangwe ka go itira e kete o siame.

Ga se gore banna bano ga ba ke ba aba. Jesu o tlhalosa jaana: “Lo ntsha moneelo wa ditlhatshana tsa minte le rue le ditlhatshana tse dingwe, mme lo itlhokomolosa tshiamiso le lorato lwa Modimo! Lo ne lo patelesega go ntsha moneelo, mme gone lo sa tlhokomologe dilo tse dingwe.” (Luke 11:42) Molao wa Modimo o ne o laela gore go ntshiwe ditsabosome tsa dilo tse di jadilweng. (Duteronome 14:22) Dilo tseo di ne di akaretsa minte le rue, e leng ditlhatshana tse di neng di dirisiwa go natefisa dijo. Bafarasai ba ne ba dira bojotlhe go ntsha karolo ya bolesome ya ditlhatshana tseno, mme gone go tweng ka dilo tsa botlhokwa thata tse Molao wa ga Moshe o neng o laela gore di dirwe, tse di jaaka go diragatsa tshiamiso le go nna boingotlo fa pele ga Modimo?—Mika 6:8.

Jesu o tswelela ka go ba raya a re: “Ruri lo tla lebana le ditlamorago tse di botlhoko lona Bafarasai, ka gonne lo rata ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng e bile lo rata go dumedisiwa fa lo le kwa marekisetsong! Ruri lo tla lebana le ditlamorago tse di botlhoko, ka gonne lo tshwana le mabitla a a sa bonaleng sentle, a batho ba tsamayang mo godimo ga one mme ba sa lemoge!” (Luke 11:43, 44) Batho ba ka kgona go gata mabitla ano ba sa a bone ba bo ba itshekologa go ya ka Molao wa ga Moshe. Jesu o dirisa ntlha eno go gatelela gore Bafarasai ba itshekologile, le fa go ntse jalo, seo ga se lemotshege.—Mathaio 23:27.

Monna mongwe yo o itseng Molao wa Modimo thata o a ngongorega a bo a mo raya a re: “Moruti, kana fa o bua dilo tseno, le rona o a re tlhapatsa.” Mme gone, banna bano ba tshwanetse go lemoga gore ba palelwa ke go thusa batho. Jesu o mo raya a re: “Le lona ba lo itseng Molao wa ga Moshe thata lo tla lebana le ditlamorago tse di botlhoko, ka gonne lo rwesa batho merwalo e e bokete, mme lona ga lo batle go kgoma merwalo eo le fa e le ka monwana wa lona! Ruri lo tla lebana le ditlamorago tse di botlhoko, ka gonne lo aga mabitla a baporofeti, mme gone borraalonamogolo e le bone ba ba bolaileng!”—Luke 11:45-47.

Merwalo e Jesu a buang ka yone, ke dingwao tsa bone tse dintsintsi le tsela e Bafarasai ba tlhalosang Molao wa ga Moshe ka yone. Banna bano ba thatafaletsa batho botshelo. Ba pateletsa batho gore ba dire dilo tseno tsotlhe, tse jaanong di fetogileng merwalo e e boima. Borraabonemogolo ba ne ba bolaya baporofeti ba Modimo, go simologa ka Abele. Jaanong ba etsa mekgwa le ditiro tsa borraabonemogolo, le fa gone ba dira gore go lebege e kete ba tlotla baporofeti bao ka go ba agela mabitla. Tota e bile, ba batla go bolaya le Moporofeti yo mogolo wa Modimo. Jesu o tlhalosa gore Modimo o tla dira gore kokomana eno e ikarabelele. Mme seo se ile sa direga dingwaga di ka nna 38 moragonyana, ka 70 C.E.

Jesu o tswelela a re: “Ruri lo tla nna le ditlamorago tse di botlhoko lona ba lo itseng Molao thata, ka gonne lo ne lwa dira gore batho ba se ka ba nna le tshono ya go itse Modimo. Lona ga lo a ka lwa tsena, mme ba ba reng ba a tsena lo a ba thibela!” (Luke 11:52) Banna bano, ba ba ka bong ba tlhalosetsa batho Lefoko la Modimo, ke bone ba ba ba amogang tshono ya go le itse le go le tlhaloganya.

Bafarasai le bakwadi ba tsibogela seo jang? Fa Jesu a re o a tsamaya, ba simolola go mo ganetsa ba galefile e bile ba mmotsa dipotso tse dintsintsi. Ga ba botse ka gonne ba batla go itse. Go na le moo, ba batla go digela Jesu gore a bue sengwe se ba tla mo latofatsang ka sone gore a tshwarwe.