Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 79

Lebaka La go Bo Bajuda ba Tlile Go Senngwa

Lebaka La go Bo Bajuda ba Tlile Go Senngwa

LUKE 13:1-21

  • JESU O DIRISA DITIRAGALO TSE PEDI TSA MASETLAPELO GO RUTA

  • MOSADI YO O GOLAFETSENG O FODISIWA KA SABATA

Jesu o lekile ditsela di le dintsi go kgothaletsa batho go akanya ka botsala jwa bone le Modimo. Fa a sena go bua le batho kwa ntle ga ntlo ya Mofarasai, o bua le batho gape mo lekgetlong lengwe.

Bangwe ba bone ba bua ka masetlapelo a a diragetseng. Ba bua ka “Bagalalea ba [Molaodi wa Roma Ponto] Pilato a neng a ba bolaya fa ba ntse ba ntsha ditlhabelo.” (Luke 13:1) Ba kaya eng?

Gongwe Bagalalea bano ke ba ba neng ba bolawa fa Bajuda ba ne ba le kgatlhanong le kgang ya go bo Pilato a dirisitse madi a a neng a tswa mo letloleng la tempele go aga mosele o o tlisang metsi mo Jerusalema. Pilato a ka tswa a bone madi ao ka go dirisana le balaodi ba tempele. Batho ba ba buang ka masetlapelo ano ba ka tswa ba akanya gore Bagalalea ba diragaletswe ke tiragalo eno ka gonne ba ne ba dira dilo tse di sa siamang. Jesu ga a dumalane le bone.

O ba botsa jaana: “A lo akanya gore Bagalalea bao e ne e le baleofi ba ba bosula go feta Bagalalea ba bangwe botlhe ka gonne ba diragaletswe ke dilo tseo?” Karabo ya gagwe ke nnyaa. Mme o dirisa tiragalo eno go gakolola Bajuda jaana: “Fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tla swa fela jaaka bone.” (Luke 13:2, 3) Morago ga foo, Jesu o bua ka tiragalo e nngwe e e diragetseng bosheng, e e ka tswang e amana le go agiwa ga mosele. O ba botsa jaana:

“A lo akanya gore batho ba ba 18 bale ba tora ya Siloame e neng ya ba wela e bo e ba bolaya, ba ne ba na le molato o mogolo go feta batho ba bangwe botlhe ba ba nnang mo Jerusalema?” (Luke 13:4) Batho bano ba bantsintsi ba ka tswa ba akanya gore batho bao ba sule ka gonne ba le bosula. Jesu ga a dumalane le bone gape. O a itse gore batho “botlhe ba diragalelwa ke dilo tse ba sa di lebelelang ka nako e ba sa e lebelelang,” mme dilo tseo e ka tswa e le tsone tse di bakileng masetlapelo ao. (Moreri 9:11) Mme gone, batho bano ba tshwanetse go ithuta sengwe mo tiragalong eno. Jesu a re: “Fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tla swa fela jaaka bone.” (Luke 13:5) Mme gone, goreng mo lekgetlong leno a gatelela ntlha eno?

Lebaka ke gore o saletswe ke nako e khutshwane ya go dira bodiredi jwa gagwe, ka jalo o tshwantsha kgang eno jaana: “Monna mongwe o ne a jadile setlhare sa mofeige mo tshimong ya gagwe ya morara, mme o ne a tla go batla maungo mo go sone, mme a se ka a a fitlhela. O ne a raya motho yo o tlhokometseng tshimo ya morara a re, ‘Jaanong e setse e le dingwaga di le tharo ke ntse ke tla go batla maungo mo setlhareng seno sa mofeige, mme ga ke fitlhele leungo lepe. Se reme! Ke ka ntlha yang fa se tshwanetse go tswelela se gola mme se sa ntshe maungo?’ Motlhokomedi yoo o ne a mo raya a re, ‘Mong wa me, se tlogele ngwaga o mongwe gape gore ke tle ke epe go se dikologa ke bo ke tshela motshotelo. Fa e le gore se tla ntsha maungo mo nakong e e tlang, go tla bo go siame e bile go le molemo; mme fa se sa ungwe, ke gone o ka laelang gore se remiwe.’”—Luke 13:6-9.

Jesu o feditse dingwaga di ka nna tharo a ntse a leka go thusa Bajuda go nna le tumelo. Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba ba nnileng balatedi ba gagwe, mme batho bano ba ka tsewa e le maungo a tiro ya gagwe. Jaanong mo ngwageng wa bonê wa bodiredi jwa gagwe, o dira ka natla le go feta. Go ntse jaaka e kete o ntse a epa a bo a tsenya motshotelo go dikologa setlhare sa mofeige sa Bajuda ka go rera le go ruta mo Judea le mo Perea. Mme seo se nna le diphelelo dife? Ke Bajuda ba le mmalwa fela ba ba kgatlhegang. Ka kakaretso, setšhaba seno se gana go reetsa le go ikwatlhaya, ka jalo se tshwanelwa ke go senngwa.

Kgang ya gore batho ba le bantsi ga ba kgatlhege, e bonala gape moragonyana ka Sabata. Jesu o ruta mo sinagogeng. O bona mosadi yo o obegileng thata e bile a feditse dingwaga di le 18 a sa kgone go inamologa ka gonne a na le ledimona. O ne a mo utlwela botlhoko a bo a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo bolwetseng jwa gago.” (Luke 13:12) Jesu o mmaya diatla, mme ka bonako fela o a inamologa a bo a simolola go baka Modimo.

Seo se galefisa modiredi yo o okametseng sinagoge a bo a re: “Tiro e tshwanetse go dirwa mo malatsing a le marataro fela; ka jalo, lo tle go fodisiwa mo malatsing ao, e seng ka letsatsi la Sabata.” (Luke 13:14) Modiredi yono ga a gane gore Jesu o na le maatla a go fodisa, go na le moo o kgala batho ka gonne ba tla go fodisiwa ka Sabata. Jesu o araba ka tsela e e utlwalang a re: “Baitimokanyi ke lona, a mongwe le mongwe wa lona ga a ke a golola poo ya gagwe kgotsa tonki ya gagwe mo lesakeng ka Sabata a bo a ya go e nosa? A jaanong mosadi yono, yo e leng morwadia Aborahame le yo Satane a neng a mmofile dingwaga di le 18, ga a tshwanela go gololwa mo bokgobeng jono ka letsatsi la Sabata?”—Luke 13:15, 16.

Baganetsi bao ba tlhabiwa ke ditlhong, mme batho bone ba itumelela go bona dikgakgamatso tse Jesu a di dirang. Fa Jesu a le mo Judea o boeletsa ditshwantsho tse pedi tse di buang ka Bogosi, tse pelenyana a neng a buile ka tsone fa a ne a le mo mokorong kwa Lewatleng la Galalea.—Mathaio 13:31-33; Luke 13:18-21.