Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 113

Setshwantsho sa Ditalenta

Setshwantsho sa Ditalenta

MATHAIO 25:14-30

  • JESU O DIRA SETSHWANTSHO SA DITALENTA

Fa Jesu a sa ntse a le mo Thabeng ya Lotlhware le baaposetoloi ba gagwe ba banê, o ba bolelela setshwantsho se sengwe gape. Malatsi a se kae a a fetileng, fa a ne a le kwa Jeriko, o ne a dira setshwantsho sa madi a selefera go bontsha gore Bogosi bo ne bo sa ntse bo le kgakala le go tla. Setshwantsho se a se dirang gone jaanong, se tshwana le seo ka dilo dingwe. Ke karolo ya potso e ba mmoditseng yone ka go nna gone ga gagwe le ka malatsi a bofelo. Se gatelela gore barutwa ba tshwanetse go dira ka natla mo tirong e a ba nayang yone.

Jesu o simolola jaana: “Bogosi jwa magodimo bo ka tshwantshiwa le monna yo o tlogang a tsaya loeto a ya kwa nageng e e kgakala yo o neng a bitsa batlhanka ba gagwe a bo a ba naya dilo tsa gagwe.” (Mathaio 25:14) E re ka Jesu a kile a itshwantsha le monna yo o neng a ya kwa lefatsheng le le kgakala “gore a ye go tlhomiwa go nna kgosi,” baaposetoloi bano ba kgona go lemoga motlhofo fela gore Jesu ke ene “monna” yo go buiwang ka ene mo setshwantshong se a se dirang gone jaanong.—Luke 19:12.

Pele ga monna yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno a tsaya loeto, o naya batlhanka ba gagwe dilo tse di tlhwatlhwakgolo. Mo dingwageng tse tharo le halofo tse Jesu a di feditseng a dira bodiredi jwa gagwe, o ne a tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo, e bile o ile a katisa barutwa ba gagwe gore ba dire tiro eno. Gone jaanong o a tsamaya, mme o tlhatswegile pelo gore ba tla tswelela ba dira tiro eno e a ba katiseditseng yone.—Mathaio 10:7; Luke 10:1, 8, 9; bapisa Johane 4:38; 14:12.

Mo setshwantshong seno, monna yo go buiwang ka ene o aba dilo tsa gagwe jang? Jesu a re: “O ne a naya yo mongwe ditalenta di le tlhano, yo mongwe di le pedi, mme yo mongwe e le nngwe. O ne a naya mongwe le mongwe go ya ka bokgoni jwa gagwe a bo a ya kwa nageng e e kgakala.” (Mathaio 25:15) Batlhanka bano ba tla dira eng ka dilo tse ba di neilweng? A ba tla dira ka natla gore mong wa bone a solegelwe molemo? Jesu o raya baaposetoloi bano a re:

“Ka bonako fela, yo o neng a amogetse ditalenta di le tlhano o ne a tsamaya a bo a dira kgwebo ka tsone mme a bona ditalenta tse dingwe tse tlhano. Ka tsela e e tshwanang, yo o neng a amogetse di le pedi o ne a bona tse dingwe tse pedi. Mme motlhanka yo o neng a amogetse e le nngwe fela o ne a tsamaya a bo a epela madi a mong wa gagwe mo mmung.” (Mathaio 25:16-18) Go tla direga eng fa mong wa bone a boa?

Jesu o tswelela jaana: “Morago ga nako e telele, mong wa batlhanka bao o ne a tla go tsaya madi a gagwe.” (Mathaio 25:19) Batlhanka ba babedi ba ne ba dira sotlhe ba ka se kgonang, “mongwe le mongwe go ya ka bokgoni jwa gagwe.” Mongwe le mongwe wa bone o ne a dira ka natla gore a atise se mong wa gagwe a mo neileng sone. Yo o neng a neilwe ditalenta tse tlhano, o ne a di oketsa ka tse tlhano, le yo o neng a neilwe tse pedi, o ne a di oketsa ka tse pedi. (Mo metlheng eo, modiri o ne a tshwanelwa ke go bereka dingwaga di ka nna 20 gore a nne le madi a a lekanang le talenta.) Mong wa bone o ba akgola ka tsela e e tshwanang, a re: “O berekile, o motlhanka yo o molemo e bile o a ikanyega! O ne wa ikanyega mo dilong di le mmalwa. Ke tla go tlhoma gore o tlhokomele dilo di le dintsi. Itumele le mong wa gago.”—Mathaio 25:21.

Le fa go ntse jalo, motlhanka yo o neng a neilwe talenta e le nngwe o ne a dira se se farologaneng. A re: “Mong wa me, ke ne ke itse gore o motho yo o bogale, ka gonne o roba kwa o sa jalang gone e bile o phutha dijalo tse o sa di berekelang. Ka jalo, ke ne ka tshoga mme ka ya go fitlha talenta ya gago mo mmung. Jaanong tsaya se e leng sa gago.” (Mathaio 25:24, 25) Ga a leka go tsenya madi ao mo bankeng gore bogolo a direle mong wa gagwe morokotso. Tota ga a dira se mong wa gagwe a neng a se lebeletse.

Go a utlwala go bo mong wa gagwe a re ke ‘motlhanka yo o bosula le yo o setshwakga.’ Se a nang le sone se tsewa mo go ene se bo se newa motlhanka yo o ikemiseditseng go dira ka natla. Mong wa bone o baya molao ono: “Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng mme o tla nna le mo gontsi. Mme yo o se nang sepe, tota le se a nang le sone se tla tsewa mo go ene.”—Mathaio 25:26, 29.

Barutwa ba ga Jesu ba na le dilo tse dintsi tse ba ka akanyang ka tsone, go akaretsa le dintlha tse ba di utlwileng mo setshwantshong seno. Ba kgona go lemoga gore se Jesu a ba nayang sone, e leng tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo ya go dira barutwa, se botlhokwa fela thata. Mme o lebeletse gore ba dire ka natla fa ba ntse ba diragatsa boikarabelo jono. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a reye gore ba tshwanetse go dira mo go lekanang mo tirong eno ya go rera. Jaaka a tlhalositse mo setshwantshong, mongwe le mongwe o tshwanetse go dira sotlhe se a se kgonang “go ya ka bokgoni jwa gagwe.” Seno ga se reye gore Jesu o tla itumelela motho “yo o setshwakga” le yo o palelwang ke go dira ka natla gore a atise dilo tsa Mong wa gagwe.

Mme gone, baaposetoloi bano ba tshwanetse ba bo ba itumelela go utlwa mafoko ano a a kgothatsang: “Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng”!