Fetela kwa tshedimosetsong

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

A o ne o ka re ke . . .

  • sengwe se se mo pelong ya gago?

  • sekapuo?

  • puso ya kwa legodimong?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.”—Daniele 2:44, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

“Re neilwe ngwana wa mosimane; mme [puso e] tla nna mo legetleng la gagwe.”—Isaia 9:6.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

  • Puso e e siameng e e ka go solegelang molemo.—Isaia 48:17, 18.

  • Mo lefatsheng le lesha le le tlang, re tla nna le botshelo jo bo itekanetseng le boitumelo.—Tshenolo 21:3, 4.

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mabedi:

  • Jesu o ne a bontsha se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Jesu o ne a bontsha kafa thapelo eo e tla arabiwang ka teng.

    Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fepa batho ba ba tshwerweng ke tlala, a fodisa balwetse le go tsosa baswi! (Mathaio 15:29-38; Johane 11:38-44) Jaaka Mmusi wa Bogosi jwa Modimo, Jesu o ne a re bontsha se Bogosi joo bo tla se direlang babusiwa ba jone.—Tshenolo 11:15.

  • Maemo a lefatshe a re tlhomamisetsa gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tla. Jesu o ne a bolelela pele gore pele ga Bogosi joo bo tlisa kagiso mo lefatsheng, lefatshe la rona le tla aparelwa ke dintwa, mauba le dithoromo tsa lefatshe.—Mathaio 24:3, 7.

    Re bona maemo ao gompieno. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa mathata ao otlhe.

SE O KA AKANYANG KA SONE

Botshelo bo tla nna jang mo pusong ya Bogosi jwa Modimo?

Baebele e araba potso eo mo go PESALEMA 37:29 le ISAIA 65:21-23.