Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 83

Modimo o Laletsa Bomang go Tla Dijong?

Modimo o Laletsa Bomang go Tla Dijong?

LUKE 14:7-24

  • THUTO KA GO NNA BOIKOKOBETSO

  • BATHO BA BA LALEDITSWENG BA DIRA DIIPATO

Jesu o sa ntse a le kwa ntlong ya Mofarasai fa a sena go fodisa monna mongwe yo o nang le bolwetse jwa dropsy. Jesu o etse tlhoko gore balalediwa ba bangwe ba tlhopha manno a a kgethegileng thata, mme o dirisa tiragalo eo e le tshono ya go ba ruta thuto ka go nna boikokobetso.

O ba raya a re: “Fa mongwe a go laleditse kwa moketeng wa lenyalo, o se ka wa nna mo mannong a a kgethegileng thata. Gongwe mongwe yo o tlotlegang go go feta, le ene a ka tswa a laleditswe. Foo yo o lo laleditseng o tla tla a bo a go raya a re, ‘Sutela monna yono a nne fano.’ Ka nako eo o tla ema o tlhabilwe ke ditlhong o ya go nna kwa mannong a a kwa moragorago.”—Luke 14:8, 9.

Go tswa foo a re: “Mme fa o laleditswe, tsamaya o ye go nna mo mannong a a kwa moragorago, gore fa motho yo o go laleditseng a tla, a go reye a re, ‘Tsala, tla o nne mo mannong ano a a kgethegileng thata.’ Foo batho ba bangwe botlhe ba ba laleditsweng ba tla go tlotla.” Go dira jalo ga se fela go nna le mekgwa e mentle. Jesu o tlhalosa jaana: “Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme ope fela yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Luke 14:10, 11) Tota o kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba lwele go nna boikokobetso.

Go tswa foo Jesu o bontsha Mofarasai yo a mo laleditseng thuto e nngwe ya botlhokwa. O mo tlhalosetsa gore ke bomang ba a tshwanetseng go ba laletsa fa e le gore o batla go itumedisa Modimo. O mo raya a re: “Fa o laletsa batho go tla dijong tsa motshegare kgotsa tsa maitseboa, o se ka wa bitsa ditsala tsa gago kgotsa bomorwarrago kgotsa ba losika lwa gago kgotsa baagelani ba gago ba ba humileng. Fa o dira jalo, gongwe le bone ba ka nna ba go laletsa, mme jaanong ba tla bo ba go duela. Mme fa o dira moletlo, o laletse bahumanegi, batho ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang le ba ba foufetseng; mme o tla itumela, ka gonne ga ba na sepe se ba ka go duelang ka sone.”—Luke 14:12-14.

Go tlwaelegile gore motho a laletse ditsala, masika kgotsa baagelani ba gagwe go tla go ja dijo le ene, mme Jesu ga a reye gore go dira jalo go phoso. Le fa go ntse jalo, o gatelela kgang ya gore go laletsa batho ba ba tlhokang thuso ba ba jaaka bahumanegi, ba ba golafetseng kgotsa ba ba foufetseng, go ka tlisetsa motho masego a le mantsi. O tlhalosetsa Mofarasai yoo jaana: “Gonne o tla duelwa fa basiami ba tsosiwa mo baswing.” Motho yo mongwe yo o laleditsweng o dumalana le ene, a bo a re: “Go itumela motho yo o jang mo Bogosing Jwa Modimo.” (Luke 14:15) Motho yono o lemoga gore seno e tla bo e le tshiamelo e kgolo. Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba lemogang seo, fela jaaka Jesu a tswelela a tlhalosa a re:

“Monna mongwe o ne a dira moletlo o mogolo wa dijo tsa maitseboa, mme o ne a laletsa batho ba le bantsi. O ne a roma motlhanka wa gagwe . . . gore a ye go raya ba ba laleditsweng a re, ‘Tlang, ka gonne sengwe le sengwe se siame.’ Le fa go ntse jalo, botlhe ba ne ba simolola go dira diipato. Wa ntlha o ne a mo raya a re, ‘Ke rekile tshimo mme ke batla go ya go e bona; ke kopa gore o ntetle ke tsamaye.’ Mme yo mongwe o ne a re, ‘Ke rekile dikgomo di le lesome mme ke ya go di tlhatlhoba; ke kopa gore o ntetle ke tsamaye.’ Yo mongwe gape o ne a re, ‘Ke sa tswa go nyala, ka jalo nka se kgone go tla.’”—Luke 14:16-20.

Ruri ao ke mabaka a a sa utlwaleng! Gantsi motho o sekaseka tshimo kgotsa dikgomo pele ga a di reka, ka jalo ga se selo se se potlakileng gore a di sekaseke fa a sena go di reka. Monna wa boraro ene ga se gore o ipaakanyetsa go nyala. O setse a nyetse, ka jalo seo ga se a tshwanela go mo thibela go amogela taletso eo e e botlhokwa. Fa motho yo o ba laleditseng a utlwa diipato tsa bone, o a galefa a bo a raya motlhanka wa gagwe a re:

“Itlhaganele mme o ye kwa ditseleng tse dikgolo le kwa mebileng ya motse, mme o tle le bahumanegi le batho ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang le ba ba foufetseng.” Fa motlhanka a sena go dira jalo, go sa ntse go na le manno a a se nang batho. Foo monna yono o raya motlhanka a re: “Ya kwa ditseleng tse dingwe tsa motse, mme o ba pateletse go tla, gore ntlo ya me e tle e tlale. Gonne ke a lo bolelela, ga go na ope wa banna bao ba ba neng ba laleditswe yo o tla jang dijo tsa me tsa maitseboa.”—Luke 14:21-24.

Se Jesu a sa tswang go se tlhalosa, se tshwana le se Jehofa Modimo a se dirileng. O ne a laela Jesu Keresete gore a laletse batho gore ba ipaakanyetse go nna karolo ya Bogosi jwa magodimo. Batho ba ntlha go lalediwa e ne e le Bajuda, segolobogolo baeteledipele ba bodumedi. Bontsi jwa bone ba ne ba gana taletso eo ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu. Mme gone, ga se bone fela ba ba neng ba tla lalediwa. Jesu o bontsha sentle gore mo nakong e e tlang, taletso ya bobedi e ne e tla akaretsa Bajuda ba maemo a a kwa tlase le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng. Morago ga moo, go ne go tla nna le taletso ya boraro e bile e le ya bofelo, e e neng e tla akaretsa batho ba Bajuda ba neng ba ba tsaya e le ba Modimo a sa ba amogeleng.—Ditiro 10:28-48.

Se Jesu a se buang se gatelela boammaaruri jwa mafoko ano a molalediwa mongwe a neng a a bua: “Go itumela motho yo o jang mo Bogosing Jwa Modimo.”