Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 135

Jesu o Tsositswe, o Bonwa ke Batho ba le Bantsi

Jesu o Tsositswe, o Bonwa ke Batho ba le Bantsi

LUKE 24:13-49 JOHANE 20:19-29

  • JESU O IPONATSA MO BARUTWENG BA BA YANG KWA EMAO

  • O TLHALOSETSA BARUTWA BA GAGWE DIKWALO GANGWE LE GAPE

  • THOMASE GA A TLHOLE A NA LE DIPELAELO

Ka Sontaga Nisane 16, barutwa ba kgobegile marapo. Ga ba tlhalogaye bokao jwa go bo lebitla le se na sepe. (Mathaio 28:9, 10; Luke 24:11) Moragonyana mo letsatsing leo, Keleopase le morutwa yo mongwe ba tswa mo Jerusalema ba ya kwa Emao, e e bokgakala jwa dikilometara di ka nna 11.

Fa ba ntse ba le mo tseleng, ba tlotla ka se se diragetseng. Mme go tlhaga monna mongwe yo ba sa mo itseng a bo a tsamaya le bone. O ba botsa jaana: “Lo ntse lo ngangisana ka eng mo tseleng?” Keleopase o mo raya a re: “Go tla jang gore o bo o sa itse dilo tse di diragetseng bosheng jaana kwa Jerusalema mme o nna teng? A o motswakwa?” Monna yono o mmotsa jaana: “Dilo dife?”—Luke 24:17-19.

Ba mo raya ba re: “A ga o itse dilo tse di diragaletseng Jesu wa Monasaretha. . . . Re ne re solofetse gore monna yono ke ene yo o neng a tlile go golola Iseraele.”—Luke 24:19-21.

Keleopase le tsala ya gagwe ba mmolelela dilo tse di diragetseng mo letsatsing leo. Ba mmolelela gore basadi bangwe ba ba neng ba ile kwa lebitleng la ga Jesu, ba fitlhetse le se na sepe le gore basadi bao ba bone tiragalo nngwe e e gakgamatsang ya baengele ba ba neng ba re Jesu o a tshela. Ba mo tlhalosetsa gore barutwa ba bangwe le bone ba ne ba ya kwa lebitleng mme “ba fitlhela go ntse fela jaaka basadi bao ba ne ba buile.”—Luke 24:24.

Go bonala sentle gore barutwa bano ba babedi ba gakgamaditswe ke dilo tse di diragetseng. Monna yono o ba araba ka tsela e e bontshang gore o na le taolo ya go baakanya tsela e e sa siamang e ba akanyang ka yone, e e tlhotlheletsang dipelo tsa bone, a re: “Lona ba lo se nang tlhaloganyo le ba ba tsayang lobaka go dumela! Goreng lo sa dumele dilo tsotlhe tse baporofeti ba neng ba di bua? A go ne go sa tlhokege gore Keresete a boge ka tsela eno a bo a galalediwe?” (Luke 24:25, 26) O tswelela a ba tlhalosetsa ditemana di le dintsi tse di buang ka Keresete.

La bofelo banna bano ba bararo ba goroga gaufi le Emao. Barutwa bano ba babedi ba batla go utlwa mo go oketsegileng, ka jalo ba kopa monna yono jaana: “Robala fano le rona, ka gonne go setse go le maitseboa e bile letsatsi le setse le phirimile.” O dumalana le bone ba bo ba itumelela dijo mmogo. Fa monna yono a rapela, a ngathoganya senkgwe a bo se ba naya, ba a mo lemoga, mme a bo a nyelela a ba tlogela. (Luke 24:29-31) Jaanong ba a itse gore eleruri Jesu o a tshela!

Barutwa bano ba babedi ba bua ba itumetse ka se se ba diragaletseng, ba re: “Ruri ga go gakgamatse go bo mafoko a gagwe a ile a ama dipelo tsa rona thata jaana fa a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re tlhalosetsa Dikwalo sentle!” (Luke 24:32) Ntle le go senya nako ba boela Jerusalema, mme ba fitlhela baaposetoloi ba na le batho ba bangwe. Pele ga Keleopase le tsala ya gagwe ba ka bua se se diragetseng, ba utlwa ba bangwe ba re: “Eleruri Morena o tsositswe, mme o ne a iponatsa kwa go Simone!” (Luke 24:34) Go tswa foo, le bone ba tlhalosa gore Jesu o iponaditse jang mo go bone. Le bone ba mo iponetse ka matlho.

Fa ba ntse ba gakgamaditswe ke dikgang tseno, ba bona Jesu a na le bone mo phaposing e ba leng mo go yone! Ga ba dumele se ba se bonang e re ka ba lotletse dikgoro ka ntlha ya go bo ba boifa Bajuda. Mme gone, Jesu ke yono o eme mo gare ba bone. O bua jaana le bone a ritibetse: “A kagiso e nne le lona.” Ba sa ntse ba tshogile. Jaaka go ile ga direga mo nakong e e fetileng, le mo lekgetlong leno “ba akanya gore ba bona sebopiwa sa moya.”—Luke 24:36, 37; Mathaio 14:25-27.

Jesu o ba bontsha diatla le dinao tsa gagwe e le go ba netefaletsa gore ga se sedimo le gore ga ba lore, go na le moo ba bona ene ka sebele a na le mmele wa nama. O ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo tshwenyegile, e bile ke ka ntlha yang fa lo belaela? Bonang diatla tsa me le dinao tsa me, gore ke nna; ntshwareng mme lo bone, ka gonne sebopiwa sa moya ga se na nama le marapo fela jaaka lo bona gore nna ke na le tsone.” (Luke 24:36-39) Ba phophoma ka boitumelo e bile ba gakgametse, mme go sa ntse go le thata gore ba dumele se ba se bonang.

E le go ba naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore tota ke ene, o ba raya a re: “A lo na le sengwe se se jewang foo?” Ba mo naya tlhapi e e besitsweng a bo a e ja. Go tswa foo o ba raya a re: “Ano ke mafoko a me a ke lo a boleletseng fa ke ne ke sa ntse ke na le lona [pele ga ke swa], gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo Molaong wa ga Moshe, mo dikwalong tsa Baporofeti le mo Dipesalemeng di tshwanetse go diragala.”—Luke 24:41-44.

Jesu o ne a thusitse Keleopase le tsala ya gagwe gore ba tlhaloganye Dikwalo, mme jaanong o dira se se tshwanang le ka ba ba phuthegileng foo, a re: “Dikwalo di bolela gore Keresete o ne a tla boga a bo a tsosiwa mo baswing mo letsatsing la boraro, mme ka leina la gagwe, molaetsa wa gore batho ba tshwanetse go ikwatlhaela maleo a bone e le gore ba itshwarelwe, o ne o tla rerwa mo ditšhabeng tsotlhe, go simolola mo Jerusalema. Lo tla nna basupi ba dilo tseno.”—Luke 24:46-48.

Ka mabaka mangwe a a rileng, moaposetoloi Thomase ga a na le bone ka nako eo. Mo malatsing a a latelang, ba bangwe ba mmolelela ba itumetse ba re: “Re bone Morena!” Thomase o ba raya a re: “Fa ke sa bone lebadi la dipekere mo diatleng tsa gagwe, ke sa tshware lebadi leo la dipekere e bile ke sa tshware letlhakore le a neng a tlhabilwe mo go lone, ga nkitla ke dumela.”—Johane 20:25.

Malatsi a le robedi moragonyana, barutwa ba kopane mmogo mo phaposing e e lotletsweng, mme mo lekgetlong leno Thomase o teng. Jesu o tlhagelela gape mo gare ga bone a na le mmele wa nama a bo a ba dumedisa a re: “A kagiso e nne le lona.” Jesu o retologela kwa go Thomase a bo a mo raya a re: “Tshwara diatla tsa me, mme o tshware letlhakore le ke neng ke tlhabilwe mo go lone, o tlogele go belaela mme o dumele.” Thomase o goa a re: “Morena wa me le Modimo wa me!” (Johane 20:26-28) Ga a tlhole a belaela gore Jesu o a tshela e le sebopiwa se se maatla sa moya, se e leng moemedi wa ga Jehofa Modimo.

Jesu o mo raya a re: “A jaanong o a dumela ka gonne o mpone? Go itumela ba ba dumelang le fa ba sa bona.”—Johane 20:29.