Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 99

Jesu o Fodisa Banna ba Difofu A bo A Thusa Sakaio

Jesu o Fodisa Banna ba Difofu A bo A Thusa Sakaio

MATHAIO 20:29-34 MAREKO 10:46-52 LUKE 18:35–19:10

  • JESU O FODISA BANNA BA BA FOUFETSENG KWA JERIKO

  • MOKGETHISI YO O BIDIWANG SAKAIO O A IKWATLHAYA

Jesu le ba a tsamayang le bone ba goroga kwa Jeriko, e e ka nnang bokgakala jwa loeto lwa letsatsi go tswa kwa Jerusalema. Ka tsela nngwe, Jeriko e na le dikarolo tse pedi. Motse wa bogologolo o bokgakala jwa dikilometara tse di kwa tlase ga tse pedi go tswa kwa motseng o mosha o o agilweng ka nako ya Baroma. Fa Jesu le ba a tsamayang le bone ba tswa mo go mongwe wa metse eno, mme ba atamela o mongwe, bakopi ba babedi ba ba foufetseng ba utlwa go tsogile modumo. Mongwe wa bone o bidiwa Baratimeo.

Fa Baratimeo le tsala ya gagwe ba utlwa gore Jesu o a feta, ba goa ba re: “Morena, re utlwele botlhoko, Morwa Dafide!” (Mathaio 20:30) Bangwe mo boidiiding jono ba ba kgalemela ba tiisise ba re ba didimale, le fa go ntse jalo ba goela kwa godimo le go feta. Fa Jesu a utlwa modumo wa bone, o a ema. O kopa gore banna bao ba bidiwe. Ba ya kwa bakoping bao ba bo ba raya mongwe wa bone ba re: “Nna pelokgale! Ema; o a go bitsa.” (Mareko 10:49) Monna yono yo o foufetseng, o apola seaparo sa gagwe sa ka fa ntle a itumetse a bo a ema a ya kwa go Jesu. Go bonala tsala ya gagwe e mo sala morago.

Jesu o ba botsa jaana: “Lo batla gore ke lo direle eng?” Banna bano ba mo kopa ba re: “Morena, bula matlho a rona.” (Mathaio 20:32, 33) E re ka Jesu a ba tlhomogela pelo, o tshwara matlho a bone, mme a bo a raya mongwe wa bone a re: “Tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse.” (Mareko 10:52) Bakopi bano ba kgona go bona, mme ga go pelaelo gore ba simolola go galaletsa Modimo. Fa batho ba bona se se diragetseng, le bone ba galaletsa Modimo. Banna bano ba ba neng ba foufetse, ba sala Jesu morago.

Jesu o dikologilwe ke boidiidi fa a ntse a raletse Jeriko. Mongwe le mongwe o batla go bona motho yo o fodisitseng banna ba ba neng ba foufetse. Batho bano ba pitlaganyeditse Jesu; ka jalo, ba bangwe ga ba kgone go mmona. Mongwe wa ba ba sa kgoneng go mmona ke Sakaio. Ke mookamedi wa bakgethisi ba ba mo Jeriko le mo mafelong a a e dikologileng. Ga a bone se se diregang ka gonne o mokhutshwane. Ka jalo, o tabogela kwa pele a bo a palama setlhare sa mosikamore se se fa thoko ga tsela e Jesu a fetang ka yone. Fa a le kwa godimo ga setlhare, o kgona go bona sengwe le sengwe se se diregang. Fa Jesu a atamela setlhare seo, o bona Sakaio a le kwa godimo a bo a mo raya a re: “Sakaio, fologa ka bonako, ka gonne gompieno ke tshwanetse go ya kwa ntlong ya gago.” (Luke 19:5) O a fologa a bo a tabogela kwa gae gore a ye go amogela moeng yono wa gagwe yo o kgethegileng.

Fa batho ba bona se se diregang, ba simolola go ngongorera. Ba akanya gore Jesu ga a a tshwanela go etela monna yono yo ba mo tsayang e le moleofi. Sakaio o humisitswe ke go tseela batho madi ka dikgoka fa a ntse a phutha makgetho.

Fa Jesu a tsena kwa legaeng la ga Sakaio, batho ba a ngongorera, ba re: “O etetse kwa ntlong ya monna wa moleofi.” Le fa go ntse jalo, Jesu ene o lemoga gore Sakaio a ka kgona go ikwatlhaya. Mme ke sone se se diregang. Sakaio o a ema a bo a raya Jesu a re: “Morena bona, halofo ya dilo tsa me ke e naya bahumanegi, mme sepe fela se ke se tsereng ka dikgoka mo mothong ope, ke se busa se menagane ganê.”—Luke 19:7, 8.

Sakaio o bontsha ka tsela eno e e molemo gore ruri o a ikwatlhaya! Go ka direga gore fa a bala dipego tsa gagwe tsa lekgetho o kgona go bona gore o amogetse madi a a kana kang mo Bajudeng ba ba farologaneng, mme jaanong o ikana gore o tla ba a busetsa a menagane ganê. Seo se feta se molao wa Modimo o laelang gore se dirwe. (Ekesodo 22:1; Lefitiko 6:2-5) Mo godimo ga moo, Sakaio o solofetsa gore o tla tsaya halofo ya dithoto tsa gagwe a bo a di abela bahumanegi.

Jesu o itumelela go bona gore Sakaio o a ikwatlhaya, mme o mo raya a re: “Gompieno poloko e tlile mo ntlong eno, ka gonne le ene ke morwa Aborahame. Gonne Morwa motho o tletse go batla le go boloka se se neng se latlhegile.”—Luke 19:9, 10.

Bosheng jaana, Jesu o ne a dira setshwantsho sa morwa yo o latlhegileng go tlhalosa boemo jwa batho ba ba tlogetseng Jehofa. (Luke 15:11-24) Gone jaanong o sa tswa go ba bontsha sekai sa mmatota sa mongwe yo go ka tweng o ne a latlhegile mme jaanong o bonwe. Baeteledipele ba bodumedi le balatedi ba bone ba ka nna ba ngongorega ka Jesu le go mo kgala ka gonne a kgathalela batho ba ba tshwanang le Sakaio. Le fa go ntse jalo, Jesu o tswelela a batla bana bano ba ga Aborahame ba ba latlhegileng.