Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 14

Lelapa la Gago le ka Itumela

Lelapa la Gago le ka Itumela

1, 2. Jehofa o batla gore malapa a nne jang?

JEHOFA MODIMO ke ene a simolotseng lenyalo. Baebele ya re o ne a bopa mosadi wa ntlha mme “a mo tlisa kwa monneng.” Adame o ne a itumetse tota mo a neng a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” (Genesise 2:22, 23) Seno se bontsha gore Jehofa o batla gore banyalani ba itumele.

2 Ka maswabi, malapa a le mantsi ga a itumela. Le fa go ntse jalo, Baebele e na le melaometheo e e ka thusang mongwe le mongwe mo lelapeng gore lelapa le atlege le gore le itumelele go nna mmogo.—Luke 11:28.

SE MODIMO A SE LEBELETSENG MO BANNENG

3, 4. (a) Monna o tshwanetse go dirisana jang le mosadi wa gagwe? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore monna le mosadi ba itshwarelane?

3 Baebele ya re monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe le go mo tlotla. Tsweetswee bala Baefeso 5:25-29. Monna o tshwanetse go bontsha mosadi wa gagwe gore o a mo rata ka dinako tsotlhe. O a mo sireletsa, o a mo tlhokomela e bile ga a dire sepe se se ka mo gobatsang.

4 Mme monna o tshwanetse go dira eng fa mosadi wa gagwe a dirile phoso? Baebele e laela banna e re: “Nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” (Bakolosa 3:19) Banna, se lebaleng gore le lona lo dira diphoso. Mme fa lo batla gore Modimo a lo itshwarele, lo tshwanetse go itshwarela basadi ba lona. (Mathaio 6:12, 14, 15) Fa banyalani ba ikemiseditse go itshwarelana, seo se tla dira gore lenyalo la bone le nne monate.

5. Ke eng fa monna a tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe?

5 Jehofa o lebeletse gore monna a tlotle mosadi wa gagwe. Monna o tshwanetse go akanyetsa maikutlo a mosadi wa gagwe. Eno ke kgang e e masisi tota. Fa monna a sa dirisane sentle le mosadi wa gagwe, Jehofa a ka nna a se ka a reetsa dithapelo tsa gagwe. (1 Petere 3:7) Jehofa o rata batho ba ba mo ratang. Ga a tseye banna ba le botlhokwa go feta basadi.

6. Go tewa jang fa go twe banyalani ba nna “nama e le nngwe”?

6 Jesu o ne a tlhalosa gore fa monna le mosadi ba nyalane “ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe.” (Mathaio 19:6) Ba tshwanetse go tshepana e bile ga ba kitla ba ratana kgotsa go tlhakanela dikobo le mongwe o sele. (Diane 5:15-21; Bahebera 13:4) Banyalani ba tshwanetse go kgotsofatsana ka tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 7:3-5) Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go gakologelwa gore “ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela.” Monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe le go mo tlhokomela. Ga go na selo se se itumedisang mosadi go feta monna yo o mo tlhokomelang le yo o mo ratang.—Baefeso 5:29.

SE MODIMO A SE LEBELETSENG MO BASADING

7. Ke eng fa lelapa le tlhoka mongwe yo o tla le etelelang pele?

7 Lelapa lengwe le lengwe le tlhoka mongwe yo o le etelelang pele, mongwe yo o ka le kaelang gore dilo di kgone go tsamaya sentle. Baebele e bua jaana mo go 1 Bakorintha 11:3: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.”

8. Mosadi a ka bontsha jang monna wa gagwe tlotlo e e boteng?

8 Monna mongwe le mongwe o dira diphoso. Mme fa mosadi yo o nyetsweng a dirisana sentle le monna wa gagwe e bile a mo ema nokeng mo ditshwetsong tse a di dirang, lelapa la bone le tla atlega. (1 Petere 3:1-6) Baebele ya re: “Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Mosadi o tshwanetse go dira eng fa monna wa gagwe e se Mokeresete? O sa ntse a tshwanelwa ke go mo tlotla. Baebele ya re: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:1, 2) Fa mosadi a tlotla monna wa gagwe seo se ka dira gore monna wa gagwe a tlhaloganye bodumedi jwa gagwe le go bo tlotla.

9. (a) Mosadi o tshwanetse go dira eng fa a sa dumalane le monna wa gagwe? (b) Ke kgakololo efe e e newang basadi ba ba nyetsweng e e mo go Tito 2:4, 5?

9 Mosadi o tshwanetse go dira eng fa a sa dumalane le monna wa gagwe? O tshwanetse go ntsha maikutlo a gagwe ka tlotlo. Ka sekai, Sara o ne a bua sengwe se Aborahame a neng a sa se rate, mme Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “Reetsa lentswe la gagwe.” (Genesise 21:9-12) Ga se gantsi monna wa Mokeresete a ka tsayang tshwetso e e kgatlhanong le Baebele, ka jalo, mosadi wa gagwe o tshwanetse go mo ema nokeng. (Ditiro 5:29; Baefeso 5:24) Mosadi yo o siameng o tlhokomela lelapa la gagwe. (Bala Tito 2:4, 5.) Fa monna wa gagwe le bana ba bona gore ke senatla, ba tla mo rata le go mo tlotla fela thata.—Diane 31:10, 28.

Sara o tlhometse basadi ba ba nyetsweng sekao sefe se se molemo?

10. Baebele ya reng ka go kgaogana le go tlhala?

10 Ka dinako dingwe banyalani ba itlhaganelela go kgaogana kgotsa go tlhalana. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re “mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe . . . le monna yo o nyetseng ga a a tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:10, 11) Go na le maemo mangwe a a ka pateletsang banyalani gore ba kgaogane, le fa go ntse jalo, eo ke tshwetso e e masisi tota. Re ka reng ka go tlhala? Baebele e bontsha gore lebaka la go tlhala le lengwe fela, ke fa monna kgotsa mosadi a tlhakanetse dikobo le mongwe o sele.—Mathaio 19:9.

SE MODIMO A SE LEBELETSENG MO BATSADING

Jesu o tlhometse mongwe le mongwe mo lelapeng sekao se se molemo

11. Ke eng se bana ba se tlhokang thata?

11 Batsadi, lo tshwanetse go fetsa nako e ntsi le bana ba lona. Bana ba lona ba a lo tlhoka e bile go botlhokwa thata gore lo ba rute ka Jehofa.—Duteronome 6:4-9.

12. Batsadi ba tshwanetse go dira eng go sireletsa bana ba bone?

12 Batho ba ba laolwang ke Satane ba ntse ba nnela bosula go ya pele, ka jalo, go na le bangwe ba bone ba ba ka nnang ba batla go gobatsa bana ba rona, tota le go ba sotla ka tlhakanelodikobo. Batsadi bangwe ba tshaba go bua le bana ka kgang eno. Mme gone, batsadi ba tshwanetse go tlhagisa bana ba bone ka batho bao ba ba bosula, le gore ba ka itshireletsa jang. Batsadi, lo tshwanetse go sireletsa bana ba lona. *1 Petere 5:8.

13. Batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone jang?

13 Ke maikarabelo a batsadi go ruta bana ba bone maitseo. O ka ruta bana ba gago jang? Bana ba tlhoka go thapisiwa, le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go ba kgalemela ka bogale kgotsa go ba otlhaya setlhogo. (Jeremia 30:11) Ka jalo, o se ka le ka motlha wa otlhaya bana fa o galefile. O se ka wa bua le bone “jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka” ka gore o ka ba utlwisa botlhoko. (Diane 12:18) Ruta bana ba gago gore ke eng ba tshwanetse go ikoba.—Baefeso 6:4; Bahebera 12:9-11; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 30.

SE MODIMO A SE LEBELETSENG MO BANENG

14, 15. Ke eng fa bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone?

14 Jesu o ne a ikobela Rraagwe ka dinako tsotlhe, le fa ka dinako tse dingwe go ne go se motlhofo go dira jalo. (Luke 22:42; Johane 8:28, 29) Jehofa o lebeletse gore bana ba ikobele batsadi ba bone.—Baefeso 6:1-3.

15 Bana, le fa lo ka tswa lo bona e kete go thata go ikobela batsadi ba lona, gakologelwang gore Jehofa le batsadi ba a itumela fa lo ba reetsa. *Diane 1:8; 6:20; 23:22-25.

Ke eng se se ka thusang basha gore ba ikanyege mo Modimong fa ba raelwa go dira dilo tse di sa siamang?

16. (a) Satane o leka jang go raela bana go dira dilo tse di sa siamang? (b) Ke eng fa go le botlhokwa go tlhopha ditsala tse di ratang Jehofa?

16 Satane a ka dirisa ditsala kgotsa dithaka tsa gago gore di go raele go dira dilo tse di sa siamang. Satane o a itse gore go thata go gana fa o raelwa ke ditsala kgotsa dithaka. Ka sekai, morwadia Jakobe e bong Dina o ne a na le ditsala tse di sa rateng Jehofa. Seno se ne sa bakela ene le ba lelapa la gagwe mathata a a seng kana ka sepe. (Genesise 34:1, 2) Fa ditsala tsa gago di sa rate Jehofa, di ka go raela gore o dire sengwe se Jehofa a sa se rateng, mme seo se tla dira gore wena, ba lelapa la gago le Modimo, lo utlwe botlhoko. (Diane 17:21, 25) Ke ka moo go leng botlhokwa gore o nne le ditsala tse di ratang Jehofa.—1 Bakorintha 15:33.

LELAPA LA GAGO LE KA ITUMELA

17. Mongwe le mongwe mo lelapeng o na le maikarabelo afe?

17 Fa mongwe le mongwe mo lelapeng a dirisa ditaelo tsa Modimo, lelapa le tla tila mathata a mantsi. Banna ba lo nyetseng, ratang basadi ba lona mme lo dirisane le bone ka lorato. Basadi ba lo nyetsweng, tlotlang banna ba lona mme lo ba ikobele lo etse sekao sa mosadi yo go buiwang ka ene mo go Diane 31:10-31. Batsadi, rutang bana ba lona gore ba rate Modimo. (Diane 22:6) Borre, kaelang malapa a lona “ka mokgwa o o molemo.” (1 Timotheo 3:4, 5; 5:8) Bana, ikobeleng batsadi ba lona. (Bakolosa 3:20) Gakologelwa gore mongwe le mongwe mo lelapeng o dira diphoso, ka jalo, ikokobetseng mme lo itshwarelane. Baebele e na le tshedimosetso e e tswang kwa go Jehofa e e ka thusang mongwe le mongwe mo lelapeng.

^ ser. 12 O ka bala mo go oketsegileng ka se o ka se dirang go sireletsa bana ba gago mo kgaolo 32 ya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 15 Ngwana ga a tshwanela go ikobela batsadi ba gagwe fa ba mo pateletsa go tlola molao wa Modimo.—Ditiro 5:29.