Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 119

Jesu ke Tsela le Boammaaruri le Botshelo

Jesu ke Tsela le Boammaaruri le Botshelo

JOHANE 14:1-31

  • JESU O A TSAMAYA O YA GO BAAKANYA LEFELO

  • O SOLOFETSA BALATEDI BA GAGWE MOTHUSI

  • RARA O MOGOLO MO GO JESU

Jesu o kgothatsa baaposetoloi ba gagwe morago ga dijo tsa maitseboa, ba sa ntse ba le kwa phaposing e e kwa godimo, a re: “Lo se ka lwa tshwenyega. Dumelang mo Modimong; dumelang le mo go nna.”—Johane 13:36; 14:1.

Jesu o ba tlhalosetsa mabaka a go bo ba sa tshwanela go tshwenyega ka go tsamaya ga gagwe a re: “Mo ntlong ya ga Rre go na le mafelo a go nniwang mo go one a le mantsi. . . . Fa ke sena go tsamaya ke ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla boa gape ke tla go lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke leng gone, le lona lo tle lo nne gone.” Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ga ba lemoge gore Jesu o bua ka go ya legodimong. Thomase o botsa jaana: “Morena, ga re itse kwa o yang gone. Re ka itse tsela jang?”—Johane 14:2-5.

Jesu o araba jaana: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo.” Baaposetoloi ba ka kgona go tsena mo ntlong ya ga rraagwe fa fela ba amogela Jesu, dithuto tsa gagwe le go etsa tsela ya gagwe ya botshelo. Jesu a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa a sa tsene ka nna.”—Johane 14:6.

Filipo o kopa Jesu jaana: “Morena, re bontshe Rara, mme go tla bo go lekane.” Go bonala Filipo a batla go bona Modimo fela jaaka Moshe Elija le Isaia ba ile ba mmona mo di ponatshegelong. Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba na le sengwe se se gaisang diponatshegelo. Jesu o mo lemotsha seo ka go mo raya a re: “Filipo, ke sa bolo go nna le lona nako e telele jaana banna, le jaanong ga o ise o nkitse? Ope fela yo o mponeng o bone le Rara.” Botho jwa ga Jesu bo tshwana le jwa ga rraagwe; ke ka moo go tshela le ene le go ithuta ditsela tsa gagwe go tshwanang le fa o bone Rara. Ke boammaaruri gore Rre o Mogolo mo go Morwa, ke ka moo Jesu a reng: “Dilo tse ke di buang le lona ga ke di itlhamele.” (Johane 14:8-10) Baaposetoloi ba kgona go lemoga gore Jesu o dira gore rraagwe a tlotlomadiwe ka go ruta dithuto tsa ga rraagwe.

Baaposetoloi ba kile ba mmona a dira dikgakgamatso e bile a rera dikgang tse di molemo tsa boammaaruri tsa Bogosi Jwa Modimo. Jaanong o ba raya a re: “Ope fela yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno.” (Johane 14:12) Jesu ga a reye gore ba tla dira dikgakgamatso tse dikgolo go feta tse a di dirileng. Le fa go ntse jalo ba tla rera ka lobaka lo loleele, ba rera kwa mafelong a a kgakala e bile ba rerela batho ba le bantsi.

Go tsamaya ga ga Jesu ga go reye gore ba tla sala ba latlhegile ka gonne o ba solofetsa jaana: “Fa lo kopa sengwe ka leina la me, ke tla se dira.” Mo godimo ga moo o ba raya a re: “Ke tla kopa Rara gore a lo neye mothusi yo mongwe gore a tswelele a na le lona ka bosakhutleng.” (Johane 14:14, 16, 17) O ba tlhomamisetsa gore ba tla amogela moya o o boitshepo e le mothusi yo mongwe. Seno se direga ka letsatsi la Pentekosete.

Jesu a re: “Ka lobakanyana lefatshe ga le kitla le tlhola le mpona, mme lona lo tla mpona, ka gonne ke a tshela mme lo tla tshela.” (Johane 14:19) Jesu o tla bonala mo go bone ka mmele wa nama fa a se na go tsosiwa, mme gape fa nako e ntse e ya, o tla ba tsosa gore ba ye go tshela le ene kwa legodimong e le dibopiwa tsa moya.

Jaanong Jesu o bua boammaaruri jono jo bo utlwalang sentle: “Ope fela yo o amogelang ditaelo tsa me e bile a di ikobela, o a nthata. Mme ope fela yo o nthatang, Rre o tla mo rata, mme le nna ke tla mo rata e bile ke tla dira gore a nkitse ka botlalo.” Moaposetoloi Judase yo gape a bidiwang Thadaeo o mmotsa jaana: “Morena, ke ka ntlha yang fa o ikaeletse go re ikitsise ka botlalo mme o sa batle go ikitsise batho ba lefatshe ka botlalo?” Jesu o mo araba a re: “Fa mongwe a nthata, o tla ikobela lefoko la me, mme Rre o tla mo rata . . . Ope fela yo o sa nthateng ga a ikobele mafoko a me.” (Johane 14:21-24) Go farologana le balatedi ba ga Jesu, batho ba lefatshe ga ba lemoge gore Jesu ke tsela le boammaaruri le botshelo.

E re ka Jesu a tsamaya, Barutwa ba gagwe ba tla sala ba gakologelwa jang dilo tsotlhe tse Jesu a ba rutileng tsone? Jesu a re: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romelang ka leina la me, o tla lo ruta dilo tsotlhe o bo o lo gopotsa dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” Baaposetoloi ba setse ba bone ka fa moya o o boitshepo o leng maatla ka gone, ka jalo seno se a ba gomotsa. Jesu o oketsa jaana: “Ke lo tlogelela kagiso; ke lo naya kagiso ya me. . . . Lo se ka lwa tshwenyega kgotsa lwa boifa.” (Johane 14:26, 27) Ka jalo barutwa ga ba na lebaka la go tshwenyega—Rraagwe Jesu o tla ba ruta le go ba tlhokomela.

Go ise go ye kae bosupi jwa gore Modimo o a ba sireletsa bo tla bonala. Jesu a re: “Mmusi wa lefatshe o etla, mme ga a ka ke a kgona go ntshwara.” (Johane 14:30) Diabolo o ne a kgona go tsena mo go Judase a bo a mo laola. Mme gone Jesu ga a na bokoa bope jo Satane a ka bo dirisang go mo tlhotlheletsa gore a tlhanogele Modimo. Gape Diabolo ga a kitla a kgona go dira gore Jesu a se ka a tsosiwa mo baswing. Goreng? Jesu a re: “Ke dira fela jaaka Rara a ntaetse gore ke dire.” O tlhomamisegile gore Rraagwe o tla mo tsosa.—Johane 14:31.