Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 98

Baaposetoloi ba Batla Maemo Gape

Baaposetoloi ba Batla Maemo Gape

MATHAIO 20:17-28 MAREKO 10:32-45 LUKE 18:31-34

  • JESU O BOLELELA PELE KA LOSO LWA GAGWE GAPE

  • O RARABOLOLA BOTHATA JWA BAAPOSETOLOI JWA GO RATA MAEMO

Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba feleletsa loeto lwa bone kwa Perea ba lebile ntlheng ya Jerusalema, ba kgabaganya Noka ya Joredane gaufi le Jeriko. Go na le batho ba ba tsamayang le bone go ya moletlong wa Tlolaganyo ya 33 C.E.

Jesu o tsamaya kwa pele ga barutwa ba gagwe ka gonne o ikemiseditse go goroga pele Tlolaganyo e simologa. Mme gone barutwa ba tshogile. Pelenyana, fa Lasaro a ne a tlhokafetse mme Jesu a batla go tswa mo Perea a ya kwa Judea, Thomase o ne a raya barutwa ba bangwe a re: “Le rona a re yeng, gore re tle re swe le ene.” (Johane 11:16, 47-53) Ka jalo, go kotsi go ya kwa Jerusalema, e bile go a utlwala go bo ba tshogile.

E re ka Jesu a batla go baakanyetsa baaposetoloi ba gagwe se se larileng kwa pele, o ba tseela kwa thoko a bo a ba raya a re: “Re ya kwa Jerusalema, mme Morwa motho o tla tsenngwa mo diatleng tsa baperesiti ba bagolo le bakwadi. Ba tla mo atlholela loso ba bo ba mo naya batho ba ditšhaba gore ba mo sotle, ba mo kgwathise le gore ba mmolaele mo koteng; mme o tla tsosiwa mo letsatsing la boraro.”—Mathaio 20:18, 19.

Leno ke lekgetlo la boraro Jesu a bolelela barutwa ba gagwe gore o tlile go bolawa mme o tla tsosiwa mo baswing. (Mathaio 16:21; 17:22, 23) Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno o ba bolelela gore o tlile go bolaelwa mo koteng. Ba mo reeditse, mme gone ga ba tlhaloganye bokao jwa se a se buang. Gongwe ba ka tswa ba lebeletse gore bogosi jwa Iseraele bo tsosolosiwe mo lefatsheng, ka gonne ba batla go itumelela kgalalelo le tlotla ya go busa le Keresete mo lefatsheng.

Mmaagwe moaposetoloi Jakobe le moaposetoloi Johane, yo gongwe e leng Salome, ke mongwe wa batho ba ba tsamayang le Jesu. Jesu o bitsa baaposetoloi bano babedi ka leina le le kayang “Bomorwa Tumo ya Maru” ka gonne ba le matlhagatlhaga. (Mareko 3:17; Luke 9:54) Go fetile nakonyana banna bano ba babedi ba batla go nna le maemo mo Bogosing Jwa ga Keresete. Mmaabone o lemogile seno. Jaanong o atamela Jesu mo boemong jwa bone, o khubama fa pele ga gagwe a bo a mo kopa sengwe. Jesu o mo raya a re: “O batla eng?” Mosadi yono o raya Jesu a re: “Ntsha taelo ya gore bomorwaake bano ba babedi ba nne le wena mo Bogosing jwa gago. Yo mongwe a nne ka fa seatleng sa gago sa moja mme yo mongwe ka fa go sa molema.”—Mathaio 20:20, 21.

Tota kopo eno e tswa mo go Jakobe le Johane. E re ka Jesu a sa tswa go ba tlhalosetsa gore o tlile go tlhabisiwa ditlhong le go tlontlololwa, o ba raya a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo ka nwa senwelo se ke tlogang ke se nwa?” Ba mo raya ba re: “Re ka se nwa.” (Mathaio 20:22) Go bonala ba sa ntse ba sa tlhaloganye gore seno se kaya eng mo go bone.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ba raya a re: “Eleruri lo tla nwa senwelo sa me, mme gone, ga se nna ke tlhophang gore ke mang a tla nnang ka fa seatleng sa me sa moja kgotsa sa molema, ka gonne Rre ke ene a dirang tshwetso ya gore ke mang yo o tla nnang mo mannong ao.”—Mathaio 20:23.

Fa baaposetoloi ba ba lesome ba utlwa ka kopo ya ga Jakobe le Johane, ba a galefa. Pelenyana fa baaposetoloi ba ne ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone, a Jakobe le Johane e ka tswa e ne e le bone ba ba neng ba di goga kwa pele? (Luke 9:46-48) Mme gone, kopo eno e senola gore baaposetoloi bano ba ba 12 ga ba ise ba dirise kgakololo e Jesu a ba neileng yone ka go nna boikokobetso. Ba sa ntse ba rata maemo.

Jesu o swetsa ka gore a rarabolole kgotlhang eno e e sa tswang go nna teng ka gonne e baka mathata. O bitsa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 a bo a ba kgalemela ka lorato a re: “Lo a itse gore ba ba tsewang e le babusi ba ditšhaba ba busa batho ka tsela e ba e batlang le balaodi ba dirisa maemo a bone go gatelela batho. Mme lona ga lo a tshwanela go dira jalo. Mongwe le mongwe yo o batlang go nna mogolo mo go lona, o tshwanetse go nna modiredi wa lona, e bile mongwe le mongwe yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona, o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe.”—Mareko 10:42-44.

Jesu o ba bolelela gore ba tshwanetse go se etsa sekao sa gagwe. A re: “Morwa motho [o] ne a sa tla go direlwa mme o ne a tletse go direla le go ntsha botshelo jwa gagwe go rekolola ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Jesu o feditse dingwaga di ka nna tharo a direla ba bangwe. Mme o sa ntse a tla tswelela a dira jalo, go ya bokgakaleng jwa gore a swele batho. Barutwa bano ba tlhoka go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete jwa go rata go direla ba bangwe go na le go direlwa, jwa go nna boikokobetso go na le go rata maemo.