Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 121

“Nnang Pelokgale! Ke Fentse Lefatshe”

“Nnang Pelokgale! Ke Fentse Lefatshe”

JOHANE 16:1-33

  • GO ISE GO YE KAE, BAAPOSETOLOI BA KA SE TLHOLE BA BONA JESU

  • KHUTSAFALO YA BAAPOSETOLOI E TLA FETOGA BOITUMELO

Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ipaakanyetsa go tswa mo phaposing e e kwa godimo e ba neng ba jela Tlolaganyo mo go yone. E re ka a ne a ntse a ba tlhagisa, o oketsa jaana: “Ke buile dilo tseno le lona gore lo tle lo se ka lwa felelwa ke tumelo.” Goreng tlhagiso eno e tshwanela? O ba raya a re: “Batho ba tla lo leleka mo sinagogeng. Tota e bile, nako e etla e mo go yone mongwe le mongwe yo o lo bolayang a tla ithayang a re o diretse Modimo tirelo e e boitshepo.”—Johane 16:1, 2.

Dikgang tseno di tshwanetse tsa bo di tshwenya baaposetoloi. Le fa gone Jesu a ne a ba boleletse pelenyana gore lefatshe le tlile go ba tlhoa, o ne a sa ba bolelela ka tlhamalalo gore ba ka nna ba bolawa. Goreng a ne a sa ba bolelele? A re: “Ga ke a ka ka lo bolelela dilo tseno kwa tshimologong, ka gonne ke ne ke na le lona.” (Johane 16:4) Jaanong o a ba tlhagisa pele ga a tsamaya. Seno se ka nna sa ba thusa gore moragonyana ba se ka ba felelwa ke tumelo.

Jesu o tswelela a re: “Ke ya kwa go Ene yo o nthomileng; le fa go ntse jalo ga go na ope wa lona yo o mpotsang go re, ‘O ya kae?’” Pelenyana mo maitseboeng ao, ba ne ba ile ba mmotsa gore o ya kae. (Johane 13:36; 14:5; 16:5) Mme jaanong ba hutsafetse thata ka gonne ba tshositswe ke mafoko a a a buileng a gore ba tlile go bogisiwa. Ka jalo, ba palelwa ke go mmotsa dipotso tse di oketsegileng ka kgalalelo e a tla nnang le yone kgotsa ka gore seo se tla kaya eng mo baobameding ba boammaaruri. Jesu o ba raya a re: “E re ka ke lo boleletse dilo tseno, dipelo tsa lona di tletse khutsafalo.”—Johane 16:6.

Go tswa foo o tswelela a re: “Go tsamaya ga me go lo solegela molemo. Gonne fa ke sa tsamaye, mothusi ga a kitla a tla mo go lona; mme fa ke tsamaya, ke tla mo romela kwa go lona.” (Johane 16:7) Fa Jesu a swa a bo a boela kwa legodimong, ke gone barutwa ba gagwe ba ka amogelang moya o o boitshepo, o a ka o romelelang batho ba gagwe gongwe le gongwe mo lefatsheng e le mothusi.

Moya o o boitshepo “o tla senola boleo jwa lefatshe. O tla bontsha gore [Jesu] o dira se se siameng e bile o tla bontsha lefatshe gore ke bomang ba Modimo a ba atlholang.” (Johane 16:8) Go tla senoga gore batho mo lefatsheng ba paletswe ke go dumela mo go Morwa Modimo. Fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, seo se tla naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore o ne a dira se se siameng, e bile se tla bontsha gore ke eng fa Satane, yo e leng “mmusi wa lefatshe leno,” a tshwanetse go atlholwa.—Johane 16:11.

Jesu o tswelela a re: “Ke sa ntse ke na le dilo di le dintsi tse ke tshwanetseng go di bua le lona, mme lo ka se kgone go di tlhaloganya gone jaanong.” Fa a ba tshololela moya o o boitshepo, moya oo o tla ba kaela gore ba tlhaloganye “boammaaruri ka botlalo,” e bile ba tla kgona go tshela go dumalana le boammaaruri joo.—Johane 16:12, 13.

Baaposetoloi ba gakgamadiwa ke mafoko a a latelang a Jesu a a buang: “Ka lobakanyana ga lo kitla lo mpona, mme gape, ka lobakanyana lo tla mpona.” Ba botsana gore o kaya eng. Jesu o lemoga gore ba batla go mmotsa kgang eno, ka jalo o ba tlhalosetsa jaana: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, lo tla lela lo bo lo bokolela, mme lefatshe lone le tla itumela; lo tla hutsafala, le fa go ntse jalo khutsafalo ya lona e tla fetoga boitumelo.” (Johane 16:16, 20) Fa Jesu a bolawa mo maitseboeng a letsatsi le le latelang, baeteledipele ba bodumedi ba a itumela, mme barutwa ba gagwe bone ba a hutsafala. Morago ga moo, khutsafalo ya bone e fetoga boitumelo fa Jesu a tsosiwa mo baswing! Mme boitumelo jwa bone bo a tswelela fa a ba tshololela moya o o boitshepo wa Modimo.

Jesu o tshwantsha boemo jwa baaposetoloi ba gagwe le jwa mosadi yo o mo ditlhabing tsa pelegi, a re: “Fa nako ya gore mosadi a belege e goroga, o nna mo ditlhabing, mme fa a sena go tshola ngwana, ga a tlhole a gakologelwa ditlhabi tseo ka gonne o itumelela gore o kgonne go tshola ngwana.” Jesu o ba kgothatsa jaana: “Le lona lo hutsafetse gone jaanong; mme ke tla lo bona gape, e bile dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go na ope yo o tla lo tseelang boitumelo joo.”—Johane 16:21, 22.

Go tla go fitlha mo nakong eno, baaposetoloi ga ba ise ba kope sepe ka leina la ga Jesu. Jaanong o ba raya a re: “Mo letsatsing leo lo tla kopa Rara ka leina la me.” Goreng ba tshwanetse go dira jalo? Ga se gore Rara ga a batle go ba reetsa. Tota e bile, Jesu o ba raya a re: “Rara ka boene o a lo rata, ka gonne lo nthatile . . . ke le moemedi wa Modimo.”—Johane 16:26, 27.

Mafoko ao a ga Jesu a tshwanetse a bo a ile a kgothatsa baaposetoloi gore ba bue ba tlhatswegile pelo ba re: “Seno ke sone se se dirang gore re dumele gore o tswa kwa Modimong.” Go ise go ye kae, go tlhatswega pelo ga bone go tlile go lekiwa. Tota e bile, Jesu o ba tlhalosetsa se se larileng kwa pele, a re: “Bonang, nako e etla, eleruri e fitlhile, e mo go yone mongwe le mongwe wa lona a tla tshabelang kwa ntlong ya gagwe mme lo tla ntlogela ke le nosi.” Mme gone o ba tlhomamisetsa jaana: “Ke buile dilo tseno le lona gore lo tle lo nne le kagiso ka ntlha ya me. Mo lefatsheng lo tla nna le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Johane 16:30-33) Ga se gore Jesu o a ba latlha. O tlhatswegile pelo gore fela jaaka a fentse lefatshe, le bone ba tla le fenya fa ba tswelela ba dira tiro ya Modimo ka boikanyegi le fa gone Satane le batho ba gagwe ba leka go dira gore ba se ka ba ikanyega.