Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Jesu . . .

Etsa Jesu . . .

NNA PELOTLHOMOGI

E re ka Jesu a ne a se na boleo, o ne a sa tlhagelwe ke mathata le matshwenyego a a neng a tlhagela batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o ne a kgathalela batho. O ne a iketleeleditse go itima dilo dingwe gore a ba thuse, ka dinako tse dingwe a ba direla dilo tse go neng go lebega di sa tlhokege. O ne a thusa ba bangwe ka gonne a ne a le pelotlhomogi. Akanya ka dikai tse di mo Kgaolo 32, 37, 57, 99.

ATAMELESEGA

Batho ba dingwaga tsotlhe, ba bannye le ba bagolo, ba ne ba kgona go ya kwa go Jesu ba gololesegile ka gonne o ne a sa dire gore ba akanye gore o tshwaregile kgotsa o botoka mo go bone. E re ka ba ne ba lemoga gore o a ba kgathalela, ba ne ba phuthologa fa ba na le ene. Fa o batla go bona seo, bala Kgaolo 25, 27, 95.

RAPELA KA METLHA

Ka metlha Jesu o ne a rapela Rraagwe ka tlhoafalo a le nosi le fa a na le baobamedimmogo le ene. O ne a rapela ka makgetlo a le mantsi, e seng ka nako ya dijo fela. O ne a rapela Rraagwe a mo leboga, a mmaka le fa a kopa kaelo pele ga a dira ditshwetso tsa botlhokwa. Bona dikai tse di mo Kgaolo 24, 34, 91, 122, 123.

AKANYETSA BA BANGWE

Ka dinako tse dingwe fa Jesu a ne a tlhoka go ikhutsa le go itapolosa, o ne a tlogela go dira jalo gore a thuse ba bangwe. O ne a sa ikakanyetse a le nosi fela. Le mo ntlheng eno, o re tlhometse sekao se re ka se latelang gaufiufi. Ithute gore seo se tlhalosiwa jang mo Kgaolo 19, 41, 52.

ITSHWARELE

Jesu o ne a sa rute fela ka botlhokwa jwa go itshwarela, go na le moo, o ne a bontsha gore le ene o a itshwarela ka tsela e a neng a dirisana ka yone le barutwa ba gagwe le batho ba bangwe. Akanyetsa kwa teng ka dikai tse di mo Kgaolo 26, 40, 64, 85, 131.

TLHAGAFALA

Go ne ga bolelelwa pele gore bontsi jwa Bajuda ba ne ba tla gana go amogela Mesia le gore baba ba gagwe ba ne ba tlile go mmolaya. Ka jalo, go ka bo go ile ga nna motlhofo gore Jesu a se ka a ntsha ga tshwene fa a direla batho. Go na le moo, o ne a tlhagafaletse go anamisa kobamelo ya boammaaruri. O tlhometse balatedi ba gagwe botlhe sekao sa gore ba tswelele ba tlhagafetse le fa batho ba sa ba reetse kgotsa ba ba ganetsa. Bona Kgaolo 16, 72, 103.

NNA BOIKOKOBETSO

Jesu o ne a le botoka thata go gaisa batho ba ba nang le boleo ka ditsela di le dintsi, ka sekai o ne a na le kitso e bile a le botlhale. E re ka a ne a itekanetse mo mmeleng le mo mogopolong, o ne a kgona go dira dilo tse batho ba bangwe ba neng ba ka se kgone go di dira. Le fa go ntse jalo, o ne a direla ba bangwe a le boikokobetso. Seno se tlhalosiwa mo Kgaolo 10, 62, 66, 94, 116.

NNA PELOTELELE

Ka metlha Jesu o ne a le pelotelele le baaposetoloi ba gagwe le batho ba bangwe fa ba ne ba palelwa ke go etsa sekao sa gagwe kgotsa ba sa kgone go dira se a se buang. O ne a boaboeletsa dithuto tse ba neng ba di tlhoka gore ba atamalane le Jehofa mme a dira jalo a le pelotelele. Akanya ka dikai tse di bontshang gore Jesu o pelotelele tse di mo Kgaolo 74, 98, 118, 135.