Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 101

Jesu o ja Kwa Ntlong ya ga Simone Kwa Bethani

Jesu o ja Kwa Ntlong ya ga Simone Kwa Bethani

MATHAIO 26:6-13 MAREKO 14:3-9 JOHANE 11:55–12:11

  • JESU O BOELA KWA BETHANI, GAUFI LE JERUSALEMA

  • MAREA O TSHELA JESU LEOKWANE LE LE NKGANG MONATE

Fa Jesu a tswa kwa Jeriko, o ya kwa Bethani. Loeto lono lo akaretsa karolo e e tlhatlogelang ya dikilometara di ka nna 20 mo tseleng e go leng thata go tsamaya mo go yone. Lasaro le bokgaitsadie ba babedi ba nna mo motsaneng wa Bethani, o o bokgakala jwa dikilometara di ka nna tharo go tswa kwa Jerusalema mme o le mo mokgokoloseng o o ka fa botlhaba jwa Thaba ya Lotlhware.

Bajuda ba le bantsi ba setse ba le mo Jerusalema, ba tlile Tlolaganyong. Ba fitlhile go sa le nako “gore ba iphepafatse go ya ka Molao wa ga Moshe” fa e le gore ba ka tswa ba kgomile setopo kgotsa sepe fela se se ka dirang gore ba itshekologe. (Johane 11:55; Dipalo 9:6-10) Bangwe ba batho bano ba phuthegela kwa tempeleng. Ba ipotsa gore a Jesu o tla tla moletlong wa Tlolaganyo.—Johane 11:56.

Go tsogile kgang ya moruthutha ka Jesu. Bangwe ba baeteledipele ba bodumedi ba batla go mo tshwara ba bo ba mmolaya. Tota e bile, ba ntshitse ditaelo tsa gore fa mongwe a ka itse gore Jesu o kae, a ba bolelele ‘gore ba kgone go mo tshwara.’ (Johane 11:57) Baeteledipele bano ba setse ba kile ba leka go bolaya Jesu fa a sena go tsosa Lasaro mo baswing. (Johane 11:49-53) Go a utlwala go bo batho bangwe ba ipotsa gore a Jesu o tla tlhagelela phatlalatsa.

Jesu o goroga kwa Bethani ka Labotlhano, “malatsi a le marataro pele ga Tlolaganyo.” (Johane 12:1) Letsatsi le lesha (Sabata, Nisane 8) le simologa fa letsatsi le phirima. Ka jalo, o weditse loeto lwa gagwe pele ga letsatsi la Sabata. O ne a ka se kgone go tswa kwa Jeriko ka letsatsi la Sabata, le le simologang ka Labotlhano fa letsatsi le phirima go fitlha ka Matlhatso fa letsatsi le phirima, ka gonne molao wa Bajuda ga o letlelele batho go tsamaya ka letsatsi leo. Gongwe Jesu o ya kwa legaeng la ga Lasaro, jaaka a kile a dira.

Simone, yo le ene a nnang mo Bethani, o laletsa Jesu le ditsala tsa gagwe, go akaretsa le Lasaro, gore ba tle go ja dijo kwa legaeng la gagwe ka Matlhatso maitseboa. Simone ‘o kile a tshwarwa ke lepero’ mme Jesu a bo a mo fodisa. E re ka Maratha e le motho yo o matlhagatlhaga, o tlhokometse baeng. Marea ene o tlhomile mogopolo mo go Jesu, mme mo lekgetlong leno o dira sengwe se se tsosang kgotlhang.

O dira eng? O bula lebotlolo la alabasetere le le nang le “leokwane le le nkgang monate la selekanyo sa ponto, naredo ya mmatota.” (Johane 12:3) Leokwane leno ke la maemo a a kwa godimo thata, la boleng (didenario di le 300) jo bo ka lekanang le tuelo e motho a e amogelang ka ngwaga! Marea o tshela leokwane leno mo mo tlhogong le mo dinaong tsa ga Jesu a bo a mo phimola ka moriri wa gagwe. Ntlo e tlala lonko lo lo monate lwa leokwane leno.

Barutwa ba a galefa ba bo ba re: “Ke ka ntlha yang fa leokwane leno le le nkgang monate le sentswe?” (Mareko 14:4) Judase Isekariota ene a re: “Ke ka ntlha yang fa leokwane leno le le nkgang monate le ne le sa rekisiwe ka didenario di le 300 di bo di newa bahumanegi?” (Johane 12:5) Tota ga se gore Judase o amegile ka bahumanegi. O tlhola a utswa madi mo letloleng le a le tlhokomelang le le tsenyang madi a barutwa.

Jesu o buelela Marea, a re: “Ke ka ntlha yang fa lo tshwenya mosadi yono? O ntiretse tiro e e molemo. Gonne bahumanegi ba na le lona ka metlha, mme nna ga nkitla ke nna le lona ka metlha. Fa mosadi yono a ne a tshela leokwane leno le le nkgang monate mo mmeleng wa me, o ne a dira seno e le go baakanyetsa mmele wa me nako ya fa ke tla bo ke fitlhwa. Ammaaruri ke a lo bolelela, gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo di rerwang gone mo lefatsheng, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa, e le go mo gopola.”—Mathaio 26:10-13.

Jaanong Jesu o na le lobaka lo lo fetang letsatsi a le mo Bethani, mme batho ba setse ba utlwile gore o teng koo. Bajuda ba le bantsi ba tla mo ntlong ya ga Simone go tla go bona Jesu, mme gape ba batla go bona le Lasaro, “yo [Jesu] a neng a mo tsositse mo baswing.” (Johane 12:9) Jaanong baperesiti ba bagolo ba loga leano la go bolaya Jesu le Lasaro. Ba dumela gore kgang ya go bo Lasaro a tshela gape, ke yone e e dirang gore batho ba le bantsi ba dumele mo go Jesu. Ruri baeteledipele bano ba bodumedi ba bosula tota!