Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 8

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

1. Ke thapelo efe e re tlileng go bua ka yone?

BATHO ba le bantsi ba itse Thapelo ya Morena. Ke yone e Jesu a neng a e dirisa go ruta balatedi ba gagwe se ba tshwanetseng go se rapelela. Jesu o ne a rapelela eng? Mme ke eng fa thapelo eo e le botlhokwa thata mo go rona?

2. Ke dilo dife tse tharo tse Jesu a neng a re re di rapelele?

2 Jesu o ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’” (Bala Mathaio 6:9-13.) Ke eng fa Jesu a ne a re re rapelele dilo tseno tse tharo?—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 20.

3. Re tlile go ithuta eng ka Bogosi Jwa Modimo?

3 Re ithutile gore leina la Modimo ke Jehofa. Mme re ithutile gore boikaelelo jwa Modimo ke eng ka batho le ka lefatshe. Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle”? Re tlile go ithuta gore Bogosi Jwa Modimo ke eng, gore bo tla dira eng le kafa bo tla itshepisang leina la Modimo ka gone.

BOGOSI JWA MODIMO KE ENG?

4. Bogosi Jwa Modimo ke eng mme Kgosi ya jone ke mang?

4 Jehofa o ne a tlhoma puso kwa legodimong mme a tlhopha Jesu gore e nne Kgosi ya yone. Baebele e bitsa puso eo e re ke Bogosi Jwa Modimo. Jesu ke “Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena.” (1 Timotheo 6:15) Jesu o kgona go dira dilo tse go se nang mmusi ope yo o ka di dirang e bile maatla a gagwe a feta a babusi botlhe ba lefatshe ba kopantswe.

5. Bogosi Jwa Modimo bo busa bo le kwa kae? Bo tla busa eng?

5 Malatsi a le 40 fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a boela kwa legodimong. Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a mo dira Kgosi ya Bogosi joo. (Ditiro 2:33) Puso ya Modimo e tla busa lefatshe go tswa kwa legodimong. (Tshenolo 11:15) Ke ka moo Baebele e bitsang Bogosi Jwa Modimo e re ke bogosi “jwa selegodimo.”—2 Timotheo 4:18.

6, 7. Jesu o farologane jang le dikgosi tse dingwe?

6 Baebele ya re Jesu ke Kgosi e kgolo go di feta tsotlhe ka gonne ke “ene a le esi yo o nang le bosasweng.” (1 Timotheo 6:16) Dikgosi tsotlhe di feleletsa di sule mme Jesu ene ga a kitla a swa. Dilo tse di molemo tse Jesu a tla re direlang tsone di tla nnela ruri.

7 Baebele e ne ya porofeta gore Jesu o tla nna Kgosi e e sa tlhaoleng batho e bile e le kutlwelobotlhoko. Ya re: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa; mme o tla ipelela go boifa Jehofa. Mme ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo.” (Isaia 11:2-4) A o ka rata go busiwa ke kgosi e e ntseng jalo?

8. Re itse jang gore Jesu ga a tle go busa a le nosi?

8 Go na le batho ba Modimo a ileng a ba tlhopha gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Fa re tswelela re itshoka, gape re tla busa mmogo jaaka dikgosi.” (2 Timotheo 2:12) Ke batho ba le kae ba ba tla busang le Jesu?

9. Jesu o tla busa le batho ba le kae? Modimo o simolotse leng go ba tlhopha?

9 Mo Kgaolo 7, re ithutile gore Johane o ne a bona Jesu e le Kgosi kwa legodimong a na le dikgosi tse dingwe di le 144 000. Batho bano ba ba 144 000 ke bomang? Johane a re “ba kwadilwe leina la [ga Jesu] le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.” Gape a re: “Bano ke bone ba ba nnang ba sala Kwana [e leng Jesu] morago go sa kgathalesege gore o ya kae. Bano ba ne ba rekwa mo bathong.” (Bala Tshenolo 14:1, 4.) Bakeresete bano ba ba 144 000 ba Modimo a ba tlhophileng go “busa lefatshe e le dikgosi,” ba a ikanyega. Fa ba swa, ba tsosiwa go ya go tshela kwa legodimong. (Tshenolo 5:10) Jehofa o ne a simolola go tlhopha Bakeresete ba ba 144 000 go tloga fa e sa le ka nako ya baaposetoloi.

10. Puso ya ga Jesu le ba ba 144 000 e bontsha jang gore Jehofa o a re rata?

10 Jehofa o re kgathalela thata jaana mo a ileng a rulaganya gore go nne le batho ba ba tla yang go busa le Jesu. Jesu o tla re busa sentle ka gonne o a re tlhaloganya. Le ene o kile a boga fa a ne a le mo lefatsheng. Paulo a re Jesu o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka teng e bile “ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona.” (Bahebera 4:15; 5:8) Bakeresete ba ba 144 000 le bone ba kile ba lebana le mathata a re lebanang le one. Re ka tlhomamisega gore Jesu mmogo le ba ba 144 000 ba tla tlhaloganya kafa re ikutlwang ka teng le mathata a re tshwanelwang ke go lebana le one.

BOGOSI JWA MODIMO BO TLA DIRA ENG?

11. Ke eng fa Jesu a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela gore thato ya Modimo e dirwe kwa legodimong?

11 Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele gore thato ya Modimo e dirwe kwa legodimong. Ka ntlha yang? Re ithutile mo Kgaolo 3 gore Satane Diabolo o ne a tsuologela Jehofa. Jehofa o ne a letla gore ene le baengele ba ba bosula kgotsa madimona ba nne lobakanyana kwa legodimong. Ka jalo, ga se botlhe kwa legodimong ba ba neng ba dira thato ya Modimo. O tla ithuta mo gontsi ka Satane le madimona mo Kgaolo 10.

12. Tshenolo 12:10 e bua ka ditiragalo dife tse pedi tsa botlhokwa?

12 Baebele ya re fa Jesu a sena go nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tla lwantsha Satane. (Bala Tshenolo 12:7-10.) Temana 10 e tlhalosa ditiragalo tse pedi tsa botlhokwa. Jesu o simolola go busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo mme Satane o latlhelwa mo lefatsheng. Re tla ithuta mo dikgaolong tse di latelang ka ditiragalo tseno mme re tla lemoga gore di setse di diragetse.

13. Go ne ga direga eng kwa legodimong fa Satane a sena go latlhelwa mo lefatsheng?

13 Baebele e umaka boitumelo jo bo neng jwa nna gone fa Satane le madimona a gagwe ba sena go latlhelwa mo lefatsheng. Ya re: “Itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one!” (Tshenolo 12:12) Gone jaanong go rena kagiso le kutlwano kwa legodimong ka gonne mongwe le mongwe o dira thato ya Modimo.

Fa e sa le Satane le madimona a gagwe ba tlosiwa kwa legodimong, go tletse pogo mo lefatsheng. Pogo eno e tloga e fela

14. Maemo a lefatshe a ntse jang fa e sa le Satane a latlhelwa mo go lone?

14 Maemo a a mo lefatsheng ga a tshwane le a kwa legodimong. Batho ba diragalelwa ke dilo tse di bosula “ka gonne Diabolo o fologetse [mo lefatsheng], a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Satane o tuka malakabe. O ntshitswe kwa legodimong e bile o a itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo o tlile go senngwa. O dira se a ka se kgonang go baka tlhakatlhakano mo lefatsheng.

15. Modimo o ikaeletse go dira eng ka lefatshe?

15 Modimo ga a ise a fetole se a ikaeletseng go se dira ka lefatshe. O sa ntse a batla gore batho ba ba se nang boleo ba tshele mo go lone ka bosakhutleng. (Pesalema 37:29) Bogosi Jwa Modimo bo tla dira seno jang?

16, 17. Daniele 2:44 ya reng ka Bogosi Jwa Modimo?

16 Baebele e ne ya porofeta jaana mo go Daniele 2:44: “Mme mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Boporofeti jono bo re ruta eng ka Bogosi Jwa Modimo?

17 Sa ntlha, bo re ruta gore Bogosi Jwa Modimo bo tla simolola go busa “mo metlheng ya dikgosi tseo.” Seno se raya gore go tla bo go sa ntse go na le dipuso tse dingwe mo lefatsheng fa Bogosi joo bo simolola go busa. Sa bobedi, boporofeti joo bo re ruta gore Bogosi Jwa Modimo bo tla busa ka bosakhutleng mme ga go kitla go nna le puso e nngwe e e busang. Sa boraro, go tla runya ntwa magareng ga Bogosi Jwa Modimo le dipuso tsa lefatshe leno. Bogosi Jwa Modimo bo tla fenya mme e tla nna jone fela bo busang lefatshe lotlhe. Mme batho ba tla busiwa ke puso e e di gaisang tsotlhe.

18. Ntwa ya makgaolakgang magareng ga Bogosi Jwa Modimo le dipuso tsa lefatshe e bidiwa eng?

18 Bogosi Jwa Modimo bo tla fitlhelela seno jang? Pele ga ntwa ya makgaolakgang e e bidiwang Haramagedona, madimona a tla tsietsa ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni, go ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ Dipuso tsa lefatshe di tla lwantsha Bogosi Jwa Modimo.—Tshenolo 16:14, 16; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 10.

19, 20. Ke eng fa go tlhokega gore Bogosi Jwa Modimo e nne jone bo busang lefatshe?

19 Ke eng fa Bogosi Jwa Modimo bo tshwanelwa ke go busa lefatshe? Go na le mabaka a le mararo. La ntlha, re baleofi, re a lwala e bile re a swa. Mme Baebele ya re fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, ga re kitla re swa. Tota e bile Johane 3:16 ya re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”

20 Lebaka la bobedi ke ka gonne re tshela le batho ba ba bosula. Batho ba le bantsi ba bua maaka, ba a tsietsa e bile ga ba na boitshwaro jo bontle. Ga re kgone go dira sepe ka bone, mme Modimo ene o tla dira sengwe. Batho ba ba dirang dilo tse di bosula ba tla senngwa ka nako ya ntwa ya Haramagedona. (Bala Pesalema 37:10.) Lebaka la boraro la go bo re tlhoka Bogosi Jwa Modimo ke ka gonne dipuso tsa batho di paletswe, di setlhogo e bile di tletse ka maferefere. Ga di kgothaletse batho go ikobela Modimo. Baebele ya re ‘motho o laola motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

21. Bogosi bo tla tlhomamisa jang gore thato ya Modimo e a dirwa mo lefatsheng?

21 Morago ga Haramagedona, Bogosi Jwa Modimo bo tla tlhomamisa gore thato ya Modimo e a dirwa mo lefatsheng. Ka sekai, bo tla fedisa Satane le madimona a gagwe. (Tshenolo 20:1-3) Batho ga ba kitla ba lwala le go swa. Thekololo e tla dira gore batho ba ba reetsang Modimo ba tshelele ruri mo Paradaiseng. (Tshenolo 22:1-3) Bogosi joo bo tla itshepisa leina la Modimo. Seo se kaya eng? Se kaya gore fa Bogosi bo busa lefatshe, batho botlhe ba tla ikobela Jehofa.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 21.

JESU O NNILE KGOSI LENG?

22. Re itse jang gore Jesu ga a ka a nna Kgosi ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng kgotsa ka bonako fela fa a sena go tsosiwa?

22 Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele ba re: “A bogosi jwa gago bo tle.” Ka jalo, go ne go bonala sentle gore puso ya Modimo e tla tla mo isagweng. Sa ntlha, Jehofa o ne a tla tlhoma puso ya gagwe a bo a dira Jesu Kgosi ya yone. A Jesu o ne a nna Kgosi ka bonako fela fa a fitlha kwa legodimong? Nnyaa, o ne a tshwanelwa ke go leta. Nako nngwe fa Jesu a sena go tsosiwa, Petere le Paulo ba ne ba nopola Pesalema 110:1 ba re e bua ka Jesu. Mo go yone, Jehofa o raya Jesu a re: “Nna kafa seatleng sa me sa moja, go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.” (Ditiro 2:32-35; Bahebera 10:12, 13) Jesu o ne a tshwanelwa ke go leta nako e e kana kang?

Bogosi Jwa Modimo bo tla tlhomamisa gore thato ya Modimo e a dirwa mo lefatsheng

23. (a) Jesu o simolotse leng go busa e le Kgosi ya puso ya Modimo? (b) Re tla ithuta eng mo kgaolong e e latelang?

23 Pele ga 1914, setlhopha sa baithuti ba Baebele se ne se dumela gore ngwaga oo o botlhokwa thata mo go diragadiweng ga boporofeti jwa Baebele. Ditiragalo tse di simolotseng ka ngwaga oo di bontsha gore ba ne ba bua nnete. Jesu o simolotse go busa ka ngwaga wa 1914. (Pesalema 110:2) Moragonyana Satane o ne a latlhelwa mo lefatsheng mme gone jaanong “o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Kgaolo e e latelang e tla re thusa go bona bosupi jwa gore re tshela mo lobakeng loo lwa nako. Gape re tla ithuta gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi Jwa Modimo bo tla tlhomamisa gore thato ya Modimo e a dirwa mo lefatsheng.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 22.