Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 111

Baaposetoloi ba Kopa Sesupo

Baaposetoloi ba Kopa Sesupo

MATHAIO 24:3-51 MAREKO 13:3-37 LUKE 21:7-38

  • BARUTWA BA LE BANÊ BA KOPA SESUPO

  • SESUPO KA NAKO YA BAAPOSETOLOI LE MORAGO GA MOO

  • RE TSHWANETSE GO NNA RE DISITSE

Ke Labobedi thapama, mme letsatsi la Nisane 11 le tloga le wela. Malatsai a bofelo a ga Jesu a go tshwarega ka tiro e a ntseng a e dira mo lefatsheng, le one a tloga a fela. Motshegare o ne a ruta mo tempeleng, mme bosigo o ne a ya go lala kwa motseng wa Bethani. Batho ba le bantsi ba ntse ba kgatlhegela molaetsa wa gagwe, ka jalo ‘phakela ba ne ba tla kwa go ene mo tempeleng ba tla go mo reetsa.’ (Luke 21:37, 38) Jaanong dilo tseno tsotlhe di fetile, mme Jesu o ntse mo Thabeng ya Lotlhware o na le Petere, Anderea, Jakobe le Johane.

Baaposetoloi bano ba banê ba tlile kwa go ene kwa thoko. Ba tshwenyegile ka tempele ka gonne Jesu o sa tswa go bolelela pele gore ga go na leje lepe la yone le le tla tlogelwang mo godimo ga le lengwe. Mme gone, go na le dilo tse dingwe gape tse ba akantseng ka tsone. Pele ga moo, Jesu o ne a ba rotloetsa jaana: “Nnang lo ipaakantse, ka gonne Morwa motho o tla tla ka nako e lo sa e lebelelang.” (Luke 12:40) Gape o ne a bua ka ‘letsatsi fa Morwa motho a tla bo a senolwa.’ (Luke 17:30) A mafoko ano a ka tswa a amana ka tsela nngwe le se a sa tswang go se bua ka tempele? Baaposetoloi bano ba swegaswega pelo, ba batla go itse. Ba mo raya ba re: “Re bolelele, dilo tseno di tla direga leng, mme sesupo sa gore o gone le sa gore ke malatsi a bofelo e tla nna eng?”—Mathaio 24:3.

Ba ka tswa ba akantse ka tempele e ba e bonang gaufi le bone. Gape ba mmotsa ka go nna gone ga Morwa motho. Ba ka tswa ba akantse ka setshwantsho se Jesu a ileng a se bua sa “monna mongwe yo o tswang mo lelapeng la batlotlegi” yo o neng ‘a ya kwa lefatsheng le le kgakala gore a ye go tlhomiwa go nna kgosi go tswa foo a bo a boa.’ (Luke 19:11, 12) Mme gape ba ipotsa gore “malatsi a bofelo” a tla akaretsa eng.

Jesu o ba araba ka tsela e e utlwalang sentle a ba naya sesupo se se tla ba thusang go lemoga gore tsamaiso ya Sejuda e tla fela leng, go akaretsa le go senngwa ga tempele ya yone. Mme o ba naya dintlha tse di oketsegileng. Sesupo seno se tla thusa Bakeresete mo nakong e e tlang gore ba lemoge gore ke leng ba tla bong ba tshela mo nakong ya ‘go nna gone ga gagwe’ le gore bokhutlo jwa lefatshe lotlhe bo tla bo bo le gaufi.

Fa dingwaga di ntse di ya, baaposetoloi ba bona boporofeti jono jwa ga Jesu bo diragala. Bontsi jwa dilo tse a neng a di bolelela pele di simolola go direga ba sa ntse ba tshela. Ka jalo, Bakeresete ba ba nnang ba ntshitse matlho dinameng, ba ba tla bong ba tshela dingwaga di le 37 moragonyana ka 70 C.E., ga ba kitla ba gakgamala fa ba bona tsamaiso ya Sejuda le tempele ya yone di senngwa. Le fa go ntse jalo, dilo tse Jesu a di boleletseng pele ga di direge tsotlhe mo dingwageng tsa pele ga 70 C.E., go akaretsa le ngwaga oo. Mme gone, ke eng gape se se tla bontshang gore ke nako ya gore o gone e le kgosi? Jesu o araba baaposetoloi ba gagwe.

O bolelela pele gore go tla nna le “dintwa le dipego tsa dintwa” le gore “setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe.” (Mathaio 24:6, 7) Gape a re “go tla nna le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le malwetse a leroborobo mo mafelong ka go latelana.” (Luke 21:11) Jesu o tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Batho ba tla lo tshwara ba bo ba lo bogisa, ba lo isa kwa disinagogeng le kwa dikgolegelong.” (Luke 21:12) Baporofeti ba maaka ba tla timetsa batho ba le bantsi. Bosula bo tla oketsega e bile lorato lwa batho ba le bantsi lo tla fela. Mo godimo ga moo, o tlhalosa gore “dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe, mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

Le fa gone boporofeti jwa ga Jesu bo diragadiwa ka ditsela dingwe pele ga Baroma ba senya Jerusalema le ka nako ya go senngwa ga motse oo, a Jesu a ka tswa a kaya gore boporofeti jono bo tla diragadiwa gape moragonyana ka tsela e kgolwane? A o kgona go bona bosupi jwa gore boporofeti jono jwa ga Jesu bo ntse bo direga ka tsela e kgolwane mo motlheng wa rona?

Sengwe sa dilo tse Jesu a buang ka tsone mo sesupong sa gore o gone, ke go bonala ga “selo se se ferosang sebete se se bakang tshenyo.” (Mathaio 24:15) Ka 66 C.E., selo se se ferosang sebete se ne sa tlhagelela e le “masole” a Roma, a tshotse difolaga tsa medingwana ya bone ya maaka. Baroma ba ne ba dikologa Jerusalema ba bo ba diga dingwe tsa dipota tsa yone. (Luke 21:20) Ka jalo, “selo se se ferosang sebete” se eme fa se sa tshwanelang go ema gone, mo lefelong le Bajuda ba le tsayang “le le boitshepo.”

Jesu o tswelela ka go bolelela pele jaana: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e iseng e tsamaye e nne teng fa e sa le lefatshe le nna teng go fitlha jaanong, e bile ga e kitla e nna teng gape.” Ka 70 C.E., Baroma ba ne ba senya Jerusalema. Go senngwa ga ‘motse oo o o boitshepo’ wa Bajuda le tempele ya one, go ne ga itshupa e le pitlagano e kgolo e bile go ne ga bolawa batho ba le bantsi. (Mathaio 4:5; 24:21) Tshenyego eno, e kgolo thata go feta e e kileng ya diragalela motse ono le e Bajuda ba kileng ba e bona, e bile e fedisa tsela e Bajuda ba ntseng ba obamela ka yone ka dingwagangwaga. Mme gone, moragonyana mafoko ano a boporofeti jwa ga Jesu a tla diragala gape ka tsela e kgolwane mme e le e e tshosang thata.

GO NNA LE TSHOLOFELO KA NAKO YA BOKHUTLO

Motlotlo wa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe o o ka ga sesupo sa gore o gone e le kgosi le sa malatsi a bofelo, o sa ntse o le kgakala le go fela. Jaanong o ba tlhagisa gore ba se ka ba latela “bo-Keresete ba maaka le baporofeti ba maaka.” O tlhalosa gore batho bano ba tla dira maiteko “gore fa go kgonega, ba tsietse le ba ba tlhophilweng.” (Mathaio 24:24) Mme gone ba ba tlhophilweng ga ba kitla ba tsietsega. Bo-Keresete ba maaka ba kgona go bonwa ke batho. Go farologana le bone, Jesu ene fa a simolola go busa ga a kitla a bonwa ke batho.

Fa Jesu a bua ka pitlagano e kgolo thata e e tla nnang gone kwa bokhutlong jwa lefatshe leno, a re: “Letsatsi le tla fifala, ngwedi ga e kitla e ntsha lesedi la yone, e bile dinaledi di tla wa kwa legodimong, mme dilo tse di kwa magodimong di tla reketlisiwa.” (Mathaio 24:29) Baaposetoloi ba ba reeditseng tlhaloso eno e e tshosang, ga ba itse gore sentlentle ke eng se se tlileng go direga, mme gone ba lemoga gore go tlile go nkga go sa bola.

Ditiragalo tseno tse di tshosang di tla ama batho jang? Jesu a re: “Batho ba tla idibala ka ntlha ya letshogo le ka ntlha ya dilo tse ba lebeletseng gore di tla diragala mo lefatsheng, ka gonne dilo tse di kwa magodimong di tla reketlisiwa.” (Luke 21:26) Tota Jesu o tlhalosa se e tla bong e le nako e e boima thata fa e sa le batho ba nna gone.

Se se kgatlhang ke gore Jesu o tlhalosetsa baaposetoloi ba gagwe gore ga se batho botlhe ba ba tla bong ba lela fa ‘Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo a na le maatla le kgalalelo e kgolo.’ (Mathaio 24:30) O setse a ba boleletse gore Modimo o tla tsaya kgato “ka ntlha ya ba ba tlhophilweng.” (Mathaio 24:22) Jaanong barutwa bano ba ba ikanyegang ba tshwanetse go tsibogela jang ditiragalo tseno tse di tshosang? Jesu o ba kgothatsa jaana: “Fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e atametse.”—Luke 21:28.

Mme gone, barutwa ba ga Jesu ba ba tla bong ba tshela ka nako eo e e boleletsweng pele, ba tla kgona go lemoga jang gore bokhutlo bo gaufi? Jesu o dira setshwantsho ka setlhare sa mofeige, a re: “Ka bonako fela fa dikalana tsa sone di simolola go gola di bo di ntsha matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi. Ka tsela e e tshwanang, le lona fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi, o fela fa dikgorong. Ammaaruri ke a lo bolelela, kokomana eno ga e kitla e fela go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.”—Mathaio 24:32-34.

Ka jalo, fa barutwa ba gagwe ba bona dikarolo tse dintsi tsa sesupo se a buileng ka sone di direga, ba tshwanetse go itse gore bokhutlo bo gaufi. Ke gone ka moo Jesu a kgothatsang barutwa ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ya botlhokwa, a re:

“Ga go na ope yo o itseng letsatsi leo kgotsa ura eo. Tota le baengele ba ba kwa magodimong le Morwa Modimo ga ba itse, go itse Rara fela. Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, nako ya go nna gone ga Morwa motho e tla nna fela jalo. Fela jaaka batho ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga Morwalela, ba ja, ba nwa, banna ba nyala le basadi ba nyalwa, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo arakeng ka lone, mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha Morwalela o tla o bo o ba fedisa botlhe, ka tsela e e tshwanang, nako ya fa Morwa motho a le gone e tla nna fela jalo.” (Mathaio 24:36-39) Jesu o gopotsa bareetsi ba gagwe gore Morwalela wa motlha wa ga Noa o ne wa ama lefatshe lotlhe, ka jalo bokhutlo jwa lefatshe le jone bo tla nna jalo.

Ga go pelaelo gore baaposetoloi ba ba reeditseng Jesu a le mo Thabeng ya Lotlhware, ba lemoga gore ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng. Jesu a re: “Le fa go ntse jalo, ikeleng tlhoko gore le ka motlha dipelo tsa lona di se ka tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka serai. Gonne le tla tlela batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng. Jaanong, nnang lo tsogile ka metlha lo rapela ka pelo yotlhe gore lo tle lo kgone go falola dilo tseno tsotlhe tse di tshwanetseng go diragala lo bo lo kgone go ema fa pele ga Morwa motho.”—Luke 21:34-36.

Le mo lekgetlong leno, Jesu o bontsha gore se a se bolelelang pele ga se kitla se direga ka selekanyo se sennye fela. Ga a bolelele pele ka ditiragalo tse di tla diregang mo dingwageng di le mmalwa fela le tse di tla amang motse wa Jerusalema kgotsa setšhaba sa Bajuda fela. O bua ka ditiragalo tse di tla ‘tlelang batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng.’

A re barutwa ba gagwe ba tlhoka go nna ba tsogile, ba disitse e bile ba ipaakantse. O gatelela tlhagiso eno ka go dira setshwantsho se sengwe a re: “Akanyang ka seno: Fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla tla ka nako efe bosigo, a ka bo a ile a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore legodu le tsene mo ntlong ya gagwe. Ka lebaka leno, le lona nnang lo ipaakantse, ka gonne Morwa motho o tla tla ka nako e lo sa e lebelelang.”—Mathaio 24:43, 44.

Jesu o tswelela ka go thusa balatedi ba gagwe gore ba nne le tsholofelo. O ba tlhomamisetsa gore fa boporofeti jono bo diragadiwa, go tla bo go na le “motlhanka” yo o nnang a le kelotlhoko e bile a dira tiro e a e abetsweng. Jesu o dirisa boemo jo baaposetoloi ba gagwe ba tla kgonang go bo tlhaloganya, a re: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang, yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, gore a ba neye dijo ka nako e e siameng? Ruri motlhanka yoo o tla itumela fa mong wa gagwe a goroga mme a mo fitlhela a dira jalo! Ammaaruri ke a lo bolelela, mong wa gagwe o tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” Mme gone, fa “motlhanka” yono a simolola go dira dilo tse di bosula le go sa tshware batlhanka ba bangwe sentle, mong wa gagwe “o tla mo otlhaya botlhoko.”—Mathaio 24:45-51; bapisa Luke 12:45, 46.

Gone Jesu ga a reye gore batlhanka ba gagwe ba bangwe ba tlile go nna bosula. Jaanong ke thuto efe e a batlang go e ruta barutwa ba gagwe? O batla gore ba nne ba le kelotlhoko e bile ba dira tiro e ba e abetsweng, mme o tlhalosa seno sentle ka go dira setshwantsho se sengwe.