Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 128

Pilato le Herode ga ba Bone Jesu Molato

Pilato le Herode ga ba Bone Jesu Molato

MATHAIO 27:12-14, 18, 19 MAREKO 15:2-5 LUKE 23:4-16 JOHANE 18:36-38

  • PILATO LE HERODE BA SEKASEKA DITATOFATSO TSA GA JESU

Jesu ga a leke go fitlhela Pilato gore tota ke kgosi. Mme gone Bogosi jwa gagwe ga bo na matshosetsi ape mo pusong ya Roma. Jesu a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa Bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme jaanong, Bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Ke boammaaruri gore Jesu o na le Bogosi, mme ga bo tswe mo lefatsheng leno.

Pilato ga a tlogele kgang eo fela foo. O mmotsa a re: “Mme jaanong a o kgosi?” Jesu o bolelela Pilato gore o opile kgomo lonaka, o mo raya a re: “Wena ka bowena wa re ke kgosi. Ke tsholetswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke bolelele batho ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la boammaaruri o reetsa lentswe la me.”—Johane 18:37.

Pelenyana Jesu o ne a bolelela Thomase jaana: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo.” Jaanong Pilato le ene o utlwa gore boikaelelo jwa go bo Jesu a rometswe mo lefatsheng ke gore a bolelele batho ka “boammaaruri,” segolobogolo boammaaruri ka Bogosi jwa gagwe. Jesu o ikemiseditse go tswelela a ikanyega mo boammaaruring joo, tota le fa seo se ka dira gore a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe. Pilato o mmotsa jaana: “Boammaaruri ke eng?” mme gone ga a emele gore Jesu a mo tlhalosetse. Pilato o akanya gore tshedimosetso e a setseng a e utlwile, e lekane gore a ka atlhola monna yono.—Johane 14:6; 18:38.

Pilato o boela kwa bathong ba ba letileng kwantle ga ntlo ya segosi. Go bonala Jesu a eme fa thoko ga gagwe fa a bolelela baperesiti ba bagolo le batho ba bangwe a re: “Ga ke bone molato ope mo monneng yono.” Batho bano ba galefisiwa ke tshwetso eo, ba bo ba re: “O fudua batho ka go ruta mo Judea yotlhe, o simolotse kwa Galalea go tla go fitlha fano.”—Luke 23:4, 5.

Pilato o tshwanetse a bo a gakgamadiwa ke ditatofatso tse di sa utlwaleng tsa Bajuda. Fa baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba batho ba ntse ba goa, Pilato o botsa Jesu a re: “A ga o utlwe gore batho bano ba ntsha bosupi jo bontsi jang ka wena?” (Mathaio 27:13) Jesu ga a mo arabe. Pilato o gakgamadiwa ke tsela e Jesu a ritibetseng ka yone le fa a latofadiwa ka tsela e e setlhogo.

Bajuda ba ne ba tlhalosa gore Jesu o ne a ‘simolotse kwa Galalea.’ Fa Pilato a batlisisa kgang eno, o lemoga gore tota Jesu ke Mogalalea. Seno se naya Pilato leano la gore a ka tila jang boikarabelo jwa go atlhola Jesu. Herode Antipase (morwa wa ga Herode yo Mogolo) ke mmusi wa Galalea, mme jaanong o mo Jerusalema mo pakeng eno ya Tlolaganyo. Ka jalo, Pilato o romela Jesu kwa go Herode. Herode Antipase ke ene a ileng a laela gore Johane Mokolobetsi a kgaolwe tlhogo. Moragonyana fa a ne a utlwa gore Jesu o ne a dira dikgakgamatso, o ne a tshwenyegile, a akanya gore Jesu e ka tswa e le Johane a tsositswe mo baswing.—Luke 9:7-9.

Jaanong Herode o itumelela gore o tlile go bona Jesu. Mme ga se ka ntlha ya gore o batla go thusa Jesu kgotsa go dira maiteko ape fela a go batla go itse se a latofadiwang ka sone. Herode o batla fela go kgotsofatsa keletso e a nang le yone ya go bona Jesu e bile o “solofetse go mmona a dira kgakgamatso nngwe.” (Luke 23:8) Le fa go ntse jalo , Jesu ga a kgotsofatse keletso eo ya ga Herode. Tota le fa Herode a botsa Jesu dipotso, Jesu ga a mo arabe. E re ka Herode le masole a gagwe ba swabile, ba “tlhabisa [Jesu] ditlhong.” (Luke 23:11) Ba mo apesa seaparo se sentlentle ba bo ba mo sotla. Go tswa foo, Herode o busetsa Jesu kwa go Pilato. Herode le Pilato ba ntse ba sa utlwane, mme jaanong ba nna ditsala tse dikgolo.

Fa Jesu a boa, Pilato o bitsa baperesiti ba bagolo, babusi ba Bajuda le batho a bo a ba raya a re: “Ke ne ka mmotsolotsa fa pele ga lona mme ga ke a bona sepe se se phoso se se tsamaisanang le dilo tse lo mo latofatsang ka tsone. Tota e bile, Herode le ene ga a bona phoso epe, ka gonne o mmuseditse mo go rona, mme ga a dira sepe se se ka dirang gore a bolawe. Ka jalo, ke tla mo otlhaya ke bo ke mo golola.”—Luke 23:14-16.

Pilato o iketleeleditse go golola Jesu ka gonne a lemoga gore baperesiti ba mo tlisitse kwa go ene ka ntlha ya go bo ba mo fufegela. Fa a ntse a leka go golola Jesu, o amogela molaetsa o o mo tlhotlheletsang gore a dire jalo. Fa a ntse mo setulong sa gagwe sa katlholo, mosadi wa gagwe o mo romelela molaetsa a re: “Tlogela monna yo o siameng yoo, ka gonne gompieno ke ne ka lora toro e e tshosang thata [e go bonalang e tswa kwa Modimong] ka ntlha ya gagwe.”—Mathaio 27:19.

Pilato o tla golola jang monna yono yo o se nang molato jaaka a tshwanetse go dira?