Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 106

Ditshwantsho Tse Pedi Tsa Masimo a Morara

Ditshwantsho Tse Pedi Tsa Masimo a Morara

MATHAIO 21:28-46 MAREKO 12:1-12 LUKE 20:9-19

  • SETSHWANTSHO SA BARWA BA BABEDI

  • SETSHWANTSHO SA BALEMI BA TSHIMO YA MORARA

Jesu o mo tempeleng, mme o sa tswa go tlhakanya baperisiti ba bagolo le baeteledipele ba bodumedi tlhogo, ba ba neng ba mmotsa gore o tsaya kae tetla ya go dira dilo tse a di dirang. Karabo ya gagwe e ba tswala melomo. Go tswa foo, o dira setshwantsho se se senolang gore tota ke batho ba ba ntseng jang.

Jesu a re: “Monna mongwe o ne a na le bana ba babedi. O ne a ya kwa go wa ntlha a bo a mo raya a re, ‘Ngwanaka, tsamaya o ye go bereka kwa tshimong ya morara gompieno.’ Ngwana yoo o ne a re, ‘Ke a gana,’ mme morago o ne a ikwatlhaya a bo a tsamaya. O ne a ya kwa go wa bobedi mme a mmolelela se se tshwanang. Yono o ne a re, ‘Ke tla dira jalo Rra,’ le fa go ntse jalo o ne a se ka a tsamaya. Ke ofe mo go ba babedi bano yo o neng a dira thato ya ga rraagwe?” (Mathaio 21:28-31) Karabo e e tlhamaletseng ke gore morwa wa ntlha ke ene yo kwa bofelong a ileng a dira thato ya ga rraagwe.

Ka jalo Jesu o raya baganetsi ba gagwe a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, bakgethisi le bagwebakammele ba tla tsena pele ga lona mo Bogosing Jwa Modimo.” Kwa tshimologong, bakgethisi le bagwebakammele ba ne ba ka se direle Modimo. Le fa go ntse jalo, fela jaaka morwa wa ntlha, moragonyana ba ne ba ikwatlhaya mme gone jaanong ba direla Modimo. Baeteledipele ba bodumedi bone ba tshwana le morwa wa bobedi ka gonne ba ipolela gore ba direla Modimo mme gone ba palelwa ke go dira jalo. Jesu a re: “Johane [Mokolobetsi] o ne a tla kwa go lona mme a lo bontsha tsela e e siameng, mme lo ne lwa se ka lwa mo dumela. Le fa go ntse jalo, bakgethisi le bagwebakammele ba ne ba mo dumela, mme le fa lo ne lo bona seno, ga lo a ka lwa ikwatlhaya e bile ga lo a ka lwa mo dumela.”—Mathaio 21:31, 32.

Jesu o dira setshwantsho se sengwe gape. Mo lekgetlong leno, o bontsha gore go palelwa ga baeteledipele bano ba bodumedi, ga se kgang fela ya go itlhokomolosa go direla Modimo. Tota ba bosula. A re: “Monna mongwe o ne a na le tshimo ya morara a bo a aga lobota go e dikologa, mme o ne a epa khuti gore a tle a dire segatisetso sa beine a bo a aga tora; go tswa foo o ne a e hirisetsa balemi a bo a tsaya loeto a ya kwa nageng e e kgakala. Ka paka e e tshwanetseng, o ne a roma motlhanka mongwe kwa baleming bao, gore a ye go tsaya maungo mangwe a tshimo ya morara mo go bone. Mme ba ne ba mo tsaya, ba mo itaya ba bo ba mo tsamaisa a iphotlhere. O ne a roma motlhanka yo mongwe gape kwa go bone, mme yoo ba ne ba mo itaya mo tlhogong ba bo ba mo tlhabisa ditlhong. O ne a roma yo mongwe, mme ene ba ne ba mmolaya, a roma le ba bangwe ba le bantsi, mme bangwe ba bone ba ne ba ba itaya mme ba bangwe ba ba bolaya.”—Mareko 12:1-5.

A bareetsi ba ga Jesu ba tla tlhaloganya setshwantsho seno? Gongwe ba ka tswa ba gopola mafoko ano a Isaia a neng a a bua: “Tshimo ya morara ya ga Jehofa wa masomosomo ke setšhaba sa Iseraele; batho ba Juda ke dijalo tse a neng a di rata thata. O ne a nna a solofetse gore batho ba tla busa ka tshiamo, mme ga ba a ka ba dira se se mo molaong.” (Isaia 5:7) Setshwantsho sa ga Jesu se tshwana le seno sa ga Isaia. Mong wa tshimo ya morara ke Jehofa, mme tshimo eo ke setšhaba sa Iseraele, se se ageletsweng e bile se sireleditswe ke Molao wa Modimo. Jehofa o ne a romela baporofeti gore ba rute batho ba gagwe le go ba thusa gore ba ungwe maungo a a molemo.

Le fa go ntse jalo, “balemi” bao ba ne ba sotla “batlhanka” ba ba romilweng kwa go bone ba bo ba ba bolaya. Jesu o tlhalosa jaana: “Foo mong wa tshimo eo ya morara o ne a roma morwawe yo o rategang kwa go bone a ithaya a re, ‘Ba tla tlotla morwaake.’ Le fa go ntse jalo, balemi bao ba ne ba raana ba re, ‘Yono ke moruaboswa. Tlang, a re mmolayeng, mme boswa jwa gagwe e tla nna jwa rona.’ Ka jalo, ba ne ba mo tshwara, ba mmolaya, ba bo ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya morara.”—Mareko 12:6-8.

Jaanong Jesu o ba botsa jaana: “Mong wa tshimo ya morara o tla dira eng?” (Mareko 12:9) Baeteledipele ba bodumedi ba mo raya ba re: “E re ka ba le bosula, o tla ba bolaya a bo a hirisetsa balemi ba bangwe tshimo ya morara, ba ba tla mo nayang maungo fa e nna paka ya one.”—Mathaio 21:41.

Ka jalo, ba ikatlhola ba sa lemoge, ka gonne ke bangwe ba “balemi” ba “tshimo ya morara” ya ga Jehofa, e leng setšhaba sa Iseraele. Maungo a Jehofa a a solofetseng mo baleming bano a akaretsa go dumela mo go Morwawe, yo e leng ene Mesia. Jesu o ba tlhoma matlho a bo a re: “A lo ne lo ise lo ke lo bale lokwalo lono: ‘Leje le baagi ba neng ba le gana, jaanong le fetogile leje le legolo la sekhutlo. Leje leno le tswa kwa go Jehofa, mme le a kgatlha’?” (Mareko 12:10, 11) Go tswa foo o tlhalosa ntlha ya gagwe sentle, a re: “Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, Bogosi Jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona mme bo tla newa batho ba ba dirang thato ya Modimo.”—Mathaio 21:43.

Bakwadi le baperesiti ba bagolo ba lemoga gore Jesu “o ne a bua setshwantsho seo a akantse ka bone.” (Luke 20:19) Go feta le fa e le leng pele, seno se dira gore ba batle go mmolaya, ene yo e leng “moruaboswa.” Mme gone ba boifa boidiidi jwa batho ba ba leng foo, ba ba dumelang gore Jesu ke moporofeti. Ka jalo ga ba leke go mmolaya ka yone nako eo.