Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 112

Setshwantsho Sa Makgarebane a le Lesome

Setshwantsho Sa Makgarebane a le Lesome

MATHAIO 25:1-13

  • JESU O DIRA SETSHWANTSHO SA MAKGAREBANE A LE LESOME

Jesu o sa tswa go araba potso ya baaposetoloi ba gagwe e e amanang le sesupo sa gore o gone le sa malatsi a bofelo. Jaanong o ba naya kgakololo e e botlhale a dirisa setshwantsho se sengwe gape. Go diragadiwa ga sone go tla lemogiwa ke ba ba tla bong ba tshela ka nako ya go nna gone ga gagwe.

O simolola setshwantsho sa gagwe ka go bua jaana: “Bogosi jwa magodimo bo ka tshwantshiwa le makgarebane a le lesome a a neng a tsaya dipone tsa one mme a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi. A le matlhano a ne a le dieleele, mme a le matlhano a ne a le botlhale.”—Mathaio 25:1, 2.

Jesu ga a reye gore halofo ya barutwa ba gagwe ba ba tla ruang Bogosi jwa magodimo ke dieleele mme halofo e nngwe ya bone ba botlhale. Go na le moo, o gatelela ntlha ya gore mo kgannyeng eno ya Bogosi, mongwe le mongwe wa baaposetoloi ba gagwe a ka itlhophela go ntsha matlho dinameng kgotsa go iteega tsebe. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a belaele gore mongwe le mongwe wa barutwa ba gagwe a ka kgona go tswelela a ikanyega mme a segofadiwa ke Rraagwe.

Mo setshwantshong seno, makgarebane otlhe a a lesome a ya go amogela monyadi a bo a itumelela lenyalo le ene. Fa monyadi a goroga, makgarebane ano a tla bonesa tsela ka dipone tsa bone, e le go mmontsha tlotlo fa a tlisa monyadiwa wa gagwe mo lefelong le a le baakanyeditsweng. Ke eng se se diregang morago ga foo?

Jesu o tlhalosa jaana: “A a dieleele a ne a tsaya dipone mme a sa tsaya leokwane, mme a a botlhale one a ne a tsaya dipone tsa one le leokwane le lengwe ka mabotlolo. E re ka monyadi a ne a diega, makgarebane ano otlhe a ne a otsela a bo a robala.” (Mathaio 25:3-5) Monyadi ga a goroge ka bonako jaaka ba lebeletse. Go bonala a tsaya lobaka mo makgarebane ano a felelang a robala. Baaposetoloi ba ka tswa ba gakologelwa se Jesu a ileng a tlotla ka sone ka monna yo o tswang mo lelapeng la batlotlegi, yo o neng a tsamaya mme ‘a bo a boa fa a sena go tlhomiwa go nna kgosi.’—Luke 19:11-15.

Mo setshwantshong seno sa makgarebane a a lesome, Jesu o tlhalosa se kgabagare se diregang fa monyadi a goroga, a re: “Bosigogare batho ba ne ba goeletsa ba re: ‘Monyadi ke yoo! Tswang lo ye go mo kgatlhantsha.’” (Mathaio 25:6) A makgarebane ano a ipaakantse e bile a ntshitse matlho dinameng?

Jesu o tswelela a re: “Foo makgarebane ao otlhe a ne a tsoga mme a baakanya dipone tsa one. A a dieleele a ne a raya a a botlhale a re, ‘Re tsheleleng leokwane ka gonne dipone tsa rona di tloga di tima.’ A a botlhale a ne a araba a re: ‘Gongwe le ka se re lekane rotlhe. Bogolo yang kwa go ba ba rekisang leokwane mme lo ithekele.’”—Mathaio 25:7-9.

Makgarebane a matlhano a a dieleele, ga a ntsha matlho dinameng e bile ga a ipaakanyetsa go goroga ga monyadi. Ga ba a tshola leokwane le le lekaneng gore dipone tsa bone di nne di tshubile mme ba tshwanelwa ke go ya go le batla. Jesu o tlhalosa jaana: “Fa ba sa ntse ba ile go le reka, monyadi o ne a goroga. Makgarebane a a neng a ipaakantse a ne a tsena le ene mo moketeng wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa. Morago ga moo, makgarebane a mangwe le one a ne a tla a bo a re, ‘Rra, Rra, re bulele!’ Monyadi o ne a re, ‘Tota nna ga ke lo itse.’” (Mathaio 25:10-12) Ruri go utlwisa botlhoko go bo ba sa ipaakanya le go ntsha matlho dinameng!

Baaposetoloi ba kgona go bona gore Jesu ke ene monyadi yo go buiwang ka ene. Tota e bile, pelenyana ga foo o ne a itshwantsha le monyadi. (Luke 5:34, 35) Makgarebane one a tshwantshetsa bo mang? Fa Jesu a bua ka “letsomanyane” le le tla newang Bogosi, o ne a dirisa mafoko ano: “Aparang mme lo nne lo ipaakantse e bile lo tshube dipone tsa lona.” (Luke 12:32, 35) Ka jalo, baaposetoloi ba lemoga gore mo setshwantshong seno sa makgarebane Jesu o bua ka barutwa ba ba ikanyegang ba ba jaaka bone. Mme gone, ke molaetsa ofe o Jesu a o gatelelang ka setshwantsho seno?

Jesu ga a tlogele baaposetoloi ba gagwe ba eme tlhogo fela. O konela setshwantsho sa gagwe jaana: “Ka jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le nako.”—Mathaio 25:13.

Go bonala sentle gore Jesu o kgothaletsa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang gore ka nako ya go nna gone ga gagwe, ba tla tlhoka ‘go nna ba disitse.’ O tla tla, mme ba tlhoka go nna ba ipaakantse le go nna ba ntshitse matlho dinameng fela jaaka makgarebane a matlhano a a botlhale, gore ba se ka ba felelwa ke tsholofelo e ba nang le yone mme ba latlhegelwa ke tuelo ya go nna baruaboswa.