Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 80

Modisa yo o Molemo le Masaka a Dinku

Modisa yo o Molemo le Masaka a Dinku

JOHANE 10:1-21

  • JESU O BUA KA MODISA YO O MOLEMO LE KA MASAKA A DINKU

Fa Jesu a ntse a ruta mo Judea, o bua ka sengwe gape se bareetsi ba gagwe ba ka se tlhaloganyang motlhofo—dinku le masaka. Mme gone, o bua ka tsone ka tsela ya tshwantshetso. Bajuda ba ka tswa ba gopola mafoko ano a ga Dafide: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga nkitla ke tlhoka sepe. O dira gore ke rapame mo mafulong a a tletseng bojang.” (Pesalema 23:1, 2) Mo pesalemeng e nngwe, Dafide o ne a raya setšhaba seno a re: “A re khubameng fa pele ga ga Jehofa, Modiri wa rona. Gonne ke Modimo wa rona, mme re batho ba a ba disang.” (Pesalema 95:6, 7) Baiseraele ba ne ba sa bolo go tshwantshiwa le letsomane la dinku.

“Dinku” tseno di ne di le mo teng ga “lesaka” ka gonne di ne di tsalelwa mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe. Molao ono o ne o ntse jaaka lobota, lo lo neng lo ba kgaoganya le batho ba ba neng ba sa laolwe ke molao oo, gore ditiro tse di maswe tsa batho bao di se ka tsa ba kgotlela. Le fa go ntse jalo, Baiseraele bangwe ba ne ba sa tshware letsomane la Modimo sentle. Jesu o ba raya a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, motho yo o sa tseneng mo lesakeng la dinku ka kgoro, go na le moo a tlolela mo go lone, motho yoo ke legodu e bile ke senokwane. Mme motho yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku.”—Johane 10:1, 2.

Batho bano ba ka tswa ba akanya ka banna bangwe ba ba neng ba ipolela gore ke bone Mesia kgotsa Keresete. Banna bano ba tshwana le magodu le dinokwane. Batho ga ba a tshwanela go latela batsietsi bao. Go na le moo, ba tshwanetse go latela “modisa wa dinku,” yo Jesu a buang ka ene a re:

“Molebedi wa kgoro o a mmulela, e bile dinku di reetsa lentswe la gagwe. O bitsa dinku tsa gagwe ka maina a bo a di ntshetsa kwa ntle. Fa a sena go di ntshetsa tsotlhe kwa ntle, o tsamaya kwa pele ga tsone, mme dinku di mo sala morago, ka gonne di itse lentswe la gagwe. Ga di ka ke tsa sala motho yo di sa mo itseng morago, go na le moo di tla mo tshaba, ka gonne ga di itse lentswe la motho yoo.”—Johane 10:3-5.

Pelenyana ga foo Johane Mokolobetsi, yo o neng a ntse jaaka molebedi wa kgoro, o ile a tlhalosa gore Jesu ke ene yo dinku tseo tsa tshwantshetso tse di laolwang ke Molao wa ga Moshe di tshwanetseng go mo latela. Mme dinku tse dingwe, tse di kwa Galalea le tse di mo Judea, di kgonne go lemoga lentswe la ga Jesu. O ‘di ntshetsa kwa ntle’ gore di ye kae? Mme go tla felela ka eng fa di mo sala morago? Bangwe ba batho ba ba utlwang setshwantsho seno ba ka tswa ba ipotsa dipotso, ka gonne ‘ga ba tlhaloganye se a se ba bolelelang.’—Johane 10:6

Jesu o ba tlhalosetsa jaana: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, ke nna kgoro ya dinku. Botlhe ba ba neng ba tla ba bo ba itira e kete ke nna, ke magodu e bile ke dinokwane; mme dinku ga di a ba reetsa. Ke nna kgoro; ope fela yo o tsenang ka nna o tla bolokwa, mme o tla tsena a bo a tswa e bile o tla bona mafulo.”—Johane 10:7-9.

Go bonala sentle gore Jesu o bua ka sengwe se sesha. Bareetsi ba gagwe ba a itse gore ga se ene kgoro ya kgolagano ya Molao wa ga Moshe, ka gonne molao oo o ne o ntse o le teng dingwaga di le dintsi pele ga a tla mo lefatsheng. Ka jalo, o tshwanetse a bo a raya gore dinku tse a ‘di ntshetsang kwa ntle’ di tla tsena mo lesakeng le lengwe la dinku. Seno se tla felela ka eng?

Jesu o tlhalosa mo go oketsegileng ka seabe se a nang le sone a re: “Nna ke tletse gore batho ba tle ba nne le botshelo mme ba tshelele ruri. Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o ntsha botshelo jwa gagwe mo boemong jwa dinku tsa gagwe.” (Johane 10:10, 11) Pelenyana ga foo, Jesu o ne a ile a kgothatsa barutwa ba gagwe ka go ba raya a re: “Letsomanyane, se boifeng, ka gonne Rraalona o itumeletse go lo naya Bogosi.” (Luke 12:32) Batho bano ba e leng “letsomanyane” ke bone ba Jesu a tla ba tsenyang mo lesakeng le lesha la dinku, e le gore ba tle “ba nne le botshelo mme ba tshelele ruri.” Ruri ke tshiamelo go nna karolo ya letsomanyane leo!

Le fa go ntse jalo, Jesu ga a felele foo. O bua jaana: “Ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno; le tsone ke tshwanetse go di tlisa, mme di tla reetsa lentswe la me. Di tla nna letsomane le le lengwe e bile di tla nna le modisa a le mongwe.” (Johane 10:16) “Dinku tse dingwe” tse a buang ka tsone ga se karolo ya “lesaka leno.” Ka jalo, di tshwanetse tsa bo e le tsa lesaka le lengwe, di farologane le “letsomanyane” le le tla ruang Bogosi. Dinku tseno tse di mo masakeng a mabedi, di na le ditsholofelo tse di sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, di tla solegelwa molemo ke seabe se Jesu a nang le sone. A re: “Ke gone ka moo Rara a nthatang, ka gonne ke ntsha botshelo jwa me.”—Johane 10:17.

Ba le bantsi mo boidiiding joo ba re: “O na le ledimona e bile o a tsenwa.” Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba bontsha gore ba kgatlhegela se ba se utlwang le gore ba ikemiseditse go latela Modisa yono yo o Molemo. Ba re: “Motho yo o nang le madimona ga a ka ke a bua jaana. A ledimona le ka dira gore batho ba ba foufetseng ba kgone go bona?” (Johane 10:20, 21) Ga go pelaelo gore ba bua ka se Jesu a neng a se dira pelenyana fa a ne a fodisa monna yoo tshotsweng a foufetse.