Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 9

A Lefatshe le ya Bokhutlong?

A Lefatshe le ya Bokhutlong?

1. Re ka kgona jang go itse se se tla diregang mo nakong e e tlang?

A E KILE ya re o lebile thelebishene kgotsa o reeditse dikgang o bo ipotsa go re, ‘A ruri go tla tsamaya go siama?’ Lefatshe le tlhakatlhakane thata jaana mo batho bangwe ba dumelang gore le tshwanetse la bo le ya bokhutlong. A gone go ntse jalo? A go na le tsela e ka yone re ka bonang gore go tla direga eng mo nakong e e tlang? Ee. Le fa batho ba sa kgone go bolelelapele se se tla diregang mo nakong e e tlang, Jehofa Modimo ene o a kgona. Baebele e re bolelela gore go tla direga eng ka lefatshe la rona.—Isaia 46:10; Jakobe 4:14.

2, 3. Balatedi ba ga Jesu ba ne ba batla go itse eng mme Jesu o ne a ba raya a reng?

2 Fa Baebele e bua ka bokhutlo jwa lefatshe, ga e bue ka polanete ya rona go na le moo e bua ka batho ba ba bosula. Jesu o ne a ruta batho gore Bogosi Jwa Modimo bo tla busa lefatshe. (Luke 4:43) E re ka balatedi ba gagwe ba ne ba batla go itse gore Bogosi joo bo tla tla leng, ba ne ba botsa Jesu ba re: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:3) Jesu ga a ka a ba bolelela letlha go na le moo o ne a ba bolelela se se tla diregang pele lefatshe le ya bokhutlong. Se Jesu a neng a bua ka sone se a direga gone jaanong.

3 Kgaolo eno e tla re thusa go bona bosupi jwa gore bokhutlo bo tloga bo tla. Sa ntlha, re tshwanetse go itse ka ntwa e e neng ya runya kwa legodimong gore re kgone go tlhaloganya lebaka la go bo go direga dilo tse di bosula mo lefatsheng.

NTWA KWA LEGODIMONG

4, 5. (a) Go ne ga direga eng kwa legodimong fa Jesu a sena go nna Kgosi? (b) Go ya ka Tshenolo 12:12, go ne go tla direga eng fa Satane a sena go latlhelwa mo lefatsheng?

4 Kgaolo 8 e re rutile gore Jesu o ne a nna Kgosi kwa legodimong ka 1914. (Daniele 7:13, 14) Buka ya Tshenolo e tlhalosa se se ileng sa direga fa e re: “Mme ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele [e bong Jesu] le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela [e bong Satane], le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana.” * Satane le madimona a gagwe ba ne ba fenngwa mme ba latlhelwa mo lefatsheng. Baengele ba ne ba itumetse tota! Baebele ya re go ne go tla nkga go sa bola mo lefatsheng. Ka ntlha yang? Ka gonne Diabolo o galefile thata “ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:7, 9, 12.

5 Diabolo o dira sotlhe se a ka se kgonang go re bakela mathata. O galefile ka gonne o a itse gore malatsi a gagwe a badilwe. A re bone gore Jesu o ne a reng ka se se tla diregang mo malatsing a bofelo.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 24.

MALATSI A BOFELO

6, 7. Dintwa le tlala di amile batho jang gompieno?

6 Dintwa. Jesu o ne a re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7) Go sule batho le bantsi thata mo dintweng tse di lolweng bosheng jaana go feta nako epe fela mo hisitoring ya batho. Pego nngwe ya Worldwatch Institute ya re fa e sa le ka 1914, batho ba feta dimilione di le 100 ba ne ba swa mo dintweng. Palo ya batho ba ba bolailweng mo dintweng tse di lolweng magareng ga 1900 le 2000 e menagane ga gararo go feta ya ba ba bolailweng mo dingwageng di le 1 900 tse di fetileng. Dintwa tseno di baketse batho ba le bantsi mathata le botlhoko jo bo seng kana ka sepe!

7 Tlala. Jesu o ne a re: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.” (Mathaio 24:7) Le fa go na le dijo di le dintsi go feta mo nakong e e fetileng, batho ba le bantsi ba sa ntse ba robala ka tlala. Ka ntlha yang? Ka gonne ga ba na madi a go reka dijo kgotsa a go reka lefatshe le ba ka lemang mo go lone. Batho ba feta bilione ga ba na madi a a lekaneng a go ka itshedisa. Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo wa re ngwaga le ngwaga go swa bana ba le dimilione, lebaka legolo e le ka gonne ga ba je dijo tse di nang le dikotla.

8, 9. Ke eng se se bontshang gore boporofeti jwa ga Jesu jwa dithoromo tsa lefatshe mmogo le malwetse bo a diragadiwa?

8 Dithoromo tsa lefatshe. Jesu o ne a porofeta a re: “Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.” (Luke 21:11) Dithoromo tsa lefatshe di nna gone ngwaga le ngwaga. Fa e sa le ka ngwaga wa 1900, batho ba feta dimilione di le pedi ba ile ba swa ka ntlha ya dithoromo tsa lefatshe. Batho ba sa ntse ba swa le fa gone go na le didirisiwa tsa thekenoloji tse di thusang go bona thoromo ya lefatshe pele e direga.

9 Malwetse. Jesu o ne a porofeta gore go tla nna le “malwetse a leroborobo.” Malwetse a a kotsi a ne a tla anama ka bonako mme a bolaye batho ba le bantsi. (Luke 21:11) Le fa dingaka di kgona go alafa malwetse a le mantsi, go sa ntse go na le malwetse a mangwe a a se nang kalafi. Pego nngwe ya re ngwaga le ngwaga, batho ba le dimilione ba a swa ka ntlha ya malwetse a a jaaka TB (kgotlholo e tona), malaria le kholera. Mo godimo ga moo, dingaka di lemogile gore go na le malwetse a mangwe a masha a le 30 mme mangwe a one ga a na kalafi.

BATHO BA NE BA TLA NNA JANG MO MALATSING A BOFELO?

10. 2 Timotheo 3:1-5 e diragadiwa jang gone jaanong?

10 Baebele e bua jaana mo go 2 Timotheo 3:1-5: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Modimo o ne a kaela moaposetoloi Paulo gore a kwale kafa batho ba neng ba tla nna ka gone mo malatsing a bofelo. O ne a re batho ba tla

  • nna pelotshetlha

  • rata madi

  • gana go ikobela batsadi

  • nna batho ba ba sa ikanyegeng

  • tlhoa ba malapa a bone

  • tlhoka boitshwaro

  • rata ntwa e bile ba le bogale

  • rata menate go na le go rata Modimo

  • itira e kete ba rata Modimo mme gone ba gana go mo ikobela

11. Pesalema 92:7 ya re go tla direga eng ka batho ba ba bosula?

11 A batho ba mo o nnang teng le bone ba ntse jalo? Ga se mo go lona fela, ba aname lefatshe lotlhe. Mme Modimo o tla tloga a tsaya kgato ka bone. O re solofeditse jaana: “Fa baikepi ba tlhoga jaaka dimela le botlhe ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba tlhagisa dithunya, ke gore ba tle ba nyelediwe ka bosaengkae.”—Pesalema 92:7.

DIKGANG TSE DI MOLEMO MO MALATSING A BOFELO

12, 13. Ke eng se Jehofa a re rutileng sone mo malatsing a bofelo?

12 Baebele e ne ya porofeta gore mo malatsing a bofelo lefatshe le ne le tla tlala ka kutlobotlhoko le pogo. Mme gone, e ne ya porofeta gore go tla nna le dilo tse di molemo tse di tla diregang.

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”—Mathaio 24:14

13 Go tlhaloganya Baebele. Moporofeti Daniele le ene o ne a kwala ka malatsi a bofelo. O ne a re: “Kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” (Daniele 12:4) Modimo o ne a tla dira gore batho ba gagwe ba tlhaloganye Baebele. Jehofa o kgonne go dira jalo segolobogolo fa e sa le go tloga ka 1914. Ka sekai, o re rutile botlhokwa jwa go itse leina la gagwe le boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe mmogo le go re ruta boammaaruri ka thekololo, se se diregang fa re swa le ka tsogo. Re ithutile gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo ka rarabololang mathata otlhe a rona. Gape re ithutile kafa re ka nnang re itumetse ka gone le kafa re ka tshelang ka gone ka tsela e e itumedisang Modimo. Mme batho ba Modimo ba dira eng ka dilo tse ba ithutileng tsone? Go na le boporofeti jo bongwe gape jo bo re nayang karabo ya potso eno.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 21 le ya 25.

14. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwa kae mme ke bomang?

14 Tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ne a bua jaana ka malatsi a bofelo: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:3, 14) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwa mo dinageng di feta 230 ka dipuo di feta 700. Boammaaruri ke gore, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ba tswang mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba,” ba thusa batho go tlhaloganya gore Bogosi ke eng le gore bo tla direla batho eng. (Tshenolo 7:9) Mme ga ba duedise. Le fa batho ba le bantsi ba ba tlhoile e bile ba ba bogisa, Jesu o ne a porofeta gore ga go na sepe se se ka thibelang tiro eno ya go rera.—Luke 21:17.

O TLA DIRA ENG?

15. (a) A o dumela gore re tshela mo malatsing a bofelo, mme ke eng se se dirang gore o dumele? (b) Go tla direga eng ka batho ba ba ikobelang Jehofa le ba ba sa mo ikobeleng?

15 A o dumela gore re tshela mo malatsing a bofelo? Boporofeti bo le bontsi jwa Baebele bo a diragadiwa. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa o tla emisa tiro ya go rera dikgang tse di molemo mme “bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Bokhutlo ke eng? Ke Haramagedona, fa Modimo a fedisa batho botlhe ba ba bosula. Jehofa o tla dirisa Jesu le baengele ba gagwe go senya ope fela yo o sa batleng go mo ikobela le go ikobela Morwawe. (2 Bathesalonika 1:6-9) Morago ga moo, Satane le madimona a gagwe ga ba kitla ba tsietsa batho. Mme batho botlhe ba ba ikobelang Modimo e bile ba amogela Bogosi jwa gagwe ba tla bona fa a dira sengwe le sengwe se a se solofeditseng.—Tshenolo 20:1-3; 21:3-5.

16. E re ka bokhutlo bo atametse jaana, ke eng se o tshwanetseng go se dira?

16 Go ise go ye kae, lefatshe leno le le laolwang ke Satane, le tlile go senngwa. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re ipotse potso eno: ‘Ke eng se ke tshwanetseng go se dira?’ Jehofa o batla gore o ithute sengwe le sengwe se o tlhokang go se itse mo Baebeleng. O tshwanetse go ithuta o tlhoafetse. (Johane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba kopana beke le beke kwa Holong ya Bogosi go thusa batho go tlhaloganya Baebele. Leka gore o nne gone beke le beke. (Bala Bahebera 10:24, 25.) Fa o lemoga gore o tshwanetse go fetoga, fetoga! Fa o dira jalo, o tla kgona go atamalana thata le Jehofa.—Jakobe 4:8.

17. Ke eng fa batho ba le bantsi ba tlile go gakgamala fa bokhutlo bo tla?

17 Moaposetoloi Paulo a re bokhutlo bo tlile go tla ka nako e batho ba le bantsi ba sa bo lebelelang, “fela jaaka legodu bosigo.” (1 Bathesalonika 5:2) Jesu o ne a porofeta gore batho ba le bantsi ba tla itlhokomolosa bosupi jo bo bontshang gore re tshela mo malatsing a bofelo. O ne a re: “Gonne fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho [kgotsa malatsi a bofelo] go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.”—Mathaio 24:37-39.

18. Jesu o ne a re tlhagisa a reng?

18 Jesu o ne a re tlhagisa gore ga re a tshwanela go itewa tsebe “ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo.” O ne a re bokhutlo bo tla tla “jaaka seru,” gore bo tla tlela “botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe.” Gape o ne a re: “Nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo [lo rapela go tswa pelong] ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:34-36) Ke eng fa go le botlhokwa gore re reetse tlhagiso ya ga Jesu? Ka gonne mo nakong e e sa fediseng pelo, lefatshe leno le le laolwang ke Satane le tlile go senngwa. Go tla falola fela batho ba ba ikobelang Jehofa le Jesu e bile ba tla tshelela ruri mo lefatsheng le lesha.—Johane 3:16; 2 Petere 3:13.

^ ser. 4 Mikaele ke leina le lengwe gape le Jesu Keresete a bidiwang ka lone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 23.