Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 133

Mmele wa ga Jesu o baakanyediwa go fitlhwa

Mmele wa ga Jesu o baakanyediwa go fitlhwa

MATHAIO 27:57–28:2 MAREKO 15:42–16:4 LUKE 23:50–24:3 JOHANE 19:31–20:1

  • MMELE WA GA JESU O FOLOSIWA MO KOTENG

  • MMELE WA GAGWE O BAAKANYEDIWA GO FITLHWA

  • BASADI BA FITLHELA LEBITLA LE SE NA SEPE

Go nna maitseboa ka Labotlhano Nisane 14. Fa letsatsi le sena go phirima go tla bo go simologa Nisane 15 mme e tla bo e le Sabata. Jesu o setse a sule mme dinokwane tse pedi tse di fa thoko ga gagwe ga di ise di swe. Go ya ka Molao wa ga Moshe, ditopo ga di a tshwanela go “tlogelwa bosigo jotlhe mo koteng” mme di tshwanetse go fitlhwa “mo go lone letsatsi leo.”—Duteronome 21:22, 23.

Mo godimo ga moo, Labotlhano thapama e bidiwa Nako ya go Baakanyetsa Sabata ka gonne batho ba dira dijo e bile ba feleletsa ditiro dipe fela tse ba tlhokang go di dira pele ga Sabata. Fa letsatsi le phirima, go tla bo go simologa “letsatsi le legolo” la Sabata. (Johane 19:31) Ke letsatsi le legolo ka gonne Nisane 15 e tla bo e le letsatsi la ntlha la Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso o o tsayang malatsi a le supa. Mme letsatsi la ntlha la moletlo ono ka metlha ke Sabata. (Lefitiko 23:5, 6) Mo lekgetlong leno letsatsi leo la ntlha le wela mo Sabateng wa beke le beke, e leng letsatsi la bosupa.

Ka jalo, Bajuda ba kopa Pilato gore go dirwe gore Jesu le dinokwane tse pedi tse di gaufi le ene ba swe ka bonako. Seno se tla dirwa jang? Ka go roba maoto a bone. Seo se tla dira gore ba se ka ba kgona go tsholetsa mebele ya bone ka maoto gore ba kgone go hema. Masole a a atamela a bo a roba maoto a dinokwane tseno tse pedi. Mme go bonala Jesu a setse a sule, ka jalo ga ba robe maoto a gagwe. Seno se diragatsa Pesalema 34:20, e e reng: “O sireletsa marapo a gagwe otlhe; ga go na lerapo lepe mo go one le le robilweng.”

E le go netefatsa gore tota Jesu o setse a sule, lesole lengwe le mo tlhaba ka lerumo mo letlhakoreng gaufi le pelo. ‘Ka bonako fela go tswa madi le metsi.’ (Johane 19:34) Seno se diragatsa lokwalo lo longwe lo lo reng: “Ba tla leba kwa go ene yo ba mo tlhabileng.”—Sekarea 12:10.

“Monna mongwe yo o humileng” yo o bidiwang Josefa yo o tswang kwa motseng wa Arimathea e bile e le leloko le le itsegeng la Sanehederine, le ene o gone fa Jesu a bolawa. (Mathaio 27:57) O tlhalosiwa e le ‘monna yo o molemo e bile a siame,’ yo o ‘letetseng nako ya fa Bogosi Jwa Modimo bo tla bo bo busa.’ E re ka e le ‘morutwa wa ga Jesu, mme a fitlha seno ka gonne a tshaba Bajuda,’ o ne a sa dumalane le katlholo e Jesu a atlhotsweng ka yone. (Luke 23:50; Mareko 15:43; Johane 19:38) Josefa o nna pelokgale a bo a kopa Pilato gore a mo neye mmele wa ga Jesu. Pilato o bitsa modiredi wa masole yo o leng foo a bo a mmotsa gore a Jesu o setse a sule. Fa modiredi wa masole a sena go netefatsa gore o sule, Pilato o letla Josefa gore a tseye mmele oo.

Fa Josefa a sena go reka letsela le le boleta le le phepa, o folosa mmele wa ga Jesu mo koteng. O o phuthela ka letsela leo a bo a o baakanyetsa go fitlhwa. Nikodemo, “yo o kileng a tla kwa go Jesu go le bosigo,” o thusa ka dithulaganyo tsa go baakanyetsa phitlho. (Johane 19:39) O tlisa motswako o o turang wa dikilogerama di ka nna 33 o o dirilweng ka boreku jo bo nkgang monate le mekgwapha. Mmele wa ga Jesu o phuthelwa ka matsela a a nang le dinkgisamonate tseno, go dumalana le tlwaelo ya Bajuda ya go baakanyetsa phitlho.

Josefa o na le lebitla le le iseng le dirisiwe le le epilweng mo lefikeng gaufi foo, mme ba latsa mmele wa ga Jesu mo go lone. Go tswa foo, ba kgoromeletsa leje mo kgorong ya lebitla. Ba dira seno ka bonako pele ga Sabata e simologa. Marea Magadalena le Marea mmaagwe Jakobe yo Mmotlana, ba ka tswa ba ne ba thusa go baakanya mmele wa ga Jesu gore o fitlhwe. Jaanong ba tabogela kwa gae gore ba ye “go rulaganya dinkgisamonate le maokwane a a nkgang monate” gore ba tle ba tshase mmele wa ga Jesu gape morago ga Sabata.—Luke 23:56.

Mo letsatsing le le latelang, ka Sabata, baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba ya kwa go Pilato ba bo ba mo raya ba re: “Re gopola gore fa leferefere lele le ne le sa ntse le tshela, le ne la re, ‘Ke tla tsosiwa morago ga malatsi a le mararo.’ Ka jalo, laela gore lebitla le disiwe go fitlha ka letsatsi la boraro, gore barutwa ba gagwe ba se ka ba tla go mo utswa ba bo ba raya batho ba re, ‘O tsositswe mo baswing.’ Foo maaka ano a bofelo a tla nna maswe thata go feta dilo tse Jesu a neng a di bua.” Pilato o ba raya a re: “Tsayang setlhopha sa masole mme lo ye go le disa.”—Mathaio 27:63-65.

Phakela thata ka Sontaga, Marea Magadalena, Marea mmaagwe Jakobe le basadi ba bangwe, ba tsaya dinkgisamonate ba bo ba ya kwa lebitleng gore ba ye go tshasa mmele wa ga Jesu. Ba raana ba re: “Ke mang yo o tla re ntshetsang leje leno fa kgorong ya lebitla?” (Mareko 16:3) Mme gone go nnile le thoromo ya lefatshe. Mo godimo ga moo, moengele wa Modimo o tlositse leje mo kgorong ya lebitla, batho ba ba neng ba disitse lebitla ba ile, e bile go bonala go se na sepe mo lebitleng!