Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 16

Tlhopha go Direla Modimo

Tlhopha go Direla Modimo

1, 2. Ke potso efe e o tshwanetseng go ipotsa yone mme ke eng fa go le botlhokwa go dira jalo?

FA O ntse o ithuta Baebele, o ithutile gore batho ba le bantsi ba ba reng ba obamela Modimo, ba ruta dilo tse Modimo a di tlhoileng kgotsa ba a di dira. (2 Bakorintha 6:17) Ke ka moo Jehofa a re laelang gore re tswe mo go ‘Babelona yo Mogolo’ e leng bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 18:2, 4) Wena o tla dira eng? Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa go re, ‘A ke tla obamela Modimo ka tsela e a e batlang kgotsa a ke tla tswelela ke mo obamela ka tsela e nna ke e batlang?’

2 Fa e le gore ga o tlhole o le leloko la bodumedi jo bo rutang maaka, o dirile sentle tota. Mme gone, go ka tswa go na le dilo dingwe tse di tsamaisanang le bodumedi jwa maaka tse go sa ntseng go le thata gore o di tlogele. A re tlotle ka dingwe tsa tsone gore re itse lebaka la go bo go le botlhokwa go di leba ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone.

GO OBAMELA BADIMO LE DITSHWANTSHO

3. (a) Ke dilo dife tse batho bangwe ba fitlhelang go le thata go di tlogela fa ba obamela Modimo? (b) Baebele ya reng malebana le go dirisa ditshwantsho fa re obamela Modimo?

3 Batho bangwe ba na le lobaka lo loleele ba ya kwa mafelong mangwe a go tweng a boitshepo kgotsa ba dirisa ditshwantsho fa ba obamela Modimo. Fa e le gore o mongwe wa bone, o ka tswa o ikutlwa o sa gololesege go obamela Modimo ntle le dilo tseo. Mme se lebale gore Jehofa ke ene a re bolelelang gore re mo obamele jang. Baebele ga e potapote go na le moo e re bolelela gore Jehofa ga a batle gore re dirise ditshwantsho fa re mo obamela.—Bala Ekesodo 20:4, 5; Pesalema 115:4-8; Isaia 42:8; 1 Johane 5:21.

4. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go obamela ba masika a rona ba ba suleng? (b) Ke eng fa Jehofa a ne a laela batho ba gagwe gore ba se ka ba leka go buisana le baswi?

4 Batho bangwe ba ka nna ba fetsa nako kgotsa maatla a bone ba leka go itumedisa ba masika a bone ba ba suleng. Ba ka nna ba bo ba ba obamela. Mme re ithutile gore batho ba ba suleng ba ka se re thuse le fa e le go re gobatsa. Ga ba tshele golo gongwe. Tota e bile, go kotsi go leka go buisana le bone ka gonne molaetsa ope fela o go lebegang e kete o tswa kwa go bone, tota o tswa kwa madimoneng. Ke ka moo Jehofa a neng a laela Baiseraele gore ba se ka ba leka go bua le baswi kgotsa go dira sepe se se amanang le madimona.—Duteronome 18:10-12; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 26 le ya 31.

5. Ke eng se se ka go thusang gore o tlogele go obamela Modimo o dirisa ditshwantsho kgotsa gore o tlogele go obamela ba masika a gago ba ba tlhokafetseng?

5 Ke eng se se ka go thusang gore o tlogele go obamela Modimo o dirisa ditshwantsho kgotsa gore o tlogele go obamela ba masika a gago ba ba tlhokafetseng? O tshwanetse go bala Baebele le go akanya ka kelotlhoko kafa Jehofa a ikutlwang ka teng ka dilo tseo. A re di “makgapha” kgotsa di mo ferosa sebete. (Duteronome 27:15) Rapela Jehofa letsatsi le letsatsi gore a go thuse go leba dilo tseo ka tsela e a di lebang ka yone le gore o mo obamele ka tsela e a e batlang. (Isaia 55:9) Jehofa o tla go thusa le go go naya maatla a o a tlhokang gore o latlhe sepe fela se se tsamaisanang le bodumedi jwa maaka.

A RE TSHWANETSE GO KETEKA KERESEMOSE?

6. Ke eng fa go tsholwa ga ga Jesu go ketekiwa ka December 25?

6 Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba keteka Keresemose mme ba akanya gore ba a bo ba keteka letsatsi le Jesu a tshotsweng ka lone. Mme tota Keresemose e amana le bodumedi jwa maaka. Buka nngwe ya re batho ba ba obamelang medimo ya maaka ya kwa Roma, ba ne ba keteka tlhabo ya letsatsi ka December 25. Le fa gone Jesu a sa tsholwa ka December 25, baeteledipele ba dikereke ba ne ba keteka letsatsi leo ka boikaelelo jwa go dira gore batho ba le bantsi ba nne Bakeresete. (Luke 2:8-12) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa keteke Keresemose. Buka nngwe ya re dingwaga di le 200 fa Jesu a sena go tsholwa, “go ne go se na ope yo o neng a itse gore tota Jesu o tshotswe leng e bile batho ba ne ba se na sepe ka gone.” (Sacred Origins of Profound Things) Meletlo ya go keteka Keresemose e ne ya simolola dingwaga di le makgolokgolo fa Jesu a sena go ya kwa legodimong.

7. Ke eng fa baobamedi ba Modimo ba sa keteke Keresemose?

7 Batho ba le bantsi ba a itse gore meletlo ya Keresemose e e jaaka go ijesa monate le go neelana dimpho, e simolotswe ke baheitane. Ka sekai, nako nngwe kwa Engelane le kwa dikarolong dingwe tsa Amerika, batho ba ne ba ileditswe go keteka Keresemose ka ntlha ya gore e simolotswe ke baheitane. Motho ope fela yo o neng a e keteka o ne a otlhaiwa. Mme batho ba ile ba simolola go keteka Keresemose gape. Goreng baobamedi ba Modimo ba sa keteke Keresemose? Ka gonne ba batla go dira sengwe le sengwe se se itumedisang Modimo.

A RE TSHWANETSE GO KETEKA MALATSI A BOTSALO?

8, 9. Ke eng fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke malatsi a botsalo?

8 Mokete o mongwe o batho ba o ratang thata ke wa letsatsi la botsalo. A moobamedi wa Modimo o tshwanetse go keteka letsatsi la botsalo? Meletlo ya letsatsi la botsalo e go buiwang ka yone mo Baebeleng e ne e le ya batho ba ba neng ba sa obamele Jehofa. (Genesise 40:20; Mareko 6:21) Meletlo eo e ne e diretswe go obamela medimo ya maaka. Ke ka moo Bakeresete ba bogologolo ba neng ba “tsaya moletlo wa letsatsi la botsalo e le ngwao e e latelwang ke baheitane.”—The World Book Encyclopedia.

9 Baroma le Bagerika ba bogologolo ba ne ba dumela gore ka letsatsi le motho a tsholwang ka lone, go na le moya o o tla mo sireletsang mo botshelong. Buka ya The Lore of Birthdays ya re “moya ono o ne o amana ka tsela nngwe e e sa itsegeng le modimo wa letsatsi le motho yoo a tshotsweng ka lone.”

10. Ke eng fa Bakeresete ba sa tshwanela go keteka malatsi a botsalo?

10 A o akanya gore Jehofa o amogela meletlo e e amanang le bodumedi jwa maaka? (Isaia 65:11, 12) Nnyaa. Ke ka moo re sa ketekeng meletlo epe ya botsalo kgotsa e e amanang le bodumedi jwa maaka.

A GO BOTLHOKWA GORE MODIMO A RENG?

11. Ke eng fa batho ba bangwe ba keteka malatsi a boikhutso? Ke eng se o tshwanetseng go se tsaya se le botlhokwa?

11 Go na le batho ba ba itseng gore Keresemose le malatsi a mangwe a boikhutso a simologile mo boheitaneng mme gone ba sa ntse ba a keteka. Ba tsaya gore malatsi ano a botlhokwa ka gonne a dira gore motho a nne le tshono ya go ipha nako le ba lelapa. A le wena o akanya jalo? Ga go phoso fa motho a batla go ipha nako le ba lelapa la gaabo. Jehofa ke ene a simolotseng lelapa e bile o batla gore lelapa lotlhe le tshele monate. (Baefeso 3:14, 15) Mme gone, go nna le botsala jo bo siameng le Jehofa go botlhokwa thata go na le go batla go itumedisa ba lelapa ka go keteka meletlo ya bodumedi jwa maaka e e sa itumediseng Modimo. Ke ka lebaka leo moaposetoloi Paulo a neng a re: “Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.”—Baefeso 5:10.

12. Ke meletlo efe e Jehofa a sa e amogeleng?

12 Batho ba le bantsi ga ba na bothata le gore malatsi a boikhutso a simologile kae mme gone Jehofa ene ga a akanye jalo. Ga a rate malatsi a boikhutso a a simologileng mo boheitaneng kgotsa a a tlotlomatsang motho kgotsa a mo go one go dirisiwang difolaga tsa setšhaba. Ka sekai, Baegepeto ba ne ba na le meletlo e le mentsi e ba neng ba e direla medimo ya maaka. Mme fa Baiseraele ba sena go gololwa mo bokgobeng jwa Baegepeto, ba ne ba dira moletlo wa boheitane mme ba o bitsa ba re ke “moletlo wa ga Jehofa.” Mme Jehofa o ne a ba otlhaela seo. (Ekesodo 32:2-10) Ga re a tshwanela go “ama sepe se se seng phepa” fela jaaka moporofeti Isaia a ne a bolela.—Bala Isaia 52:11.

DIRISANA SENTLE LE BATHO BA BANGWE

13. Ke dipotso dife tse o ka nnang le tsone fa o dirile tshwetso ya go tlogela go keteka malatsi a boikhutso?

13 Gongwe o ka tswa o na le dipotso di le dintsi ka gonne o dirile tshwetso ya go tlogela go keteka malatsi a boikhutso. Ka sekai, o ka ipotsa go re: Ke tshwanetse go dira eng fa badirikanna ba mpotsa gore ke eng ke sa keteke Keresemose le bone? Ke dire eng fa mongwe a nnaya mpho ya Keresemose? Ke tshwanetse go dira eng fa monna kgotsa mosadi wa me a batla gore ke keteke letsatsi lengwe la boikhutso le ene? Nka thusa jang banake gore ba se ka ba utlwa botlhoko fa ba sa keteke malatsi a boikhutso kgotsa letsatsi la bone la botsalo?

14, 15. Ke eng se o ka se dirang fa mongwe a go raya a re o itumelele malatsi a boikhutso kgotsa a go naya mpho?

14 Ka dinako tse dingwe ga re tlhoke go bolelelwa gore re dire eng, dilo tse dingwe re tlhoka go di ikakanyetsa. Ka sekai, fa mongwe a go bolelela gore o itumelele letsatsi la boikhutso, o se ka wa mo itlhokomolosa. O ka nna wa re: “Ke a leboga.” Mme fa motho a batla go itse lebaka la go bo o sa keteke malatsi a boikhutso, o ka nna wa mo tlhalosetsa mo go oketsegileng. Dira jalo ka bonolo le ka tlotlo mme o akanyetse maikutlo a ba bangwe. Baebele ya re: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Gongwe o ka mo tlhalosetsa gore ga o na bothata le go fetsa nako le batho ba bangwe le go ba naya dimpho mme gone ga o rate go dira jalo ka malatsi a boikhutso.

15 O tshwanetse go dira eng fa mongwe a go naya mpho? Baebele ga e na melao e mentsintsi ya sengwe le sengwe mme e re bolelela gore re tshwanetse go nna le segakolodi se se molemo. (1 Timotheo 1:18, 19) Gongwe motho yo o go nayang mpho eo ga a itse gore ga o keteke malatsi a boikhutso. Kgotsa a ka nna a go raya a re: “Ke a itse gore ga o keteke malatsi a boikhutso mme gone ke sa ntse ke batla go go naya mpho eno.” O ka nna wa dira tshwetso ya gore a o tla amogela mpho eo kana jang. Mme gone, tlhomamisa gore tshwetso epe fela e o e dirang ga e feleletse e dira gore o jewe ke letswalo. Ga re batle go dira dilo tse di tla senyang botsala jwa rona le Jehofa.

WENA LE BA LELAPA LA GAGO

Batho ba ba direlang Jehofa ba itumetse

16. O tshwanetse go dira eng fa ba lelapa ba batla gore o keteke malatsi a boikhutso?

16 O tshwanetse go dira eng fa ba lelapa la gago ba batla gore o keteke letsatsi la boikhutso? Ga o tlhoke go lwa le bone. Se lebale gore ba na le tshwanelo ya go dira se ba batlang go se dira. Tlotla ditshwetso tsa bone fela jaaka le wena o batla gore ba tlotle ditshwetso tsa gago. (Bala Mathaio 7:12.) Mme o tshwanetse go dira eng fa ba lelapa ba batla gore o fetse nako le bone ka malatsi a boikhutso? Kopa Jehofa gore a go thuse pele o dira tshwetso. Dira dipatlisiso ka kgang eo. Se lebale gore boikaelelo jwa gago ke go itumedisa Jehofa.

17. O ka dira eng go thusa bana ba gago gore ba se ka ba tswa pelo fa ba bona bana ba bangwe ba keteka malatsi a boikhutso?

17 O ka dira eng go thusa bana ba gago fa ba bona bana ba bangwe ba keteka malatsi a boikhutso mme bone ba sa dire jalo? O ka ba rulaganyetsa sengwe se se monate gangwe le gape. Gape o ka ba rekela dimpho ba sa solofela. Mme selo sa botlhokwa se o ka se dirang, ke go ipha nako le bone le go ba rata.

OBAMELA MODIMO KA TSELA E A E BATLANG

18. Ke eng fa re tshwanetse go kopanela le batho ba ba obamelang Modimo ka tsela e e siameng?

18 Fa re batla go itumedisa Jehofa, re tshwanetse go tswa mo bodumeding jwa maaka go akaretsa dingwao le malatsi a jone a boikhutso. Mme gone, re tshwanetse go obamela Modimo ka tsela e e siameng. Re ka dira seo jang? Tsela nngwe ke ka go kopanela le batho ba ba obamelang Modimo ka tsela e e siameng. (Bala Bahebera 10:24, 25.) Go dira jalo go botlhokwa fela thata. (Pesalema 22:22; 122:1) Batho ba Modimo ba a kgothatsana fa ba le mmogo.—Baroma 1:12.

19. Ke eng fa go le botlhokwa gore o bolelele batho ba bangwe ka dilo tse o ithutileng tsone mo Baebeleng?

19 Tsela nngwe ke ka go bua le batho ka dilo tse o ithutileng tsone mo Baebeleng. Batho ba le bantsi ba utlwisiwa botlhoko ke dilo tse ba di bonang di direga mo lefatsheng. Gongwe go na le bangwe ba o ba itseng ba ba ikutlwang jalo. Ba bolelele ka dilo tse o lebileng pele go bona di direga mo nakong e e tlang. Fa o ntse o kopanela le batho ba ba obamelang Modimo ka tsela e e siameng e bile o bolelela ba bangwe ka Baebele, o tla lemoga gore ga o kitla o tlhola o batla go nna karolo ya bodumedi jwa maaka le dingwao tsa jone. O ka tlhomamisega gore o tla itumela, gape Jehofa o tla segofatsa matsapa a magolo a o a dirang go mo obamela ka tsela e a e batlang.—Malaki 3:10.