Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 93

Morwa Motho o Tla Senolwa

Morwa Motho o Tla Senolwa

LUKE 17:20-37

  • BOGOSI BO MO GARE GA BONE

  • GO TLA NNA JANG FA JESU A SENOLWA?

Jesu o sa ntse a le kwa Samarea kgotsa kwa Galalea. Bafarasai ba mmotsa gore Bogosi bo tla tla leng, ka gonne ba solofetse gore fa bo tla go tla nna le mokoloko o mogolo le mokete. Le fa go ntse jalo, o ba raya a re: “Bogosi Jwa Modimo ga bo tle ka tsela e e tla lemogiwang ke mongwe le mongwe; e bile batho ga ba kitla ba re, ‘Bonang fano!’ kgotsa, ‘Bonang kwa!’ Gonne Bogosi Jwa Modimo bo mo gare ga lona.”—Luke 17:20, 21.

Bangwe ba bone ba ka tswa ba akanya gore Jesu o raya gore Bogosi joo bo busa mo dipelong tsa batlhanka ba Modimo. Mme gone go ka se nne jalo, ka gonne Bogosi bo ka se nne mo dipelong tsa Bafarasai bano ba Jesu a buang le bone. Le fa go ntse jalo, bo mo gare ga bone ka gonne Kgosi e e tlhophilweng ya Bogosi Jwa Modimo e bong Jesu, o na le bone foo.—Mathaio 21:5.

Gongwe fa Bafarasai ba sena go tsamaya, Jesu o bolelela barutwa ba gagwe dintlha tse di oketsegileng ka go tla ga Bogosi. O ba tlhagisa ka go nna gone ga gagwe e le Kgosi a re: “Malatsi a etla a mo go one lo tla eletsang nako ya fa Morwa motho a tla bo a na le lona, le fa go ntse jalo, ga lo kitla lo e bona.” (Luke 17:22) Jesu o bontsha gore Morwa motho o tla nna Kgosi ya Bogosi joo mo nakong e e tlang. Pele nako eo e goroga, bangwe ba barutwa ba ka tswa ba eletsa gore nako eo e tle, mme gone ba tla tshwanelwa ke go nna ba letile go fitlha nako e Modimo a e tlhomileng ya gore Morwa motho a tle, e goroga.

Jesu o tswelela a re: “Batho ba tla lo raya ba re, ‘Bonang kwa!’ kgotsa, ‘Bonang fano!’ Lo se ka lwa tswa kgotsa lwa taboga fa morago ga bone. Gonne fela jaaka legadima le phatsima go tswa kwa karolong e nngwe ya legodimo go ya kwa karolong e nngwe ya legodimo, Morwa motho le ene o tla nna jalo mo letsatsing leo.” (Luke 17:23, 24) Barutwa ba ga Jesu ba tla sirelediwa jang gore ba se ka ba taboga mo morago ga bomesia ba maaka? Jesu a re fa Mesia wa boammaaruri a goroga, go tla nna jaaka legadima le batho ba kgonang go le bona mo karolong e kgolo. Bosupi jwa go nna gone ga gagwe e le Kgosi, bo tla bonwa sentle ke batho ba ba kelotlhoko.

Go tswa foo, Jesu o dirisa ditiragalo tsa nako e e fetileng go tlhalosa gore batho ba tla itshwara jang ka nako eo, a re: “Fela jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Noa, go tla nna fela jalo mo motlheng wa Morwa motho . . . Ka tsela e e tshwanang, fela jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Lote: batho ba ne ba ja, ba nwa, ba reka, ba rekisa, ba jala e bile ba aga. Mme ka letsatsi le Lote a neng a tswa mo Sodoma ka lone, go ne ga na molelo le sulefera go tswa kwa legodimong mme di ne tsa ba senya botlhe. Go tla nna jalo mo letsatsing leo fa Morwa motho a tla bo a senolwa.”—Luke 17:26-30.

Jesu ga a reye gore batho ba motlha wa ga Noa le wa ga Lote ba ne ba senngwa ka gonne ba ne ba tshwaregile ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi tse di jaaka go ja, go nwa, go reka, go rekisa, go jala le go aga. Noa le Lote le ba malapa a bone, le bone ba ne ba dira dingwe tsa dilo tseno. Mme gone, batho ba bangwe bone ba ne ba dira dilo tseo ba sa re sepe ka thato ya Modimo, e bile ba ne ba itlhokomolosa nako e ba neng ba tshela mo go yone. Ke gone ka moo Jesu a kgothaletsang barutwa ba gagwe gore ba ele tlhoko gore thato ya Modimo ke eng mme ba lwele go e dira. O ba bontsha tsela ya go bona poloko, e leng tsela ya gore ba tswelele ba tshela fa Modimo a tla go senya badirabosula mo nakong e e tlang.

Barutwa bano ba tla tshwanelwa ke go tila go itewa tsebe ke dilo tse di diregang mo lefatsheng, e leng ‘dilo tse di kwa morago.’ Jesu a re: “Mo letsatsing leo, a motho yo o kwa godimo ga ntlo a se ka a fologa a ya go tsaya dilo tsa gagwe mo ntlong, ka tsela e e tshwanang, a motho yo o kwa tshimong, a se ka a boela kwa dilong tse di kwa morago. Gakologelwang mosadi wa ga Lote.” (Luke 17:31, 32) O ne a fetoga pilara ya letswai.

Fa Jesu a tswelela a tlhalosetsa barutwa ba gagwe gore maemo a tla bo a ntse jang fa Morwa motho a busa le Kgosi, a re: “Mo bosigong joo batho ba le babedi ba tla bo ba le mo bolaong bo le bongwe; yo mongwe o tla tsewa, mme yo mongwe o tla tlogelwa.” (Luke 17:34) Ka jalo, ba bangwe ba tla bolokwa, mme ba bangwe ba tla tlogelwa, se se rayang gore ba tla senngwa.

Barutwa ba mmotsa jaana: “Seno se tla direga kae Morena?” Jesu o ba araba a re: “Kwa setoto se leng gone, bontsu le bone ba tla phuthegela gone koo.” (Luke 17:37) Bangwe ba tla tshwana le bontsu, ba ba bonang dilo di le kgakala. Barutwa bano ba tla phuthegela kwa go Keresete wa boammaaruri, e leng Morwa motho. Ka nako eo, Jesu o tla naya barutwa ba gagwe dithuto tsa boammaaruri tse di tla nayang ba ba dumelang mo go ene botshelo.