Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 85

Go Itumelela Moleofi yo o Ikwatlhayang

Go Itumelela Moleofi yo o Ikwatlhayang

LUKE 15:1-10

  • SETSHWANTSHO SA NKU E E LATLHEGILENG LE SA LEDI LE LE LATLHEGILENG

  • BAENGELE KWA LEGODIMONG BA A ITUMELA

Fa Jesu a ntse a dira bodiredi jwa gagwe, o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna boikokobetso. (Luke 14:8-11) O ikemiseditse go batla banna le basadi ba ba tla direlang Modimo ba le boikokobetso. Mme go tla go fitlha jaanong, bangwe ba bone ba ka tswa ba sa ntse ba itsege e le baleofi.

Bafarasai le bakwadi ba lemoga gore batho bano, ba go ya ka bone ba sa tshwanelegeng, ba kgatlhegela Jesu le molaetsa wa gagwe. Ba ngongorega ba re: “Monna yono o amogela baleofi e bile o ja le bone.” (Luke 15:2) Bafarasai le bakwadi ba itseela kwa godimo thata mme ba lebela batho ba bangwe kwa tlase. Baeteledipele bano ba bontsha tsela e ba nyatsang batho ba maemo a a kwa tlase ka yone ka go ba bitsa ʽam ha·ʼaʹrets, e leng polelwana ya Sehebera e e kayang “batho ba naga [lefatshe]”.

Go farologana le baeteledipele bano, Jesu ene o tshwara batho botlhe ka seriti, o dirisana le bone a le bonolo e bile a le pelotlhomogi. Bontsi jwa batho ba maemo a a kwa tlase, go akaretsa le bangwe ba ba itsegeng e le baleofi, ba iketleeleditse go reetsa Jesu. Mme gone, Jesu o ikutlwa jang e bile o tsiboga jang fa batho ba mo kgala ka gonne a thusa batho ba maemo a a kwa tlase?

Karabo ya potso eno e bonala sentle fa a dira setshwantsho se se tshwanang le se a ileng a se dira kwa Kaperenama. (Mathaio 18:12-14) Jesu o tlhalosa dilo jaaka e kete Bafarasai ba siame e bile ba sireletsegile mo lesakeng la Modimo. Mme o tlhalosa batho ba maemo a a kwa tlase e le bone ba ba fapogileng e bile ba latlhegile. A re:

“Ke monna ofe mo go lona yo o nang le dinku di le 100, yo e ka reng fa e le nngwe ya tsone e latlhega, a ka se kang a tlogela di le 99 kwa nageng a bo a ya go batla e e latlhegileng go fitlha a e bona? Mme fa a e bona, o e pega mo magetleng a gagwe a bo a itumela. Fa a fitlha kwa gae, o phutha ditsala tsa gagwe le baagelani ba gagwe a bo a ba raya a re, ‘Itumeleng le nna, ka gonne ke bone nku ya me e e neng e latlhegile.’”—Luke 15:4-6.

Ke eng se Jesu a batlang go se tlhalosa ka setshwatsho seno? A re: “Ke a lo bolelela, ka tsela e e tshwanang go tla nna le boitumelo jo bogolo kwa legodimong fa moleofi a le mongwe a ikwatlhaya go na le jo bo nnang gone ka ntlha ya basiami ba le 99 ba ba sa tlhokeng go ikwatlhaya.”—Luke 15:7.

Bafarasai bano ba tshwanetse go tlhabega fa Jesu a umaka kgang ya go ikwatlhaya. Ba itsaya ba siame e bile ba akanya gore ga ba tlhoke go ikwatlhaya. Fa bangwe ba bone ba ne ba kgala Jesu dingwaga di le mmalwa tse di fetileng ka gonne a ne a ja le bakgethisi le baleofi, o ne a ba raya a re: “Ke tletse go bitsa baleofi, e seng batho ba ba siameng.” (Mareko 2:15-17) Bafarasai bano ba ba itsayang ba siame, ga ba lemoge gore ba tlhoka go ikwatlhaya, ka jalo ga ba dire gore go nne le boitumelo kwa legodimong. Fa baleofi bone ba ikwatlhaya, go nna le boitumelo kwa legodimong.

Jesu o gatelela ntlha ya gore go nna le boitumelo jo bogolo kwa legodimong ka go dira setshwantsho se sengwe, a re: “Ke mosadi ofe yo o nang le madi a tshipi a derakema a le lesome, yo e ka reng fa a latlhegelwa ke derakema e le nngwe, a ka se kang a tshuba lobone mme a feela ntlo ya gagwe a bo a e batla ka kelotlhoko go fitlha a e bona? Mme fa a sena go e bona, o phutha ditsala tsa gagwe le baagelani ba gagwe a bo a re, ‘Itumeleng le nna, ka gonne ke bone ledi la me la derakema le le neng le latlhegile.’”—Luke 15:8, 9.

Ntlha e Jesu a e gatelelang e tshwana le e a ileng a e gatelela fa a sena go dira setshwantsho sa nku e e latlhegileng. Jaanong a re: “Ka tsela e e tshwanang baengele ba Modimo ba a itumela fa moleofi a le mongwe a ikwatlhaya.”—Luke 15:10.

Ako o akanye fela! Baengele ba Modimo ba kgatlhegela thata go bona baleofi ba ikwatlhaya. Seno se a kgatlha ka gonne baleofi ba ba ikwatlhayang ba bo ba nna le manno mo Bogosing Jwa Modimo, ba tlile go nna le maemo a a kwa godimo ga a baengele! (1 Bakorintha 6:2, 3) Le fa go ntse jalo, baengele ga ba ba fufegele. Rona re tshwanetse go ikutlwa jang fa moleofi a boela kwa Modimong ka gonne a ikwatlhaya go tswa pelong?