Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 139

Jesu o Tlisa Paradaise, o Wetsa Kabelo ya Gagwe

Jesu o Tlisa Paradaise, o Wetsa Kabelo ya Gagwe

1 BAKORINTHA 15:24-28

  • SE SE TLA DIRAGALELANG DINKU LE DIPODI

  • BATHO BA LE BANTSI BA TLA ITUMELELA GO TSHELA MO LEFATSHENG

  • JESU O ITSHUPA GORE KE TSELA LE BOAMMAARURI LE BOTSHELO

Ka bonako fela fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a lebana le mmaba yo o neng a ikemiseditse go mo kgoreletsa, tota le pele a simolola bodiredi jwa gagwe. Diabolo o ile a leka go raela Jesu makgetlo a le mantsi. Moragonyana, Jesu o ile a bua jaana ka Satane: “Mmusi wa lefatshe o e tla, mme ga a ka ke a kgona go ntshwara.”—Johane 14:30.

Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya se se tla diragalelang ‘noga e kgolo, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.’ Mmaba yono yo o setlhogo wa batho, o ne tla lelekwa kwa legodimong “a tletse bogale jo bogolo, ka gonne a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane fela.” (Tshenolo 12:9, 12) Bakeresete ba na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore ba tshela mo “nakong eo e khutshwane” le gore go ise go e kae “noga e kgolo, noga ya kwa tshimologong,” e tla latlhelwa mo khuting e e kwa tengteng mme e tla bo e sa kgone go dira sepe ka dingwaga di le 1 000 fa Jesu a busa mo Bogosing Jwa Modimo.—Tshenolo 20:1, 2.

Go tla direga eng mo lefatsheng ka nako eo? Ke bomang ba ba tla tshelang mo lefatsheng, mme ba tla tshela mo maemong afe? Jesu o ile a re naya dikarabo tsa dipotso tseno. Mo setshwantshong sa gagwe sa dinku le dipodi, o ile a bontsha gore go tla direga eng ka batho ba ba siameng ba ba tshwanang le dinku, ba ba dirisanang sentle le bo morwarraagwe e bile ba ba direla dilo tse di molemo. Gape o ile a tlhalosa gore go tla direga eng ka batho ba ba tshwanang le dipodi. O ne a re: “Mme bano [dipodi] ba tla fedisiwa, mme basiami [dinku] ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:46.

Seno se re thusa go tlhaloganya se Jesu a ileng a se bolelela senokwane se se neng se le mo koteng fa thoko ga gagwe. Jesu ga a a ka a solofetsa monna yoo tuelo e e tshwanang le e a ileng a e solofetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, ya go nna karolo ya Bogosi jwa magodimo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a solofetsa modirabosula yoo yo o ikwatlhaileng a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Ke gone ka moo monna yoo a ileng a nna le tsholofelo ya gore o tla tshela mo Paradaiseng, e leng phaka kgotsa tshingwana e ntle. Ka jalo, batho ba ba itshupang gore ba tshwana le dinku ba ba tla bonang “botshelo jo bo sa khutleng,” le bone ba tla tshela mo Paradaiseng eo.

Seno se dumalana le se moaposetoloi Johane a ileng a se tlhalosa ka maemo a a tla nnang gone mo lefatsheng ka nako eo. O ne a re: “Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, e bile ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”—Tshenolo 21:3, 4.

E le gore senokwane seno se itumelele botshelo mo Paradaiseng, se tshwanetse go tsosiwa mo baswing. Mme ga se sone fela se se tla tsosiwang. Jesu o ile a tlhalosa kgang eno sentle fa a ne a re: “Nako e etla e batho botlhe ba ba mo mabitleng ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tsoga, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tla tsosediwa gore ba amogele botshelo jo bo sa khutleng, mme ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tla tsosediwa gore ba atlholwe.”—Johane 5:28, 29.

Mme gone, go tla direga eng ka baaposetoloi ba ba ikanyegang le ba bangwe ba palo e e rileng ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong? Baebele e a re: “Mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, e bile ba tla busa le ene e le dikgosi dingwaga di le 1 000.” (Tshenolo 20:6) Batho bano ba ba tla busang le Keresete, e tla bo e le banna le basadi ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng. Ka jalo, ba tla nna babusi ba ba kutlwelobotlhoko le ba ba akanyetsang batho.—Tshenolo 5:10.

Jesu o tla dirisa setlhabelo sa gagwe sa thekololo go golola batho mo boleong jo ba bo ruileng. Jesu le babusimmogo le ene ba tla dira gore batho ba ba ikanyegang ba itekanele. Ka nako eo, batho ba tla itumelela go tshela ka tsela e Modimo a neng a batla gore ba tshele ka yone fa a ne a bolelela Adame le Efa gore ba ate ba nne bantsi ba tlatse lefatshe. Tota le loso lo lo bakilweng ke boleo jwa ga Adame lo tla bo lo sa tlhole lo le gone!

Ka jalo, Jesu o tla bo a diragaditse sotlhe se Jehofa a mo laetseng gore a se dire. Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu o tla busetsa Bogosi le batho ba ba se nang boleo kwa go Rraagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tlhalosa boikokobetso jo bogolo jo Jesu a tla bo bontshang: “Fa Modimo a sena go naya Morwa taolo ya gore a laole dilo tsotlhe, morago ga moo, Morwa le ene o tla nna mo taolong ya Modimo yo o neng a mo naya taolo. Ka tsela eo, Modimo e tla nna ene Mmusi wa dilo tsotlhe.”—1 Bakorintha 15:28.

Go bonala sentle gore Jesu o tsaya karolo e kgolo mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo. Fa maikaelelo ao a ntse a diragadiwa ka bosakhutleng, Jesu o tla bontsha gore eleruri o ne a bua boammaaruri fa a ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo.”—Johane 14:6.