Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 102

Kgosi e Tsena mo Jerusalema e Palame Tonkana

Kgosi e Tsena mo Jerusalema e Palame Tonkana

MATHAIO 21:1-11, 14-17 MAREKO 11:1-11 LUKE 19:29-44 JOHANE 12:12-19

  • JESU O TSENA MO JERUSALEMA KA PHENYO

  • O BOLELELA PELE GORE JERUSALEMA E TLILE GO SENNGWA

Mo letsatsing le le latelang, ka Sontaga Nisane 9, Jesu o tswa mo Bethani le barutwa ba gagwe mme ba ya kwa Jerusalema. Fa ba atamela motse wa Bethefage, o o mo Thabeng ya Lotlhware, Jesu o raya barutwa ba babedi a re:

“Yang kwa motsaneng o lo o bonang ole, mme lo tla fitlhela tonki e golegilwe e na le tonkana ya yone. Lo di golole mme lo di tlise mo go nna. Fa mongwe a lo raya sengwe, lo mo reye lo re, ‘Morena o a di tlhoka.’ Foo ka yone nako eo, o tla lo tlogela lo di tsaya.”—Mathaio 21:2, 3.

Barutwa ga ba lemoge gore se Jesu a se buang se akaretsa boporofeti jwa Baebele. Le fa go ntse jalo, moragonyana ba lemoga gore go diragadiwa boporofeti jwa ga Sekarea. O ne a bolelela pele gore Kgosi e Modimo a e solofeditseng e tla tsena mo Jerusalema e le “boikokobetso e bile e palame tonki, e palame tonkana, ngwana wa tonki e namagadi.”—Sekarea 9:9.

Fa barutwa bano ba fitlha mo Bethefage mme ba tsaya tonkana e tonanyana le mmaayone, batho ba ba emeng foo ba ba raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo golola tonkana eo?” (Mareko 11:5) Mme fa ba utlwa gore Morena o tlhoka diphologolo tseno, ba tlogela barutwa bano ba di isa kwa go Jesu. Barutwa ba ala diaparo tsa bone mo godimo ga tonki eno le tonkana ya yone, le fa go ntse jalo Jesu o palama tonkana.

Fa a sena go e palama mme a ya Jerusalema, batho ba a oketsega. Bontsi jwa bone ba ala diaparo tsa bone mo tseleng. Ba bangwe “ba kgaola dikala tse di nang le matlhare fa thoko ga tsela” ba bo ba di ala mo tseleng. Ba goa ba re: “Boloka, re a rapela! A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa! A go bakwe Bogosi jo bo tlang jwa ga rraarona Dafide!” (Mareko 11:8-10) Bafarasai ba ba mo boidiiding jono ba kgopisiwa ke se batho bano ba se buang. Ka jalo, ba raya Jesu ba re: “Moruti, kgalemela barutwa ba gago.” Jesu o ba raya a re: “Ke a lo bolelela, fa batho bano ba ne ba ka didimala, maje a ne a tla goa.”—Luke 19:39, 40.

Fa Jesu a leba Jerusalema, o simolola go lela a bo a re: “Ke eletsa e kete o ka bo o lemogile dilo tse di ka go tlisetsang kagiso, mme jaanong o fitlhetswe dilo tseno.” Jerusalema e tla lebana le ditlamorago tsa go sa ikobele Modimo ka boomo. Jesu o bolelela pele jaana: ‘Baba ba gago ba tla aga legora la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go kokoanela ba bo ba go tlhasela mo letlhakoreng lengwe le lengwe. Ba tla go tšhwetlakanya, wena le bana ba gago botlhe, mme ga ba kitla ba tlogela leje lepe mo godimo ga le lengwe mo go wena.’ (Luke 19:42-44) Mafoko ano a ga Jesu a ne a diragala fa Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E.

Fa Jesu a tsena mo Jerusalema, ‘batho botlhe mo motseng ba tsosa modumo o mogolo, ba re: “Yono ke mang?”’ Mme batho ba ba tlang le ene ba ntse ba goa ba re: “Ke moporofeti Jesu, yo o tswang kwa Nasaretha wa Galalea!” (Mathaio 21:10, 11) Batho ba bangwe mo go ba ba tlang le ene, ba ba mmoneng a tsosa Lasaro mo baswing, ba bolelela ba bangwe ka kgakgamatso eno. Bafarasai ba hutsafadiwa ke gore maiteko a bone a itaya sefololetse. Ba raana ba re: “Batho botlhe ba mo setse morago.”—Johane 12:18, 19.

Jesu o ya go ruta kwa tempeleng jaaka a tlwaetse go dira fa a tlile Jerusalema. Fa a le koo, o fodisa batho ba ba foufetseng le ba ba tlhotsang. Fa baperisiti ba bagolo le bakwadi ba bona se a se dirang e bile ba utlwa basimane ba ba mo tempeleng ba goa ba re, “Boloka Morwa Dafide, re a rapela!” ba a galefa. Baeteledipele bano ba bodumedi ba raya Jesu ba re: “A o utlwa se basimane bano ba se buang?” O ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo bale fa go tweng, ‘O itliseditse pako ka mafoko a a tswang mo melomong ya bana le masea’?”—Mathaio 21:15, 16.

Jesu o leba mo tikologong a batla go bona se se diregang mo tempeleng. Jaanong go setse go le maitseboa, ka jalo o tsamaya le baaposetoloi ba gagwe. Pele ga letsatsi la Nisane 10 le simologa, o boela kwa Bethani, mme o lala teng bosigo jwa Sontaga.