Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 81

Jesu o Seoposengwe le Rraagwe

Jesu o Seoposengwe le Rraagwe

JOHANE 10:22-42

  • “NNA LE RARA RE SEOPOSENGWE”

  • JESU O GANETSA DITATOFATSA TSA GORE O ITIRA MODIMO

Jesu o tlile mo Jerusalema mo Moletlong wa go Neela (kgotsa, Hanukkah). Moletlo ono ke wa go ikgopotsa nako ya fa go ne go neelwa tempele gape. Dingwaga di le lekgolo pele ga moo, Kgosi Antiochus IV Epiphanes wa Siria, o ile a aga sebeso mo godimo ga sebeso se se neng se le kwa tempeleng ya Modimo. Moragonyana barwa ba moperesiti mongwe wa Mojuda ba ne ba gapa Jerusalema gape ba bo ba neela Jehofa tempele eo gape. Go tloga ka nako eo, ngwaga le ngwaga moletlo ono o tshwarwa ka di 25 tsa Kiselefe, e leng kgwedi e e tsamaisanang le mafelelo a kgwedi ya November go fitlha kwa masimologong a kgwedi ya December.

Ke paka ya mariga, paka e go leng tsididi thata. Jesu o tsamaya mo tempeleng mo karolong e e bidiwang mathudi a ga Solomone. Fa a le foo, Bajuda ba a mo kokoanela ba bo ba mo raya ba re: “O tlile go re bolelela boammaaruri leng gore a o Keresete kgotsa nnyaa? Fa e le gore o Keresete, re bolelele ka tlhamalalo.” (Johane 10:22-24) O tla ba araba a reng? O ba araba jaana: “Ke lo boleletse mme ga lo dumele.” Jesu ga a ise a ba bolelele ka tlhamalalo gore ke ene Keresete, jaaka a ile a bolelela mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng. (Johane 4:25, 26) Le fa go ntse jalo, o setse a ba boleletse gore ke mang ka go ba raya a re: “Pele ga Aborahame a nna gone, ke ne ke ntse ke le gone.”—Johane 8:58.

Jesu o batla gore batho ba itirele tshwetso ya gore ke ene Keresete ka go bapisa ditiro tsa gagwe le se go neng ga bolelelwa pele gore Keresete o tla se dira. Ke gone ka moo ka dinako dingwe a neng a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba bolelela batho gore ke ene Mesia. Mme jaanong o bolelela Bajuda bano ba ba bosula ka tlhamalalo a re: “Ditiro tse ke di dirang ka leina la ga Rre, di bontsha gore ke mang. Mme ga lo dumele.”—Johane 10:25, 26.

Ke eng fa ba sa dumele gore Jesu ke Keresete? O ba raya a re: “Ga lo dumele, ka gonne ga lo dinku tsa me. Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse, e bile di ntshala morago. Ke tla di naya botshelo jo bo sa khutleng, mme ga di kitla di senngwa le ka motlha, e bile ga go na ope yo o tla di phamolang mo seatleng sa me. Dinku tse Rre a di nneileng di botlhokwa thata go feta dilo tse dingwe tsotlhe.” Go tswa foo, o ba bolelela gore o atamalane thata le Rraagwe ka go ba raya a re: “Nna le Rara re seoposengwe.” (Johane 10:26-30) Le fa gone Jesu a le mo lefatsheng mme Rraagwe a le kwa legodimong, ba dirisana mmogo e bile ba na le boikaelelo bo le bongwe.

Mafoko ano a ga Jesu a galefisa Bajuda, ka jalo ba sela maje gore ba mo kgobotletse ka one. Mme gone seno ga se tshose Jesu. O ba raya a re: “Ke lo bontshitse ditiro di le dintsi tse di molemo tse Rara a ntaetseng gore ke di dire. Ke tiro efe mo go tsone e lo batlang go nkgobotletsa ka ntlha ya yone?” Ba mo raya ba re: “Ga re go kgobotletse ka ntlha ya tiro e e molemo mme re go kgobotletsa ka ntlha ya go bo o tlhapatsa; ka gonne . . . o itira modimo.” (Johane 10:31-33) Jesu ga a ise a ko a re ke Modimo, jaanong goreng ba mo latofatsa?

Jesu a re o na le maatla a Bajuda ba dumelang gore Modimo ke ene fela a nang le one. Ka sekai, o ne a bua ka “dinku” a re: “Ke tla di naya botshelo jo bo sa khutleng,” e leng selo se motho ope a ka se kgoneng go se dira. (Johane 10:28) Bajuda ba itlhokomolosa kgang ya gore Jesu o buile phatlalatsa gore o neilwe maatla ke Rraagwe.

Jesu o ganetsa ditatofatso tsa bone ka go ba botsa jaana: “A mo Molaong wa lona [mo go Pesalema 82:6] ga go a kwalwa go twe, ‘Ke ne ka re: “Lo medimo”’? . . . Fa e le gore Modimo o ne a bitsa batho ba ba atlholwang ke lefoko la gagwe a re ke ‘medimo,’ a go siame gore lo reye nna yo Rara a mo itshepisitseng a bo a mo romela mo lefatsheng lo re, ‘O a tlhapatsa,’ ka gonne ke ne ka re, ‘Ke Morwa Modimo’?”—Johane 10:34-36.

Tota Dikwalo di bitsa baatlhodi ba ba se nang tshiamiso “medimo.” Goreng Bajuda bano ba latofatsa Jesu fa a re “Ke Morwa Modimo”? O bua sengwe se se tshwanetseng go ba tlhatswa pelo a re: “Fa e le gore ga ke dire ditiro tse Rre a ntaetseng gore ke di dire, lo se ka lwa ntumela. Mme fa e le gore ke a di dira, le fa gone lo sa ntumele, dumelang ditiro tse ke di dirang, gore lo tle lo itse lo bo lo tswelele lo dumela gore Rara o seoposengwe le nna, le nna ke seoposengwe le Rara.”—Johane 10:37, 38.

Bajuda ba tsibogela seo ka go batla go tshwara Jesu, le fa go ntse jalo o falola mo go bone gape. O tswa mo Jerusalema a bo a ya ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ya Joredane kwa lefelong le Johane a neng a kolobetsa kwa go lone dingwaga di ka nna nnê tse di fetileng. Go bonala lefelo leno le se kgakala le karolo e e kwa borwa jwa Lewatle la Galalea.

Batho ba le bantsi ba tla kwa go Jesu ba bo ba re: “Johane ga a ka a dira kgakgamatso epe, mme dilo tsotlhe tse Johane a neng a di bua ka monna yono di boammaaruri.” (Johane 10:41) Ka jalo, Bajuda ba le bantsi ba dumela mo go Jesu.