Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 82

Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Perea

Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Perea

LUKE 13:22–14:6

  • GO LEKA KA NATLA GO TSENA KA KGORO E TSHESANE

  • JESU O TSHWANETSE GO SWELA KWA JERUSALEMA

Jesu o ntse a ruta batho e bile a ba fodisa mo Judea le mo Jerusalema. Go tswa foo, o kgabaganya Noka ya Joredane o ya go ruta kwa metseng e e mo kgaolong ya Perea. Mme go ise go ye kae o tla boela mo Jerusalema.

Fa Jesu a ntse a le kwa Perea, monna mongwe o mmotsa jaana: “Morena, a ke boammaaruri gore go tla bolokwa batho ba le mmalwa fela?” Monna yono a ka tswa a itse gore baeteledipele ba bodumedi ga ba dumalane ka kgang ya gore go tla bolokwa batho ba le bantsi kgotsa ba le mmalwa fela. Go na le gore Jesu a bue ka gore go tla bolokwa batho ba le kae, o bua ka se motho a tshwanetseng go se dira gore a bolokwe. A re: “Lekang ka natla go tsena ka kgoro e tshesane.” Motho o tlhoka go tsaya matsapa, a kgaratlhe. Goreng? Jesu o tlhalosa jaana: “Ke a lo bolelela, batho ba le bantsi ba tla batla go tsena mme ga ba kitla ba kgona.”—Luke 13:23, 24.

Jesu o tlhalosa ntlha eno ya go iteka ka natla ka go bua setshwantsho seno: “Fa mong wa ntlo a ema a bo a lotlela lebati, lo tla ema kwa ntle lo bo lo kokota fa lebating, lo re, ‘Morena, re bulele.’ . . . Le fa go ntse jalo, o tla lo raya a re, ‘Ga ke itse gore lo tswa kae. Tswang fa go nna, badirabosula ke lona!’”—Luke 13:25-27.

Seno se tlhalosa boemo jo bo tlhomolang pelo jo motho yo o tlang morago ga nako, kgotsa yo o tlang ka nako e a akanyang gore e mo siametse, a ka iphitlhelang a le mo go jone fa a fitlhela lebati le tswetswe e bile le lotletswe. O ne a tshwanetse go tla ka nako, le fa a ka tswa a ne a akanya gore nako eo ga e a mo siamela. Go ntse jalo le ka batho ba le bantsi ba ba ka bong ba solegetswe molemo ke go bo Jesu a ba ruta. Ba paletswe ke go dirisa tshono ya go dira gore kobamelo ya boammaaruri e tle pele mo matshelong a bone. Bontsi jwa batho ba Jesu a neng a rometswe kwa go bone, ga ba a ka ba amogela thulaganyo e Modimo a neng a tla e dirisa go ba boloka. Jesu a re ba tla ‘bokolela ba bo ba phuranya meno a bone’ fa ba latlhelwa kwa ntle. Le fa go ntse jalo, ‘batho ba ba tswang kwa botlhaba le kwa bophirima, le kwa bokone le kwa borwa,’ e leng ba ditšhaba tsotlhe, “ba tla nna fa tafoleng mo Bogosing Jwa Modimo.”—Luke 13:28, 29.

Jesu o tlhalosa jaana: “Mme go na le ba bofelo [ba ba jaaka batho ba e seng Bajuda le Bajuda ba ba gateletsweng] ba e tla nnang ba ntlha, e bile go na le ba ntlha [Bajuda ba ba itseelang kwa godimo ba ba ipelafatsang ka gore ke ditlogolwana tsa ga Aborahame] ba e tla nnang ba bofelo.” (Luke 13:30) Kgang ya gore batho bano ba ba sa lebogeng e tla nna bone ba “bofelo,” e raya gore ga ba kitla ba tsena mo Bogosing Jwa Modimo gotlhelele.

Bangwe ba Bafarasai ba tla kwa go Jesu ba bo ba mo raya ba re: “Tswa fano o tsamaye, ka gonne Herode [Antipase] o batla go go bolaya.” Gongwe Kgosi Herode e ka tswa e le ene a simolotseng magatwe ao ka boikaelelo jwa gore Jesu a tshabe mo kgaolong ya bone. Herode a ka tswa a tshaba gore o tla nna le seabe mo losong lwa moporofeti yo mongwe, fela jaaka a ile a nna le seabe mo go bolaweng ga ga Johane Mokolobetsi. Mme Jesu o raya Bafarasai bano a re: “Tsamayang lo ye go bolelela phokoje eo lo re, ‘Gompieno le kamoso ke leleka madimona mo bathong e bile ke a ba fodisa, mme mo letsatsing la boraro ke tla bo ke feditse.’” (Luke 13:31, 32) Jesu a ka tswa a bitsa Herode a re “phokoje,” a akantse kafa bophokoje ba kgonang go nna boferefere ka gone. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a kitla a letla Herode kgotsa motho ope a mo laola kgotsa a mo tlhotlheletsa go dira tiro ya gagwe ka lepotlapotla. O tlile go dira tiro e Rraagwe a mo abetseng yone go ya kafa Rraagwe a batlang ka gone e seng go ya kafa batho ba batlang ka gone.

Jesu o tswelela ka loeto lwa gagwe o ya Jerusalema, ka gonne fela jaaka a ile a tlhalosa, “go ka se kgonege gore moporofeti a bolaelwe kwa ntle ga Jerusalema.” (Luke 13:33) Ga go na boporofeti bope mo Baebeleng jo bo ileng jwa bolelela pele gore Mesia o tshwanetse go bolaelwa kwa motseng oo, jaanong ke eng fa Jesu a re o tshwanetse go bolaelwa teng? Ka gonne Jerusalema ke yone motsemogolo, ke gone kwa kgotlakgolo ya Sanehederine e e nang le maloko a le 71 e leng gone, le kwa batho ba ba latofadiwang ka gore ke baporofeti ba maaka ba sekisediwang teng. Mo godimo ga moo, ke gone kwa ditlhabelo tsa diphologolo di ntshediwang gone. Ka jalo, Jesu o a lemoga gore go ka se kgonege gore a bolaelwe kwa lefelong le sele.

Jesu o goa a re: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, wena yo o neng wa bolaya baporofeti wa bo wa kgobotletsa ba ba rometsweng kwa go wena ka maje, ke gantsi tota ke batla go phutha bana ba gago mmogo jaaka koko e namagadi e phuthela dikokwana tsa yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa gana. Bonang, Modimo o tla tlogela tempele eno.” (Luke 13:34, 35) Setšhaba seno se gana Morwa Modimo mme se tshwanetse go lebana le ditlamorago tsa go dira jalo!

Pele ga Jesu a goroga mo Jerusalema, moeteledipele wa Bafarasai o mo laletsa go tla go ja dijo kwa ntlong ya gagwe ka Sabata. Batho ba ba laleditsweng ba lebile Jesu ka kelotlhoko, ba batla go bona gore o tla dira eng ka monna mongwe yo o leng foo, yo o nang le bolwetse jwa dropsy (bolwetse jono bo dira gore maoto a gagwe le dinao di tlale metsi). Jesu o botsa Bafarasai le batho ba ba itseng Molao wa ga Moshe thata a re: “A go ka fa molaong go fodisa ka Sabata kgotsa nnyaa?”—Luke 14:3.

Ba didimala fela. Jesu o fodisa monna yono go tswa foo a bo a ba botsa jaana: “Ke mang mo go lona, yo e ka reng fa morwawe kgotsa poo ya gagwe e wela mo sedibeng, a ka se kang a mo ntsha ka yone nako eo ka letsatsi la Sabata?” (Luke 14:5) Le mo lekgetlong leno ba didimala fela ka gonne se a se buang se a utlwala.