Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 115

Tlolaganyo ya Bofelo ya ga Jesu e a Atamela

Tlolaganyo ya Bofelo ya ga Jesu e a Atamela

MATHAIO 26:1-5, 14-19 MAREKO 14:1, 2, 10-16 LUKE 22:1-13

  • JUDASE ISEKARIOTA O DUELELWA GORE A REKISE JESU

  • BAAPOSETOLOI BA BABEDI BA BAAKANYETSA TLOLAGANYO

Jesu o sa tswa go ruta baaposetoloi ba gagwe ba banê kwa Thabeng ya Lotlhware le go araba potso e ba mmoditseng yone ka go nna gone ga gagwe le ka malatsi a bofelo.

Ruri go ntse go tlhanasela ka Nisane 11! Gongwe ba ka tswa ba boela kwa Bethani go ya go lala teng fa Jesu a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Lo a itse gore malatsi a le mabedi go tloga jaanong e tla bo e le Tlolaganyo, mme Morwa motho o tla tsenngwa mo diatleng tsa batho gore ba mmolaele mo koteng.”—Mathaio 26:2.

Go bonala mo letsatsing le le latelang la Laboraro Jesu a tlhola le baaposetoloi ba gagwe. Mo letsatsing le le fetileng, o ile a kgala baeteledipele ba bodumedi e bile a ba senola phatlalatsa. Ba batla go mmolaya. Ka jalo, ga a tlhagelele mo bathong ka Nisane 12 gore a se ka a kgorelediwa ke sepe go keteka Tlolaganyo le baaposetoloi ba gagwe, fa letsatsi le sena go phirima mo maitseboeng a letsatsi le le latelang, fa Nisane 14 e simologa.

Mme gone, mo malatsing a pele ga Tlolaganyo baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba batho, ga ba kgone go didimala. Ba phuthegela mo lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo e bong Kaiafase. Goreng? Ba galefile ka gonne Jesu o ntse a ba senola. Jaanong ba loga leano la gore ba ‘mo tshware ba dirisa maano a boferefere mme ba mmolaye.’ Ba tla dira seno jang, le gone ba tla se dira leng? Ba re: “E seng kwa moletlong, gore batho ba tle ba se ka ba tsosa dikhuduego.” (Mathaio 26:4, 5) Ba a boifa ka gonne Jesu o ratiwa ke batho ba le bantsi.

Fa baeteledipele bano ba bodumedi ba ntse ba le foo, ba etelwa ke mongwe. Ba gakgamadiwa ke gore ke mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu, Judase Isekariota. Satane o mo tlhotlheleditse gore a nne le kakanyo ya go rekisa Mong wa gagwe! Judase o ba botsa jaana: “Lo tla nnaya eng gore ke lo mo neele?” (Mathaio 26:15) Ba itumelela go utlwa seno, ka jalo “ba dumalana gore ba tla mo naya madi a selefera.” (Luke 22:5) Ba tla mo naya bokae? Ba dumalana gore ba tla mo naya madi a selefera a le 30. Madi ano e ka tswa e le dishekele di le 30, e leng tlhwatlhwa e motlhanka a rekisiwang ka yone. (Ekesodo 21:32) Seno se bontsha gore baeteledipele bano ba bodumedi ba nyatsa Jesu e bile ba mo tsaya a se na boleng. Jaanong Judase o simolola “go batla nako e e siameng ya gore a ba rekisetse Jesu go se na batho.”—Luke 22:6.

Letsatsi la Nisane 13 le simologa ka Laboraro fa letsatsi le sena go phirima, mme jono ke bosigo jwa bofelo Jesu a lala kwa Bethani. Mo letsatsing le le latelang, ba tla tshwanelwa ke go dira dithulaganyo tsa bofelo tsa go baakanyetsa Tlolaganyo. Ba tshwanetse go batla kwana e ba tla e bolayang ba bo ba e besa e feletse fa Nisane 14 e sena go simologa. Ba tla jela Tlolaganyo kae mme ke mang yo o tla ba baakanyetsang? Jesu ga a ise a ba bolelele dintlha tseno. Ka jalo, Judase a ka se kgone go di bolelela baperesiti ba bagolo.

Gongwe thapama ya Labone ke gone e simologang, Jesu o roma Petere le Johane kwa Bethani, a re: “Tsamayang lo ye go re baakanyetsa Tlolaganyo gore re je.” Ba mo raya ba re: “O batla gore re ye go e baakanyetsa kae?” O ba raya a re: “Fa lo tsena mo motseng lo tla kopana le monna mongwe a rwele nkgo ya metsi. Lo mo sale morago lo bo lo tsena mo ntlong e a tsenang mo go yone. Mme lo reye mong wa ntlo eo lo re, ‘Moruti a re: “Phaposi ya baeng e nka jelang Tlolaganyo le barutwa ba me mo go yone e kae?”’ Mme monna yoo o tla lo bontsha phaposi e kgolo e e kwa godimo e na le dilo tse di tlhokegang. Lo re baakanyetseng gone koo.”—Luke 22:8-12.

Ga go pelaelo gore mong wa ntlo eno ke morutwa wa ga Jesu. A ka tswa a ne a solofetse gore Jesu o tla batla go dirisa ntlo ya gagwe gore ba jele Tlolaganyo mo go yone. Fa baaposetoloi ba babedi bano ba tsena kwa Jerusalema, ba fitlhela dilo tsotlhe di ntse fela jaaka Jesu a ba boleletse. Ka jalo, ba tlhomamisa gore kwana e nna teng ba bo ba dira dithulaganyo tse dingwe go baakanya dijo tsa Tlolaganyo tse Jesu a tla di jang le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12.