Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 4

Jesu Keresete ke Mang?

Jesu Keresete ke Mang?

1, 2. (a) A go itse leina la mongwe yo o tumileng go raya gore o a mo itse? Tlhalosa. (b) Batho ba reng ka Jesu?

GO NA le batho ba le bantsi ba ba tumileng mo lefatsheng. O ka tswa o itse leina la mongwe wa bone. Mme go itse leina la gagwe ga go reye gore o mo itse sentle. Ga go reye gore o itse sengwe le sengwe ka ene le ka botshelo jwa gagwe le gore ke motho yo o ntseng jang.

2 O ka tswa o kile wa utlwalela ka Jesu Keresete le fa gone a tshetse dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Mme batho ba le bantsi ga ba itse gore Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang. Bangwe ba re e ne e le monna yo o siameng, ba bangwe ba re e ne e le moporofeti mme bangwe ba dumela gore ke Modimo. Wena wa reng?—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 12.

3. Ke eng fa go le botlhokwa gore o itse Jehofa Modimo le Jesu Keresete?

3 Go botlhokwa gore o itse boammaaruri ka Jesu. Goreng re rialo? Baebele ya re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Fa o itse boammaaruri ka Jehofa le Jesu, o tla kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Johane 14:6) Gape go itse Jesu go ka go thusa fela thata ka gonne ke ene sekao se se molemo tota sa motho yo o neng a tshela sentle e bile a tshwara ba bangwe sentle. (Johane 13:34, 35) Mo Kgaolo 1, re ithutile boammaaruri ka Modimo. Gone jaanong re tla ithuta gore Baebele ya reng ka Jesu.

RE BONE MESIA!

4. Lefoko “Mesia” le “Keresete” le kaya eng?

4 Dingwaga di le dintsi pele Jesu a tsholwa, Jehofa o ne a solofetsa gore o tla romela Mesia kgotsa Keresete. “Mesia” ke lefoko la Sehebera mme “Keresete” ke lefoko la Segerika. Direto tseno ka bobedi di kaya gore Modimo o tla tlhopha mongwe mme a bo a mo naya maemo a a kgethegileng. Mesia o tla tlhomamisa gore ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di a diragadiwa. Gape Jesu a ka go thusa gone jaanong. Mme pele Jesu a tsholwa, batho ba le bantsi ba ne ba ipotsa go re, ‘Ke mang yo e tla nnang Mesia?’

5. A balatedi ba ga Jesu ba ne ba dumela gore ke ene Mesia?

5 Balatedi ba ga Jesu ba ne ba sa belaele gore ke Mesia yo Modimo a neng a mo solofeditse. (Johane 1:41) Ka sekai, Simone Petere o ne a raya Jesu a re: “O Keresete.” (Mathaio 16:16) Re ka tlhomamisega jang gore Jesu ke Mesia?

6. Jehofa o ne a thusa batho jang gore ba lemoge Mesia?

6 Dingwaga pele Jesu a tsholwa, baporofeti ba Modimo ba ne ba kwala dintlha di le dintsi tse di neng di tla thusa batho go lemoga Mesia. Seo se ne se tla thusa jang? A re re o kopiwa gore o ye kwa seteisheneng se se tlhanaselang sa dibese go twe o ye go tsaya motho yo o iseng o tsamaye o kopane le ene. Fa motho yo o go romang a ne a ka go tlhalosetsa sentle tsela e motho yoo a lebegang ka yone, o ne o tla kgona go mmona. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go re bolelela se Mesia a tla se dirang le se se tla mo diragalelang. Batho ba ba neng ba bona boporofeti jono bo diragadiwa, ba ne ba lemoga sentle gore Jesu ke Mesia.

7. Ke boporofeti bofe jo bo bontshang gore Jesu ke Mesia?

7 A re tlotle ka boporofeti bongwe jo bo neng bo bua ka Mesia. Dingwaga di le 700 pele Jesu a tsholwa, Mika o ne a porofeta gore Mesia o ne a tla tsholelwa kwa motsaneng wa Bethelehema. (Mika 5:2) Mme ke lone lefelo le Jesu a tsholetsweng kwa go lone. (Mathaio 2:1, 3-9) Daniele o ne a porofeta gore Mesia o ne a tla tlhaga ka ngwaga wa 29. (Daniele 9:25) Go na le boporofeti jo bongwe gape jo bontsi jo bo bontshang gore ntle le pelaelo Jesu ke Mesia yo Modimo a mo solofeditseng.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 13.

Jesu o ne a nna Mesia kgotsa Keresete fa a kolobediwa

8, 9. Ke eng se se neng sa direga fa Jesu a kolobediwa se se bontshang gore ke Mesia?

8 Jehofa o ne a bontsha sentle gore Jesu ke Mesia. Modimo o ne a solofetsa gore o tla naya Johane Mokolobetsi sesupo se se neng se tla mmontsha gore Mesia ke mang. Fa Johane a ne a kolobetsa Jesu kwa Nokeng ya Joredane ka ngwaga wa 29, Johane o ne a bona sesupo seo. Baebele ya re: “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene o fologa jaaka lephoi. Bona! Gape, ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’” (Mathaio 3:16, 17) Fa Johane a ne a bona tiragalo eno, o ne a lemoga gore Jesu ke Mesia. (Johane 1:32-34) Jesu o ne a nna Mesia ka lone letsatsi leo fa Jehofa a ne a mo tshololela moya o o boitshepo. Ke ene yo Modimo a neng a mo tlhophile gore e nne Moeteledipele le Kgosi.—Isaia 55:4.

9 Boporofeti jwa Baebele, mafoko a a neng a buiwa ke Jehofa le sesupo se se neng sa bonala fa Jesu a kolobediwa, ke bosupi jwa gore Jesu ke Mesia. Mme gone, Jesu o ne a tswa kae pele a tla mo lefatsheng e bile e ne e le motho yo o ntseng jang? Mma re bone gore Baebele yone ya reng.

JESU O NE A TSWA KAE PELE A TLA MO LEFATSHENG?

10. Baebele ya reng malebana le botshelo jwa ga Jesu pele a tla mo lefatsheng?

10 Baebele e ruta gore Jesu o ne a nna kwa legodimong ka dingwagangwaga pele a tla mo lefatsheng. Mika a re Mesia ga a bolo go tshela “mo metlheng ya bogologolo.” (Mika 5:2) Jesu o ne a bua ka makgetlo a mantsi gore o ne a tswa kwa legodimong. (Bala Johane 3:13; 6:38, 62; 17:4, 5.) Le pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a atamalane thatathata le Jehofa.

11. Ke eng fa Jehofa a tsaya Jesu a le botlhokwa thata?

11 Jesu ke motho wa botlhokwa thata mo go Jehofa. Goreng re rialo? Ka gonne Modimo o ne a mmopa pele ga sengwe le sengwe. Ke ka moo Baebele e bitsang Jesu e re ke “leitibolo la popo yotlhe.” * (Bakolosa 1:15) Jehofa o tsaya Jesu a le botlhokwa fela thata ka gonne ke ene fela yo a mmopileng ka tlhamalalo. Ke ka moo a bidiwang “Morwawe yo o tsetsweng a le esi.” (Johane 3:16) Gape Jesu ke ene fela yo Jehofa a neng a mo dirisa go bopa dilo tsotlhe tse dingwe. (Bakolosa 1:16) Jesu ke ene fela a bidiwang “Lefoko” ka gonne Jehofa o mo dirisa go fetisetsa melaetsa ya gagwe kwa baengeleng le kwa bathong.—Johane 1:14.

12. Re itse jang gore Jesu le Modimo ga ba lekane?

12 Batho bangwe ba dumela gore Jesu le Modimo ba a lekana. Mme Baebele yone ga e rute seo. Baebele ya re Jesu o ne a bopiwa, se se rayang gore go na le kwa a simologileng gone. Mme Jehofa ene o bopile dilo tsotlhe, ga a na tshimologo. (Pesalema 90:2) Jesu o ne a itse gore ke Morwa Modimo ke ka moo a ileng a se ka a leka go nna Modimo. Baebele ya re Rre o mogolo go na le Morwa. (Bala Johane 14:28; 1 Bakorintha 11:3.) Jehofa ke ene fela “Modimo Mothatayotlhe.” (Genesise 17:1) Ga go na ope le fa e le sepe se se mo fetang ka maatla.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 14.

13. Ke eng fa Baebele e re Jesu ke “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng”?

13 Jehofa le Jesu ba ne ba bereka mmogo ka dingwaga di le dibilionebilione pele legodimo le lefatshe di nna gone. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba ratana thata. (Johane 3:35; 14:31) Jesu o ne a tshwana thata le rraagwe mo Baebele e mmitsang “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.”—Bakolosa 1:15.

14. Go ne ga tla jang gore Morwa yo o rategang wa Modimo a tsholwe mo lefatsheng?

14 Morwa yo o rategang wa Modimo o ne a ikemiseditse go tswa kwa legodimong gore a tle go tsholwa mo lefatsheng. Seo se ne sa kgonega jang? Jehofa o ne a dira kgakgamatso ka go tsenya botshelo jwa ga Jesu mo sebopelong sa lekgarebane le le bidiwang Marea. Seno se raya gore Jesu ga a na rre mo lefatsheng. Ka jalo, Marea o ne a tshola ngwana yo o se nang boleo, mme a mmitsa Jesu.—Luke 1:30-35.

JESU E NE E LE MOTHO YO O NTSENG JANG?

15. Ke eng se se ka go thusang go itse Jehofa botoka?

15 O ka ithuta go le gontsi ka botshelo jwa ga Jesu fa o bala Efangele ya ga Mathaio, Mareko, Luke le Johane. E re ka Jesu a tshwana le Rraagwe, go bala ka ene go tla go thusa gore o itse Jehofa botoka. Ke ka moo Jesu a neng a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 14:9.

16. Jesu o ne a ruta ka eng? Dilo tse Jesu a neng a di ruta di ne di tswa kae?

16 Batho ba le bantsi ba ne ba bitsa Jesu “Moruti.” (Johane 1:38; 13:13) Sengwe sa dilo tsa botlhokwa thata tse a neng a di ruta batho e ne e le “dikgang tse di molemo tsa bogosi.” Bogosi joo ke eng? Ke puso ya Modimo e e tla busang lefatshe lotlhe go tswa kwa legodimong le go segofatsa batho ba ba ikobelang Modimo. (Mathaio 4:23) Sengwe le sengwe se Jesu a neng a se ruta se ne se tswa kwa go Jehofa. Jesu o ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Jesu o ne a itse gore Jehofa o batla gore batho ba bolelelwe dikgang tse di molemo tsa gore Bogosi Jwa Modimo bo tlile go busa lefatshe.

17. Jesu o ne a rera kae? Ke eng fa a ne a tsaya matsapa go ruta batho?

17 Jesu o ne a rera kae? Gongwe le gongwe kwa a neng a bona batho teng. O ne a rera kwa metsaneng, kwa ditoropong, kwa metseng, kwa marekisetsong, kwa mafelong a kobamelo le kwa magaeng a batho. O ne a sa lebelele gore batho ba tle kwa go ene. Gantsi o ne a ya kwa go bone. (Mareko 6:56; Luke 19:5, 6) Jesu o ne a bereka ka natla e bile a fetsa nako e ntsi a ruta batho. Ke eng a ne a dira jalo? Ka gonne Jehofa o ne a mmoleletse gore a dire jalo e bile o ne a batla go ikobela Rraagwe ka dinako tsotlhe. (Johane 8:28, 29) Gape o ne a rerela batho ka gonne a ba tlhomogela pelo. (Bala Mathaio 9:35, 36.) O ne a bona gore baeteledipele ba bodumedi ba ne ba sa rute batho boammaaruri ka Modimo le ka Bogosi jwa gagwe. Ka jalo, o ne a batla gore batho ba le bantsi ba utlwe dikgang tse di molemo.

18. Ke eng se o se ratang thata ka Jesu?

18 Jesu o ne a rata batho e bile a amega ka bone. O ne a le bonolo e bile go le motlhofo go bua le ene. Tota le bana ba ne ba kgona go mo atamela. (Mareko 10:13-16) Jesu o ne a direla batho se se siameng ka dinako tsotlhe. O ne a ila bonweenwee le dilo tse di sa siamang. (Mathaio 21:12, 13) O ne a tshela ka nako e ka yone basadi ba neng ba sa tlotliwe e bile ba se na ditshwanelo tse dintsi. Mme ka dinako tsotlhe, Jesu o ne a tlotla basadi e bile a ba tshwara ka seriti. (Johane 4:9, 27) Gape Jesu o ne a ikokobeditse tota. Ka sekai, maitseboa mangwe o ne a tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba gagwe, selo se gantsi se neng se dirwa ke motlhanka.—Johane 13:2-5, 12-17.

Jesu o ne a rera gongwe le gongwe kwa a neng a bona batho teng

19. Ke sekai sefe se se bontshang gore tota Jesu o ne a itse se batho ba neng ba se tlhoka le gore o ne a batla go ba thusa?

19 Jesu o ne a itse se tota batho ba se tlhokang, e bile o ne a batla go ba thusa. Seno se ne sa bonala sentle fa a ne a dirisa maatla a Modimo go fodisa batho ka kgakgamatso. (Mathaio 14:14) Ka sekai, monna yo o neng a na le bolwetse jwa lepero o ne a raya Jesu a re: “Fa fela o batla, o ka nntlafatsa.” Jesu o ne a tlhomoga pelo tota fa a bona botlhoko le pogo e monna yono a neng a le mo go yone. O ne a mo utlwela botlhoko mme a tlhotlheletsega go mo thusa. Ka jalo, Jesu o ne a mo tshwara mme a mo raya a re: “Ke a batla. Ntlafala.” Mme monna yoo o ne a fola! (Mareko 1:40-42) Akanya fela kafa monna yoo a tshwanetseng a bo a ne a ikutlwa ka teng!

O NE A IKANYEGA MO GO RRAAGWE KA DINAKO TSOTLHE

20, 21. Jesu ke sekao se se di gaisang tsotlhe jang sa motho yo o ileng a ikobela Modimo?

20 Jesu o tlhomile sekao se se molemo sa go ikobela Modimo. Go sa kgathalasege gore o ne a diragalelwa ke eng kgotsa gore baba ba gagwe ba ne ba mo tshwara jang, o ne a ikanyega mo go Rraagwe. Ka sekai, Jesu ga a ka a leofa fa Satane a ne a mo raela. (Mathaio 4:1-11) Bangwe ba masika a gagwe ba ne ba sa dumele gore ke Mesia e bile ba re “o latlhegetswe ke tlhaloganyo,” mme Jesu o ne a se ka a tlogela go dira tiro ya Modimo. (Mareko 3:21) Fa baba ba gagwe ba mmogisa, ga a ka a leka go ba gobatsa mme o ne a tswelela a ikanyega mo Modimong.—1 Petere 2:21-23.

21 Le fa Jesu a ile a bolawa setlhogo, o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa. (Bala Bafilipi 2:8.) Akanya fela ka se a neng a se itshokela mo letsatsing le a neng a bolawa ka lone. O ne a tshwarwa, a latofadiwa ka maaka a gore o a tlhapatsa, baatlhodi ba ba tletseng bonweenwee ba mo atlhola, segopa sa batho sa mo ja ditshego mme masole a mmogisa le go mo kokotela mo koteng ya tlhokofatso. Fa a ne a swa o ne a goa a re: “Go diragaditswe!” (Johane 19:30) Morago ga malatsi a le mararo, Jehofa o ne a mo tsosa mme a mo naya mmele o o tshwanang le wa baengele. (1 Petere 3:18) Dibeke di se kae moragonyana, Jesu o ne a boela kwa legodimong, mme “a nna kafa seatleng sa moja sa Modimo” a leta gore Modimo a mo dire Kgosi.—Bahebera 10:12, 13.

22. Go ikanyega ga ga Jesu go dirile gore re nne le tshono efe?

22 E re ka Jesu a ile a ikanyega mo go Rraagwe, re na le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise fela jaaka Jehofa a boletse. Mo kgaolong e e latelang, re tla sekaseka kafa loso lwa ga Jesu lo re thusang ka gone gore re tshelele ruri.

^ ser. 11 Jehofa o bidiwa Rre ka gonne ke ene a bopileng dilo tsotlhe. (Isaia 64:8) Jesu o bidiwa Morwa Modimo ka gonne Jehofa ke ene a mmopileng. Baengele le bone ba bidiwa bomorwa Modimo. Adame le ene o ne a bidiwa morwa Modimo.—Jobe 1:6; Luke 3:38.