Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 70

Jesu o Fodisa Monna yo o Tshotsweng a Foufetse

Jesu o Fodisa Monna yo o Tshotsweng a Foufetse

JOHANE 9:1-18

  • MONNA YO O TSHOTSWENG A FOUFETSE O A FODISIWA

Jesu o sa ntse a le mo Jerusalema ka letsatsi la Sabata. Fa a ntse a tsamaya mo motseng a na le barutwa ba gagwe, ba bona monna mongwe wa mokopi, yo o tshotsweng a foufetse. Barutwa ba botsa Jesu ba re: “Rabi, e re ka monna yono a tshotswe a foufetse, ke mang yo o leofileng, a ke ene kgotsa ke batsadi ba gagwe?”—Johane 9:2.

Barutwa bano ba a itse gore monna yono o ne a se na moya o o neng o tshela golo gongwe pele a tsholwa, le fa go ntse jalo ba ka tswa ba ipotsa gore a o leofile fa a sa ntse a le mo popelong ya ga mmaagwe. Jesu o ba araba a re: “Monna yono ga a leofa le batsadi ba gagwe ga ba a leofa, mme seno se ne sa direga e le gore batho ba tle ba bone ka ene se Modimo a kgonang go se dira.” (Johane 9:3) Ka jalo, monna yono kgotsa batsadi ba gagwe ga ba a dira phoso epe kgotsa boleo bope jo bo dirileng gore a foufale. Go na le moo ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, batho botlhe ba tsholwa ba sa itekanela e bile ba kgona go nna le bogole, jaaka go foufala. Mme bofofu jwa monna yono bo naya Jesu tshono ya go bontsha batho ditiro tsa Modimo, fela jaaka a ne a tlhola a dira fa a fodisa batho ba ba lwalang.

Jesu o gatelela gore go dira ditiro tseno go potlakile. A re: “Re tshwanetse go dira ditiro tsa Ene yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; ka gonne fa go nna bosigo ga go na motho ope yo o ka kgonang go dira sepe. Fela fa ke sa ntse ke le mo lefatsheng, ke lesedi la lefatshe.” (Johane 9:4, 5) Go ise go ye kae Jesu o tlile go swa, mme o tla felela a le mo lebitleng le le lefifi, kwa a tla bong a sa kgone go dira sepe gone. Fa nako eo e ise e fitlhe, o naya batho botlhe lesedi.

Mme gone, a Jesu o tla fodisa monna yono? Fa go le jalo, o tla mo fodisa jang? Jesu o kgwela mathe fa fatshe a bo a dira seretse ka one. O tshasa seretse seo mo matlhong a monna yoo a bo a mo raya a re: “Tsamaya o ye go tlhapa mo mogobeng wa Siloame.” (Johane 9:7) Monna yoo o dira jaaka a laetswe. Fa a sena go tlhapa o kgona go bona! O itumela thata ka gonne ke lekgetlo la ntlha a bona!

Baagelani ba gagwe le batho ba ba mo itseng, ba gakgametse. Ba botsana jaana: “A monna yono ga se ene yo o neng a tlhola a nnetse go kopa?” Bangwe ba re: “Ke ene.” Mme bangwe bone ga ba dumele, ba bo ba re: “Nnyaa, o tshwana le ene.” Monna yono o ba raya a re: “Ke nna.”—Johane 9:8, 9.

Ka jalo ba mmotsa ba re: “Jaanong go tlile jang gore o bo o kgona go bona?” O ba araba a re: “Monna yo o bidiwang Jesu o ne a dira seretse a bo a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re, ‘Ya go tlhapa kwa Siloame.’ Ka jalo, ke ne ka ya go tlhapa mme ka kgona go bona.” Go tswa foo ba mmotsa ba re: “Monna yoo o kae?” Mokopi yono o ba raya a re: “Ga ke itse.”—Johane 9:10-12.

Batho ba isa monna yono kwa Bafarasaing ka gonne le bone ba batla go itse gore go tlile jang gore a bo a bona. O ba raya a re: “O ne a ntshasa seretse mo matlhong ke bo ke tlhapa, mme jaanong ke a bona.” Ka tlholego fela Barafasai ba ne ba tshwanetse go itumela le ene. Go na le moo, bangwe mo go bone ba kgala Jesu. Ba re: “Monna yono ga a tswe kwa Modimong, ka gonne ga a ikobele molao wa Sabata.” Ba bangwe ba re: “Motho yo e leng moleofi a ka kgona jang go dira dikgakgamatso tse di ntseng jaana?” (Johane 9:15, 16) Ka jalo, ga ba dumalane.

E re ka ba sa dumalane, ba leba monna yono ba bo ba mmotsa ba re: “Wena wa reng ka ene, ka gonne o dirile gore o kgone go bona?” O bua jaana a tlhatswegile pelo: “Ke moporofeti.”—Johane 9:17.

Bajuda ga ba batle go dumela seno. Ba ka tswa ba akanya gore Jesu le monna yono ba logile leano la boferefere gore ba tsietse batho. Ba swetsa ka gore ba rarabolole kgang eno ka go bitsa batsadi ba monna yono mme ba ba botse gore a tota o ne a foufetse.