Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 90

“Tsogo le Botshelo”

“Tsogo le Botshelo”

JOHANE 11:17-37

  • MORAGO GA LOSO LWA GA LASARO, JESU O A GOROGA

  • “TSOGO LE BOTSHELO”

Jesu o tswa kwa Perea, mme o gaufi le go tsena mo motsaneng wa Bethani, o o dikilometara di ka nna tharo kwa botlhaba jwa Jerusalema. Marea le Maratha ba hutsafetse ka gonne kgaitsadiabone e bong Lasaro o tlhokafetse. Go na le batho ba bantsi ba ba tlileng go ba gomotsa.

Mongwe o bolelela Maratha gore Jesu o etla, mme Maratha o a itlhaganela o ya go mo kgatlhantsha. Maratha o bolelela Jesu se ene le monnawe ba ka tswang ba ntse ba se akantse mo malatsing a le manê, a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake a ka bo a sa swa.” Le fa go ntse jalo, ga se gore ga a na tsholofelo. A re: “Ke a itse gore sepe fela se o se kopang mo Modimong, o tla se go naya.” (Johane 11:21, 22) O dumela gore Jesu a ka nna a tsosa kgaitsadie.

Jesu o mo raya a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Maratha o akanya gore Jesu o bua ka tsogo ya baswi e e tla diregang mo nakong e e tlang mo lefatsheng, e leng tsholofelo e Aborahame le batho ba bangwe ba neng ba na le yone. Ka jalo, o bontsha gore le ene o dumela gore seo se tla direga ka go bua jaana: “Ke a itse gore o tla tsoga fa baswi ba tsosiwa ka letsatsi la bofelo.”—Johane 11:23, 24.

Mme gone mo lekgetlong leno, a Jesu a ka kgona go tlisa tharabololo ka bonako? Jesu o gopotsa Maratha gore Modimo o mo neile maatla a go fenya loso, a re: “Motho yo o dumelang mo go nna o tla tshela gape, le fa a ka swa; mme mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a dumela mo go nna ga a kitla a swa.”—Johane 11:25, 26.

Jesu ga a reye gore barutwa ba gagwe ba ba tshelang ka nako eo ga ba kitla ba swa gotlhelele. Tota le ene o tshwanetse go swa, fela jaaka a boleletse baaposetoloi ba gagwe. (Mathaio 16:21; 17:22, 23) Go na le moo, o gatelela ntlha ya gore go dumela mo go ene go ka felela ka botshelo jo bo sa khutleng. Batho ba le bantsi ba tla bona botshelo joo fa ba sena go tsosiwa mo baswing. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ikanyegang ba ba tshelang mo bokhutlong jwa lefatshe leno, go ka direga gore ba se ka ba swa gotlhelele. Ka jalo, mongwe le mongwe yo o dumelang mo go Jesu, a ka tlhatswega pelo gore fa a swa, a ka se swele ruri.

Mme gone a Jesu, yo o sa tswang go bua a re, “ke nna tsogo le botshelo,” a ka kgona go tsosa Lasaro yo jaanong a nang le malatsi a sule? Jesu o botsa Maratha jana: “A o dumela seno?” Maratha o mo araba a re: “Ee Morena, ke a dumela gore o Keresete, Morwa Modimo, ene yo go boleletsweng pele gore o tla tla mo lefatsheng.” E re ka Maratha a dumela gore Jesu a ka kgona go dira sengwe mo go lone letsatsi leo, o itlhaganelela kwa gae a bo a raya monnawe mo sephiring a re: “Moruti o tlile mme o a go bitsa.” (Johane 11:25-28) Ka yone nako eo Marea o tswa mo ntlong, mme ba bangwe ba mo sala morago ka gonne ba akanya gore o ya kwa lebitleng la ga Lasaro.

Go na le moo, Marea o ya kwa go Jesu, fa a fitlha o wela fa dinaong tsa gagwe a ntse a lela a bo a boeletsa mafoko a mogolowe a neng a a bua, a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake a ka bo a sa swa.” Fa Jesu a bona Marea le batho ba bangwe ba lela, pelo ya gagwe e nna botlhoko, o a tshwenyega a bo a tsholola dikeledi. Seo se ama batho ba ba leng foo. Mme bangwe ba bone ba botsa jaana: ‘Fa e le gore Jesu o kgonne go fodisa monna yo o tshotsweng a foufetse, a o ne a ka se kgone go thibela yono go swa?’—Johane 11:32, 37.