Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 134

Lebitla Ga le Na Sepe ka Gonne Jesu o a Tshela!

Lebitla Ga le Na Sepe ka Gonne Jesu o a Tshela!

MATHAIO 28:3-15 MAREKO 16:5-8 LUKE 24:4-12 JOHANE 20:2-18

  • JESU O TSOSITSWE MO BASWING

  • SE SE DIRAGETSENG KWA LEBITLENG LA GA JESU

  • O IPONATSA MO BASADING BA BA FAROLOGANENG

Ruri basadi bano ba gakgametse tota fa ba bona lebitla le lebega le se na sepe! Marea Magadalena o tabogela kwa go “Simone Petere le kwa morutweng yo mongwe, yo Jesu a neng a mo rata thata,” e bong moaposetoloi Johane. (Johane 20:2) Le fa go ntse jalo, basadi ba bangwe ba ba kwa lebitleng ba bona moengele. Mme mo teng ga lebitla, go na le moengele yo mongwe, yo o ‘apereng seaparo se seleele se sesweu.’—Mareko 16:5.

Mongwe wa baengele o ba raya a re: “Lo se ka lwa tshoga, ka gonne ke a itse gore lo batla Jesu yo o neng a bolaelwa mo koteng. Ga a yo fano, ka gonne o tsositswe, fela jaaka a ile a bua. Tlang, bonang lefelo le mmele wa gagwe o neng o laditswe mo go lone. Ka jalo, itlhaganeleng lo ye go bolelela barutwa ba gagwe gore o tsositswe mo baswing, mme o setse a le mo tseleng o ya kwa Galalea.” (Mathaio 28:5-7) Basadi bano ‘ba a roroma e bile ba gakgametse,’ ka jalo ba a taboga ba ya go bolelela barutwa.—Mareko 16:8.

Gone jaanong, Marea o setse a bone Petere le Johane. O bua jaana a hemela kwa godimo: “Ba tlositse Morena mo lebitleng, mme ga re itse kwa ba mo laditseng gone.” (Johane 20:2) Petere le Johane ba tswa ka lobelo. Johane o sia Petere mme o goroga kwa lebitleng pele. O a okomela a bo a bona matsela a a neng a phuthetse mmele wa ga Jesu, mme gone ga a tsene mo teng.

Fa Petere a goroga, o tsena mo teng ga lebitla. O bona matsela a a boleta le letsela le Jesu a neng a hapilwe ka lone mo tlhogong. Jaanong Johane le ene o a tsena, mme o dumela se Marea a se ba boleletseng. Go sa kgathalesege se Jesu a ileng a se bua pelenyana, ga go na ope wa bone yo o tlhaloganyang gore o tsositswe mo baswing. (Mathaio 16:21) Ba boela gae ba gakgametse. Mme Marea, yo jaanong a boetseng fa lebitleng, o sala foo.

Mo nakong eno, basadi ba bangwe ba mo tseleng ba ya go bolelela barutwa gore Jesu o tsotsitswe mo baswing. Fa ba ntse ba taboga, Jesu o a ba kgatlhantsha a bo a ba raya a re: “Dumelang!” Ba wela fa dinaong tsa gagwe “ba bo ba obama.” Jesu o ba raya a re: “Lo se ka lwa tshoga! Tsamayang lo ye go bolelela bomorwarre gore ba ye kwa Galalea, mme ba tla mpona gone.”—Mathaio 28:9, 10.

Pelenyana, fa go ne go na le thoromo ya lefatshe baengele ba bo ba tlhagelela, masole a a neng a disitse lebitla ‘a ne a roroma thata a bo a nna jaaka batho ba ba suleng.’ Fa a sena go wela makgwafo, a ne a tsena mo motseng mme “[a] bolelela baperesiti ba bagolo dilo tsotlhe tse di neng di diragetse.” Baperesiti bano ba ne ba buisana le baeteledipele ba Bajuda. Ba ne ba dira tshwetso ya gore ba neye masole pipamolomo gore a se ka a rothisa mmutla madi ka kgang eno le gore a bue a re: “Barutwa ba gagwe ba ne ba tla bosigo mme ba mo utswa re sa ntse re robetse.”—Mathaio 28:4, 11, 13.

Masole a Roma a ka bolawa fa a ka robala mo tirong, ka jalo baperesiti ba ba solofetsa jaana: “Fa molaodi a ka utlwa seno [maaka a gore ba ne ba robetse] re tla mo tlhalosetsa kgang eno mme ga lo kitla lo tlhoka go tshwenyega.” (Mathaio 28:14) Masole ano a tsaya pipamolomo a bo a dira se baperesiti ba se buang. Ka jalo, maaka a gore mmele wa ga Jesu o utswilwe a anama mo Bajudeng.

Marea Magadalena o sa ntse a le kwa lebitleng a hutsafetse. Fa a okomela mo lebitleng, o bona baengele ba babedi ba apere diaparo tse ditshweu! Yo mongwe o ntse kwa tlhogo ya ga Jesu e neng e le gone mme yo mongwe o ntse kwa maoto a gagwe a neng a le gone. Ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelela eng?” Marea o ba raya a re: “Ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mo laditseng gone.” Fa Marea a retologa, o bona motho yo mongwe. Monna yono o boeletsa potso e baengele ba e boditseng a bo a oketsa a re: “O batla mang?” E re ka Marea a akanya gore ke motlhokomedi wa tshingwana, o mo raya a re: “Rra, fa e le gore o mo tsere, mpolelele kwa o mo laditseng gone, mme ke tla ya go mo tsaya.”—Johane 20:13-15.

Tota Marea o bua le Jesu yo o tsositsweng mo baswing, mme gone jaanong ga a mo lemoge. Le fa go ntse jalo, fa monna yono a re “Marea!,” Marea o lemoga gore ke Jesu ka gonne o mmitsa ka tsela e a tlwaetseng go mmitsa ka yone. O goa a itumetse a re “Raboni!” (mo go rayang “Moruti!”). E re ka a tshaba gore Jesu a ka nna a tlhatlogela kwa legodimong, o a mo tshwara. Ke gone ka moo Jesu a mo rayang a re: “Ntlogele ka gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme ya kwa go bomorwarre o ba reye o re, ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre, yo e leng Rraalona, le kwa Modimong wa me, yo e leng Modimo wa lona.’”—Johane 20:16, 17.

Marea o tabogela kwa lefelong le baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba phuthegetseng kwa go lone. O ba raya a re: “Ke bone Morena!,” a tlatsa se basadi ba bangwe ba setseng ba se buile. (Johane 20:18) Le fa go ntse jalo, ‘ga ba dumele basadi bano.’—Luke 24:11.