Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Rona?

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Rona?

FA O bala lokwalodikgang, o lebile thelebishene kgotsa o reeditse radio, o utlwalela dipego di le dintsi tsa bokebekwa, dintwa le borukutlhi. Gongwe le wena o faraferwe ke mathata a a jaaka go lwala kgotsa go swelwa ke mongwe yo o mo ratang.

Ipotse go re:

  • A Modimo o a rata fa nna le ba lelapa la me re tshela jaana?

  • Ke eng se se ka nthusang gore ke kgone go itshokela mathata a ke lebanang le one?

  • A go tla tsamaya go nna le kagiso mo lefatsheng?

Baebele e na le dikarabo tsa dipotso tseno.

BAEBELE E RUTA GORE MODIMO O TLA DIRA DILO TSE DINTLE MO LEFATSHENG.

SOLEGELWA MOLEMO KE SE BAEBELE E SE RUTANG

O ka nna wa akanya gore dilo tse o di badileng mo ditsebeng tsa ntlha tsa buka eno, ke dijo tsa ditoro fela. Le fa go ntse jalo, Modimo o solofetsa gore o tla dira diphetogo tseo mo nakong e e sa fediseng pelo mme Baebele e tlhalosa kafa a tla di dirang ka gone.

Gape Baebele e re ruta se re ka se dirang gore re itumelele botshelo gone jaanong. Akanya ka dilo tse di go tshwenyang tse di jaaka mathata a madi, a lelapa, malwetse kgotsa go swelwa ke mongwe yo o mo ratang. Baebele e kgona go go thusa gore o itshoke e bile e ka kgona go go gomotsa ka go araba dipotso tse di jaaka tseno:

O bala buka eno ka gonne o batla go itse se Baebele e se rutang. Buka eno e tla go thusa. Serapa sengwe le sengwe se na le potso e e tla go thusang gore o tlhaloganye Baebele botoka. Batho ba le bantsi ba itumelela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Re solofela gore le wena o tla nna mongwe wa bone. E kete Modimo a ka go thusa fa o ntse o leka go itse se Baebele e se rutang!