Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 97

Setshwantsho sa Badiri ba mo Tshimong ya Morara

Setshwantsho sa Badiri ba mo Tshimong ya Morara

MATHAIO 20:1-16

  • BADIRI “BA BOFELO” BA MO TSHIMONG YA MORARA E NNA “BA NTLHA”

Jesu o sa tswa go bolelela batho ba ba mo reeditseng kwa Perea gore “ba le bantsi ba ntlha e tla nna ba bofelo, mme ba bofelo e tla nna ba ntlha.” (Mathaio 19:30) O gatelela mafoko ano ka go dira setshwantsho se se buang ka badiri ba mo tshimong ya morara, a re:

“Gonne Bogosi jwa magodimo bo tshwana le mong wa ntlo yo o neng a tswa go sa le phakela a ya go thapa badiri ba ba tla berekang mo tshimong ya gagwe ya morara. Fa a sena go dumalana le badiri bao gore o tla ba duela denario ka letsatsi, o ne a ba romela kwa tshimong ya gagwe ya morara. Fa a tswa gape mo e ka nnang ka 9:00 mo mosong, o ne a bona ba bangwe ba eme fela kwa marekisetsong ba sa dire sepe; mme o ne a ba raya a re, ‘Le lona yang kwa tshimong ya morara, mme ke tla lo naya tuelo e e lo tshwanetseng.’ Ka jalo, ba ne ba tsamaya. O ne a tswa gape mo e ka nnang ka 12:00 motshegare le ka 3:00 motshegare mme a dira se se tshwanang. La bofelo, o ne a tswa mo e ka nnang ka 5:00 maitseboa mme a fitlhela ba bangwe ba eme fela, mme a ba raya a re, ‘Ke ka ntlha yang fa lo ntse lo eme fano letsatsi lotlhe lo sa dire sepe?’ Ba ne ba mo araba ba re, ‘Ka gonne ga go na ope yo o re thapileng.’ O ne a ba raya a re, ‘Le lona yang kwa tshimong ya me ya morara.’”—Mathaio 20:1-7.

Fa Jesu a umaka “Bogosi jwa magodimo” le “mong wa ntlo,” batho ba ba mo reeditseng ba ka tswa ba akanya ka Jehofa Modimo. Dikwalo di bua ka Jehofa e le mong wa tshimo ya morara, e e tshwantshetsang setšhaba sa Iseraele. (Pesalema 80:8, 9; Isaia 5:3, 4) Batho ba ba mo kgolaganong ya Molao ba tshwantshiwa le badiri ba mo tshimong eo ya morara. Mme gone, Jesu ga a bue ka dilo tsa nako e e fetileng. O tlhalosa boemo jo bo leng gone ka nako ya gagwe.

Baeteledipele ba bodumedi le Bafarasai ba tshwanetse ba ka bo ba dira ka natla mo tirong ya Modimo. Ba tshwana le badiri ba nako e e tletseng ba ba solefetseng go newa tuelo e e feletseng. Ba solofetse go newa denario, e leng tuelo e motho a e amogelang ka letsatsi.

Baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba bodumedi, ba tsaya gore Bajuda ba maemo a a kwa tlase ba direla Modimo ka selekanyo se sennye; ba ba tshwantsha le badiri ba nakwana ba mo tshimong ya morara ya Modimo. Mo setshwantshong seno sa ga Jesu, badiri bano ke bone ba ba thapilweng “ka 9:00 mo mosong” kgotsa moragonyana ka 12:00 motshegare, ka 3:00 motshegare le ka 5:00 maitseboa.

Banna le basadi bano ba maemo a a kwa tlase ba ba latelang Jesu, ba tsewa e le ‘batho ba ba hutsegileng.’ (Johane 7:49) Ba ntse ba dira tiro ya go tshwara ditlhapi kgotsa ditiro tse dingwe tsa maemo a a kwa tlase. Mme ka letlhabula la 29 C.E., “mong wa tshimo ya morara” o ne a roma Jesu gore a tle go bitsa batho bano gore ba direle Modimo e le barutwa ba ga Keresete. Ke bone “ba bofelo” ba Jesu a buang ka bone; ke badiri ba ba thapilweng ka 5:00 maitseboa.

Jesu o konela setshwantsho sa gagwe ka go tlhalosa se se diregang kwa bofelong jwa letsatsi, a re: “E rile go nna maitseboa, mong wa tshimo ya morara o ne a raya monna yo o okametseng badiri a re, ‘Bitsa badiri mme o ba duele, go simolola ka wa bofelo go fitlha ka wa ntlha.’ E rile banna ba ba thapilweng ka 5:00 maitseboa ba tla, mongwe le mongwe wa bone o ne a amogela denario. Ka jalo, fa ba ntlha ba tla, ba ne ba akanya gore ba tlile go amogela mo go oketsegileng, mme le bone ba ne ba duelwa denario. Fa ba e amogela, ba ne ba simolola go ngongoregela mong wa ntlo mme ba re, ‘Banna bano ba bofelo ba dirile tiro ya ura e le nngwe fela; le fa go ntse jalo, o ba neile tuelo e e lekanang le ya rona ba re neng ra bereka ka natla letsatsi lotlhe re fisiwa ke letsatsi!’ Le fa go ntse jalo, o ne a raya mongwe wa bone a re, ‘Mogaetsho, ga ke go direle phoso epe. O dumalane le nna ka denario, gakere? Tsaya se e leng sa gago o tsamaye. Ke batla go duela yono wa bofelo fela jaaka ke go duetse. A ga ke a tshwanela go dira se ke se batlang ka madi a me? Kgotsa a o pelotshetlha ka gonne ke le pelotshweu?’ Ka tsela eno, ba bofelo e tla nna ba ntlha, mme ba ntlha e tla nna ba bofelo.”—Mathaio 20:8-16.

Barutwa ba ka tswa ba gakgamadiwa ke karolo eno ya bofelo ya setshwantsho sa ga Jesu. Ke ka tsela efe baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba itsayang e le “ba ntlha,” e nnang bone “ba bofelo”? Mme barutwa ba ga Jesu e tla nna “ba ntlha” jang?

Barutwa ba ga Jesu, ba Bafarasai le batho ba bangwe ba ba tsayang le “ba bofelo,” e tla nna bone “ba ntlha” go amogela tuelo e e feletseng. Fa Jesu a swa, Modimo o tla latlha Jerusalema yo o mo lefatsheng, mme o tla tlhopha setšhaba se sesha, e leng “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Mathaio 23:38) Johane Mokolobetsi o ne a bua ka batho bano fa a ne a umaka kolobetso ya moya o o boitshepo e e tlang. Ba e ntseng e le “ba bofelo” e tla nna bone ba ntlha go kolobediwa ka kolobetso eo le go newa tshiamelo ya go nna basupi ba ga Jesu “go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Ditiro 1:5, 8; Mathaio 3:11) Go ya ka selekanyo se barutwa ba tlhaloganyang ka sone phetogo eno e Jesu a buang ka yone, ba ka tswa ba lemoga gore ba tlile go lebana le pogiso e e tswang mo baeteledipeleng ba bodumedi, ba jaanong e leng “ba bofelo.”