Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 100

Setshwantsho sa Madi a Selefera a le Lesome

Setshwantsho sa Madi a Selefera a le Lesome

LUKE 19:11-28

  • SETSHWANTSHO SA GA JESU SA MADI A SELEFERA A LE LESOME

Le fa gone Jesu a ya kwa Jerusalema, a ka tswa a sa ntse a le mo legaeng la ga Sakaio le barutwa ba gagwe. Ba dumela gore go ise go ye kae, “Bogosi Jwa Modimo” bo tla tlhomiwa le gore Jesu e tla nna Kgosi ya jone. (Luke 19:11) Ga ba tlhaloganye kgang eno fela jaaka ba ne ba sa tlhaloganye kgang ya gore Jesu o tshwanetse go swa. Ka jalo, Jesu o dira setshwantsho se se tla ba thusang go lemoga gore Bogosi bo sa ntse bo le kgakala le go tla.

A re: “Monna mongwe yo o tswang mo lelapeng la batlotlegi o ne a ya kwa lefatsheng le le kgakala gore a ye go tlhomiwa go nna kgosi a bo a boa.” (Luke 19:12) Loeto loo lo tla tsaya nako e telele. Ga go pelaelo gore Jesu ke ene ‘monna yo o tswang mo lelapeng la batlotlegi’ yo o yang kwa “lefatsheng le le kgakala,” kwa legodimong, kwa go Rraagwe gore a ye go tlhomiwa go nna kgosi.

Mo setshwantshong seno, pele ga ‘monna yono yo o tswang mo lelapeng la batlotlegi’ a tsamaya, o bitsa batlhanka ba le lesome, o naya mongwe le mongwe wa bone madi a selefera (kgotsa maena wa selefera) a bo a ba raya a re: “Dirang kgwebo go fitlha ke tla.” (Luke 19:13) Madi ano a selefera (kgotsa bomaena ba selefera) ke a boleng jo bo kwa godimo. Maena o le mongwe o lekana le madi a modiri wa kwa masimong a a amogelang mo dikgweding tse di fetang tse tharo.

Barutwa ba ka tswa ba lemoga gore ba tshwana le batlhanka ba mo setshwantshong seno, ka gonne Jesu o setse a kile a ba tshwantsha le badiri ba mo tshimong. (Mathaio 9:35-38) Ke boammaaruri gore ga a ise a ba kope gore ba tlise se ba se robileng. Go na le moo, o batla gore ba batle barutwa ba bangwe ba ba tla busang mo Bogosing Jwa Modimo. Barutwa bano ba dirisa dilo tse ba nang le tsone go batla baruaboswa ba ba oketsegileng ba Bogosi.

Ke eng gape se Jesu a se senolang mo setshwantshong seno? O tlhalosa gore batho ba naga ya gagabo monna yono yo o tswang mo lelapeng la batlotlegi, “ba ne ba mo tlhoile mme ba ne ba roma setlhopha sa baemedi gore ba ye go mo raya ba re, ‘Ga re batle gore o nne kgosi ya rona.’” (Luke 19:14) Barutwa ba a itse gore Bajuda ga ba amogele Jesu; tota e bile bangwe ba bone ba batla go mmolaya. Fa Jesu a sena go swa a bo a boela kwa legodimong, Bajuda ka kakaretso ba bontsha tsela e ba ikutlwang ka yone ka ene ka go bogisa barutwa ba gagwe. Baganetsi bano ba bontsha sentle gore ga ba batle gore Jesu a nne Kgosi ya bone.—Johane 19:15, 16; Ditiro 4:13-18; 5:40.

Batlhanka ba ba lesome bone ba tla dirisa madi a bone jang fa ba ntse ba letile gore ‘monna yo o tswang mo lelapeng la batlotlegi’ a boe fa a sena “go tlhomiwa go nna kgosi”? Jesu a re: “Fa a boa a tswa go tlhomiwa go nna kgosi, o ne a bitsa batlhanka ba a neng a ba neile madi ao, gore a utlwe gore ba dirile eng fa ba ntse ba dira kgwebo. Ka jalo, wa ntlha o ne a tla a bo a re, ‘Morena, ke ne ka dirisa madi a gago gore ke bone madi a selefera a le lesome.’ O ne a mo raya a re, ‘O berekile, o motlhanka yo o molemo! E re ka o ne wa ikanyega mo selong se sennye thata, o tla laola metse e le lesome.’ Jaanong wa bobedi o ne a tla a bo a re, ‘Morena, ke dirisitse madi a gago gore ke bone madi a selefera a le matlhano.’ O ne a raya le yono a re, ‘Le wena o tla busa metse e le metlhano.’”—Luke 19:15-19.

Fa e le gore barutwa ba tlhaloganya gore ba tshwana le batlhanka ba ba dirisang dithoto tsa bone ka botlalo go batla barutwa ba ba oketsegileng, ga go pelaelo gore ba tla tlhatswega pelo gore Jesu o tla itumela. Gape ba ka tshepa gore o tla ba duela ka ntlha ya matsapa a ba a tsayang. Gone ke boammaaruri gore maemo a barutwa ba ga Jesu ga a tshwane, e bile ga ba na ditshono le bokgoni jo bo tshwanang. Le fa go ntse jalo, Jesu yo o ‘tlhomiwang go nna kgosi,’ o tla lemoga maiteko a ba a dirang mo tirong ya go dira barutwa e bile o tla ba segofatsa.—Mathaio 28:19, 20.

Mme gone, ela tlhoko pharologanyo e Jesu a e dirang fa a konela setshwantsho sa gagwe, a re: “Mme [motlhanka] yo mongwe o ne a tla a bo a re, ‘Morena, madi a gago a ke neng ke a fitlhile mo letseleng ke ano. Tota ke ne ke go tshaba, ka gonne o monna yo o setlhogo; o tsaya se o neng o sa se baya e bile o roba se o neng o sa se jala.’ Kgosi e ne ya mo raya e re, ‘Ke go atlhola ka mafoko a o a buileng, motlhanka ke wena yo o bosula. Gakere o ne o itse gore ke monna yo o setlhogo, yo o tsayang se a sa se bayang le yo o robang se a sa se jalang? Jaanong ke ka ntlha yang fa o ne o sa tsenye madi a me mo bankeng? Fa ke goroga, ke ne ke tla a fitlhela a na le morokotso.’ Foo o ne a raya ba ba emeng foo a re, ‘Tsayang madi a a mo go ene mme lo a neye yo o nang le madi a selefera a le lesome.’”—Luke 19:20-24.

Motlhanka yono o a latlhegelwa ka gonne o paletswe ke go oketsa khumo ya bogosi jwa mong wa gagwe. Baaposetoloi ba lebile pele go bona Jesu a busa mo Bogosing Jwa Modimo. Ka jalo, go tswa mo go se Jesu a se buang ka motlhanka yono wa bofelo, ba ka tswa ba lemoga gore fa ba sa dire ka natla, ga ba kitla ba nna le manno mo Bogosing joo.

Mafoko ano a ga Jesu a tshwanetse go tlhotlheletsa barutwa ba ba ikanyegang gore ba dire ka natla. O konela jaana: “Ke a lo bolelela, mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng, mme yo o se nang sepe, tota le se a nang le sone se tla tsewa mo go ene.” O oketsa ka gore baba ba gagwe, ba ba sa batleng gore ‘a nne kgosi ya bone,’ ba tla nyelediwa. Go tswa foo, o tswelela ka loeto lwa gagwe o ya Jerusalema.—Luke 19:26-28.