Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 89

Jesu o Rera mo Perea Fa a Ya Kwa Judea

Jesu o Rera mo Perea Fa a Ya Kwa Judea

LUKE 17:1-10 JOHANE 11:1-16

  • GO KGOPISA BA BANGWE KE SELO SE SE MASISI

  • GO ITSHWARELA LE GO NNA LE TUMELO

Jesu o feditse nakonyana a le “ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane” kwa Perea. (Johane 10:40) Jaanong o ya kwa borwa kwa Jerusalema.

Jesu ga a tsamaye a le nosi. Barutwa ba gagwe ba tsamaya le ene, mmogo le ‘batho ba bangwe ba bantsintsi,’ go akaretsa le bakgethisi le baleofi. (Luke 14:25; 15:1) Bafarasai le bakwadi le bone ba teng. Go na le dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go akanya ka tsone morago ga go utlwa Jesu a dira setshwantsho sa nku e e latlhegileng, sa morwa yo o latlhegileng le sa monna wa mohumi le Lasaro.—Luke 15:2; 16:14.

Jaanong Jesu o bua le barutwa ba gagwe, gongwe a akantse ka baganetsi ba gagwe ba ba ntseng ba mo kgala e bile ba mo tshega ka tshotlo. O bua dintlha dingwe tse a ileng a ba ruta tsone pelenyana kwa Galalea.

Ka sekai, Jesu a re: “Dilo tse di dirang gore batho ba kgopiwe di tla nna di le gone. Le fa go ntse jalo, motho yo di tlang ka ene o tla atlholwa botlhoko! . . . Ikeleng tlhoko. Fa mokaulengwe wa gago a dira boleo, mo kgalemele, mme fa a ikwatlhaya, mo itshwarele. Tota le fa a ka go leofela makgetlo a le supa ka letsatsi a bo a boela mo go wena makgetlo a le supa a re, ‘Ke a ikwatlhaya,’ o tshwanetse go mo itshwarela.” (Luke 17:1-4) Mafoko ano a bofelo a ka tswa a gopotsa Petere potso e a ileng a e botsa ka go itshwarela motho ga supa.—Mathaio 18:21.

A barutwa ba ga Jesu ba tla kgona go latela mafoko ano a gagwe? Fa ba mo raya ba re, “Re neye tumelo e e oketsegileng,” o ba tlhomamisetsa jaana: “Fa lo ne lo na le tumelo e e lekanang le tlhaka ya mosetara, lo ne lo tla raya setlhare seno sa mmurubele o montsho lo re, ‘Kumoga mme o jalege mo lewatleng!’ mme se ne se tla dira jalo.” (Luke 17:5, 6) Tota le tumelo e potlana, e ka thusa motho go fitlhelela dilo tse dikgolo.

Jesu o tswelela ka go ruta baaposetoloi ba gagwe botlhokwa jwa go iteba ka tsela e e siameng, a re: “Ke mang mo go lona yo fa motlhanka wa gagwe a boa kwa tshimong a tswa go lema kgotsa a tswa go disa a ka mo rayang a re, ‘Tla kwano ka bonako mme o nne fa tafoleng o je’? Go na le moo, a ga a kitla a mo raya a re, ‘Mpaakanyetse dijo tsa maitseboa gore ke je, mme o apare khiba o bo o ntlisetsa dilo tse ke di batlang go fitlha ke fetsa go ja le go nwa, mme morago ga moo, o ka nna wa ja wa bo wa nwa’? Ga a kitla a leboga motlhanka yoo ka gonne o dirile se a neng a tshwanetse go se dira, gakere? Ka tsela e e tshwanang, fa lo dirile dilo tsotlhe tse lo di abetsweng lo re: ‘Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe. Se re se dirileng ke se re neng re tshwanetse go se dira.’”—Luke 17:7-10.

Motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo o tshwanetse go tlhaloganya botlhokwa jwa go baya tirelo ya Modimo kwa pele. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go gopola tshiamelo e a nang le yone ya go obamela Modimo a le karolo ya lelapa la gagwe.

Go bonala moragonyana go goroga mongwe yo o romilweng ke Marea le Maratha. Basadi bano ke bokgaitsadie Lasaro, ba nna kwa Bethani kwa Judea. Morongwa yono o raya Jesu a re: “Morena, tsala ya gago e o e ratang e a lwala.”—Johane 11:1-3.

Le fa gone Jesu a utlwile gore tsala ya gagwe e bong Lasaro o lwala thata, ga a fekeediwe ke khutsafalo. Go na le moo a re: “Bolwetse jono ga se jo bo ka felelang ka loso, mme ke jo bo tla felelang ka gore Modimo a galalediwe, e le gore Morwa Modimo a tle a galalediwe ka jone.” O fetsa malatsi a le mabedi mo lefelong le a ntseng a le mo go lone, mme morago ga moo o raya barutwa ba gagwe a re: “A re yeng kwa Judea gape.” Ba mo raya ba re: “Rabi, maloba jaana Bajudea ba ne ba batla go go kgobotletsa ka maje, mme a o batla go ya teng gape?”—Johane 11:4, 7, 8.

Jesu o ba raya a re: “Go na le diura di le 12 tsa motshegare, a ga go jalo? Fa motho a tsamaya go le motshegare, ga a ka ke a thula sepe, ka gonne o bona lesedi la lefatshe leno. Mme fa motho a tsamaya bosigo, a ka thula sengwe, ka gonne lesedi ga le yo mo go ene.” (Johane 11:9, 10) A ka tswa a raya gore nako e Modimo a mo fileng yone gore a dire bodiredi jwa gagwe, ga e ise e fele. Mme go fitlha nako eo e goroga, Jesu o tshwanetse go dirisa nako e khutshwane e e setseng ka botlalo.

Jesu o oketsa jaana: “Lasaro tsala ya rona o robetse, mme ke ya teng gore ke ye go mo tsosa.” E re ka barutwa ba ka tswa ba akanya gore Lasaro o robetse o ikhuditse mme o tla fola, ba raya Jesu ba re: “Morena, fa e le gore o robetse, o tla fola.” Jesu o ba bolelela ka tlhamalalo a re: “Lasaro o sule . . . Mme a re yeng kwa go ene.”—Johane 11:11-15.

Thomase o lemoga gore Jesu a ka nna a bolawa kwa Judea, mme gone o batla go mo ema nôkeng, ka jalo o raya barutwa ba bangwe a re: “Le rona a re yeng, gore re tle re swe le ene.”—Johane 11:16.