Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 114

Fa Keresete a Tla, o Tla Atlhola Dinku le Dipodi

Fa Keresete a Tla, o Tla Atlhola Dinku le Dipodi

MATHAIO 25:31-46

  • JESU O DIRA SETSHWANTSHO SA DINKU LE DIPODI

Jesu o mo Thabeng ya Lotlhware, mme o sa tswa go dira setshwantsho sa makgarebane a a lesome le sa ditalenta. O konela jang karabo ya potso e baaposetoloi ba mmoditseng yone, e e amanang le sesupo sa gore o gone le sa malatsi a bofelo? O dira jalo ka go dira setshwantsho sa bofelo se se buang ka dinku le dipodi.

Jesu o simolola ka go ba bolelela jaana: “Fa Morwa motho a tla a na le taolo e kgolo, mme baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang.” (Mathaio 25:31) O dira gore go bonale sentle gore ke ene moanelwamogolo mo setshwantshong seno. Gantsi o ne a ipitsa “Morwa motho.”—Mathaio 8:20; 9:6; 20:18, 28.

Setshwantsho seno se tla diragadiwa leng? Se tla diragadiwa fa Jesu “a tla a na le taolo e kgolo” a na le baengele a bo a nna “mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang.” O setse a kile a bua ka “Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo a na le maatla le kgalalelo e kgolo” a na le baengele ba gagwe. Seo se tla direga leng? “Ka bonako fela morago ga pitlagano.” (Mathaio 24:29-31; Mareko 13:26, 27; Luke 21:27) Ka jalo, setshwantsho seno se tla diragadiwa mo nakong e e tlang fa Jesu a tla a na le kgalalelo. O tla dira eng ka nako eo?

Jesu o tlhalosa jaana: “Fa Morwa motho a tla . . . , ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. Mme o tla baya dinku ka fa seatleng sa gagwe sa moja, mme dipodi ka fa molemeng wa gagwe.”—Mathaio 25:31-33.

Jesu o bua jaana ka dinku tse di ka fa mojeng: “Go tswa foo, Kgosi e tla raya ba ba ka fa mojeng wa yone e re: ‘Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang Bogosi jo lo bo baakanyeditsweng fa e sa le batho ba bopiwa.’” (Mathaio 25:34) Goreng Kgosi e amogela dinku tseno?

Kgosi e tlhalosa jaana: “Ke ne ka tshwarwa ke tlala mme lwa mpha dijo; ke ne ka tshwarwa ke lenyora mme lwa ntshiela metsi. Ke ne ke le motswakwa mme lwa nkamogela sentle; ke ne ke sa apara, mme lwa nkapesa. Ke ne ka lwala mme lwa ntlhokomela. Ke ne ke le kwa kgolegelong mme lwa ya go ntlhola.” Fa dinku tseno, e leng “basiami,” di botsa gore di kile tsa dira dilo tseno tse di siameng leng, Kgosi e di araba e re: “Dilo tsotlhe tse lo neng lwa di direla yo mmotlana thata mo go bomorwarre bano, lo ne lwa di direla nna.” (Mathaio 25:35, 36, 40, 46) Ga se gore di dira ditiro tseno tse di siameng kwa legodimong, ka gonne ga go na batho ba ba lwalang kgotsa ba ba bolawang ke tlala koo. Tseno e tshwanetse ya bo e le ditiro tse di direlwang bomorwarraagwe Keresete mo lefatsheng.

Go tla direga eng ka dipodi tse di ka fa molemeng? Jesu a re: “Go tswa foo [Kgosi] e tla raya ba ba ka fa molemeng wa yone e re: ‘Tswang fa go nna. Modimo o lo atlhotse. Yang kwa molelong o o sa khutleng o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe. Ka gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme lwa se ka lwa mpha dijo, ke ne ka tshwarwa ke lenyora, mme lwa se ka lwa ntshiela metsi. Ke ne ke le motswakwa, mme lwa se ka lwa nkamogela sentle; ke ne ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ke ne ke lwala e bile ke le kwa kgolegelong, mme lwa se ka lwa ntlhokomela.’” (Mathaio 25:41-43) Katlholo eno e a tshwanela ka gonne dipodi di ile tsa palelwa ke go thusa bomorwarraagwe Keresete ba ba mo lefatsheng, jaaka di tshwanetse go dira.

Baaposetoloi bano ba lemoga gore katlholo eno e e tla dirwang mo nakong e e tlang, e tla nna le ditlamorago tse di nnelang ruri. Jesu o ba raya a re: “Mme [Kgosi e tla re]: ‘Ammaaruri ke a lo bolelela, dilo tsotlhe tse lo neng lwa se ka lwa di direla yo mmotlana thata mo go bomorwarre bano, lo ne lwa se ka lwa di direla nna.’ Mme bano ba tla fedisiwa, mme basiami ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:45, 46.

Tsela e Jesu a arabang potso ya baaposetoloi ka yone, e dira gore barutwa ba gagwe ba nne le mo gontsi mo ba ka akanyang ka gone, e bile e ba thusa gore ba ele tlhoko dikakanyo le ditiro tsa bone.