Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 4

Bodiredi Jwa ga Jesu Moragonyana mo Judea

“Kopang Mong wa thobo gore a romele badiri.”—Luke 10:2

Bodiredi Jwa ga Jesu Moragonyana mo Judea

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 66

O Kwa Jerusalema Kwa Moletlong wa Metlaagana

Ke eng se se ka tswang se dira gore batho ba ba reeditseng Jesu ba akanye gore o na le ledimona?

KGAOLO 67

“Ga go Na Motho Ope yo o Kileng a Bua Jaana”

Mo e ka nnang maloko otlhe a kgotlakgolo ya Bajuda ba ganetsa Jesu, mme a le mongwe mo go bone o a mmuelela.

KGAOLO 68

Morwa Modimo ke “Lesedi la Lefatshe”

Jesu o ne a re “boammaaruri bo tla lo golola.” Bo tla re golola mo go eng?

KGAOLO 69

A Rraabone ke Aborahame Kgotsa ke Diabolo?

Jesu o tlhalosa gore bana ba ga Aborahame ba ka lemogiwa jang, le gore tota Rraagwe ke mang.

KGAOLO 70

Jesu o Fodisa Monna yo o Tshotsweng a Foufetse

Barutwa ba botsa gore ke eng fa monna yono a foufetse. A o leofile? A go leofile batsadi ba gagwe? Batho ba tsiboga ka ditsela tse di sa tshwaneng fa Jesu a fodisa monna yono.

KGAOLO 71

Bafarasai ba Ngangisana le Monna yo o Neng a Foufetse

Mafoko a a utlwalang a monna yo o kileng a bo a foufetse a galefisa Bafarasai. Ba koba monna yono mo sinagogeng, e leng sone se batsadi ba gagwe ba neng ba se tshaba.

KGAOLO 72

Jesu o Romela Barutwa ba le 70 Gore Ba ye Go Rera

Fa Jesu a le kwa Judea, o romela barutwa ba le 70 gore ba ye go rera ka Bogosi ba tsamaya ka ditlhopha tsa bobedi le bobedi. Ba ya go rera kae​—⁠mo disinagogeng kgotsa kwa magaeng a batho?

KGAOLO 73

Mosamarea yo o Molemo

Jesu o dirisa jang setshwantsho sa “Mosamarea yo o molemo,” go ruta thuto ya botlhokwa?

KGAOLO 74

Dithuto ka go Amogela Baeng le go Rapela

Jesu o etetse kwa legaeng la gaabo Marea le Maratha. O ba ruta thuto efe ka go amogela baeng? Mme moragonyana o ruta barutwa ba gagwe jang go rapela?

KGAOLO 75

Jesu o Tlhalosa se se Tlisang Boitumelo

Jesu o araba baganetsi ba gagwe ka go ba bolelela ka “monwana wa Modimo” le gore ga ba lemoge gore Bogosi Jwa Modimo bo setse bo tlile. Gape o tlhalosa gore ke eng se tota se ka dirang gore batho ba itumele.

KGAOLO 76

Jesu O ja Le Mofarasai

Jesu o senola boitimokanyi jwa Bafarasai le bakwadi. Ba rwesa batho merwalo efe?

KGAOLO 77

Jesu o Naya Kgakololo ka Dikhumo

Jesu o dira setshwantsho sa monna wa mohumi yo o neng a aga mabolokelo a magolwane. Ke kgakololo efe e a e boletsang ka go batla go huma?

KGAOLO 78

Molebedi yo o Boikanyego, Nna o Ipaakantse!

Jesu o bontsha gore o kgatlhegela gore barutwa ba gagwe ba nne le tumelo e e nonofileng. Molebedi o ne a tla nna le boikarabelo bofe gore ba nne le tumelo e e nonofileng? Ke eng fa kgakololo ya go nna re disitse e le botlhokwa?

KGAOLO 79

Lebaka La go Bo Bajuda ba Tlile Go Senngwa

Jesu a re batho ba a lekang go ba thusa ba tlile go senngwa fa ba sa ikwatlhaye. A ba tla ithuta thuto ya botlhokwa e Jesu a lekang go ba ruta yone ka go amogelwa ke Modimo?

KGAOLO 80

Modisa yo o Molemo le Masaka a Dinku

Tsela e modisa a atamalaneng thata le dinku tsa gagwe ka yone, e bontsha kafa Jesu a ikutlwang ka yone ka barutwa ba gagwe. A ba tla lemoga dithuto tsa gagwe ba bo ba mo sala morago?

KGAOLO 81

Jesu o Seoposengwe le Rraagwe

Batho bangwe ba ba ganetsang Jesu ba a mo latofatsa ba re o itsaya a lekana le Modimo. O ganetsa ditatofatso tsa bone jang ka botlhale?