Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 17

Tshiamelo ya Thapelo

Tshiamelo ya Thapelo

“Modiri wa legodimo le lefatshe” o batla go reetsa dithapelo tsa rona.—Pesalema 115:15

1, 2. Ke eng fa o akanya gore thapelo ke mpho e e kgethegileng, mme ke eng fa re tlhoka go itse gore Baebele ya reng ka yone?

LEFATSHE le lennye tota fa le bapisiwa le dipolanete tse dingwe. Fa Jehofa a leba batho botlhe ba ba mo lefatsheng, ba tshwana fela le lerothodi la metsi mo kgamelong. (Pesalema 115:15; Isaia 40:15) Le fa go ntse jalo, Pesalema 145:18, 19 ya re: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka.” A tlotla e e seng kana ka sepe! Mmopi wa rona Jehofa o batla gore re nne ditsala tsa gagwe e bile o batla go reetsa dithapelo tsa rona. Boammaaruri ke gore, thapelo ke tshiamelo, gape ke mpho e e kgethegileng e Jehofa a e neileng mongwe le mongwe wa rona.

2 Mme Jehofa o tla re reetsa fa fela re bua le ene ka tsela e a e batlang. Re ka dira seo jang? A re bone gore Baebele ya reng ka thapelo.

LEBAKA LA GO BO RE TSHWANETSE GO RAPELA

3. Ke eng fa o tshwanetse go rapela Jehofa?

3 Jehofa o batla gore o bue le ene. Re itse seo jang? Bala Bafilipi 4:6, 7Akanya fela ka taletso eo! Mmusi wa dilo tsotlhe o go kgatlhegela fela thata e bile o batla gore o mmulele mafatlha le go mmolelela ka mathata a o lebanang le one.

4. Go rapela ka metlha go ama botsala jwa gago le Jehofa jang?

4 Thapelo e re thusa gore re nne ditsala tse di atamalaneng thata le Jehofa. Fa batho ba tlotla ka metlha, ba buisana ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone le ka maikutlo a bone, botsala jwa bone bo gola le go feta. Go ntse fela jalo le ka thapelo. Baebele ke buka e Jehofa a e dirisang go re bolelela dilo tse a di akanyang le tsela e a ikutlwang ka yone e bile o re bolelela se a ikaeletseng go se dira mo nakong e e tlang. O ka kgona go bua le ene letsatsi le letsatsi tota le ka maikutlo a gago a a kwa tengteng. Fa o dira jalo, botsala jwa lona bo tla gola fela thata.—Jakobe 4:8.

RE TSHWANETSE GO DIRA ENG GORE MODIMO A UTLWE DITHAPELO TSA RONA?

5. Re itse jang gore Jehofa ga a reetse dithapelo tsa batho botlhe?

5 A Jehofa o reetsa dithapelo tsa batho botlhe? Nnyaa. Jehofa o ne a bua jaana le Baiseraele ka nako ya ga moporofeti Isaia: “Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa; diatla tsa lona di tletse tshololo ya madi.” (Isaia 1:15) Ka jalo, fa re se kelotlhoko, re ka nna ra dira dilo tse di tla dirang gore Jehofa a re katoge mo a feleletsang a sa reetse dithapelo tsa rona.

6. Ke eng fa tumelo e le botlhokwa thata jaana? O tshwanetse go bontsha ka eng gore o na le tumelo?

6 Re tshwanetse go nna le tumelo fa re batla gore Jehofa a reetse dithapelo tsa rona. (Mareko 11:24) Baebele ya re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Mme gone, ga go a lekana go bua fela re re re na le tumelo. Re tshwanetse go e bontsha ka go ikobela Jehofa letsatsi le letsatsi.—Bala Jakobe 2:26.

7. (a) Ke eng fa re tshwanetse go ikokobetsa le go bontsha tlotlo fa re bua le Jehofa? (b) Re ka bontsha jang gore ga re fitlhele Jehofa sepe fa re rapela?

7 Re tshwanetse go ikokobetsa le go bontsha tlotlo fa re bua le Jehofa. Ka ntlha yang? Fa re na le tshono ya go bua le kgosi kgotsa moporesidente, re tla dira jalo ka tlotlo. Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe, ka jalo, re tshwanetse go mmontsha tlotlo e e boteng le go ikokobetsa fa re bua le ene. (Genesise 17:1; Pesalema 138:6) Gape re tshwanetse go bulela Jehofa mafatlha, re mmolelele se se mo dipelong tsa rona, e seng fela go boaboeletsa selo se le sengwe letsatsi le letsatsi.—Mathaio 6:7, 8.

8. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re sena go rapelela sengwe?

8 Sa bofelo, fa re rapelela sengwe, ga re a tshwanela go rapela fela re bo re phutha matsogo. Ka sekai, fa re kopa Jehofa gore a re neye dilo tse di re tlhokang letsatsi le letsatsi, ga re a tshwanela go nna fela re akanya gore Jehofa o tla re naya sengwe le sengwe se re se kopang le fa gone re kgona go tswa re ya go se berekela. Re tshwanetse go bereka ka thata le go dira tiro epe fela e re e newang. (Mathaio 6:11; 2 Bathesalonika 3:10) Kgotsa fa re kopa Jehofa gore a re thuse go tlogela sengwe se se phoso, re tshwanetse go tila boemo bope fela jo bo ka dirang gore re feleletse re se dirile. (Bakolosa 3:5) A re tlotle ka dipotso tse gantsi batho ba di botsang ka thapelo.

DIPOTSO TSE GANTSI BATHO BA DI BOTSANG KA THAPELO

9. Re tshwanetse go rapela mang? Johane 14:6 e re ruta eng ka thapelo?

9 Re tshwanetse go rapela mang? Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele ba re, “Rraarona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 6:9) Gape o ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Ka jalo, re tshwanetse go rapela Jehofa fela mme re dirisa leina la ga Jesu. Go dirisa leina la ga Jesu go kaya eng? Fa re batla gore Jehofa a arabe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go bontsha gore re tlotla boikarabelo jo bo kgethegileng jo a bo neileng Jesu. Re ithutile gore Jesu o ne a tla mo lefatsheng gore a re golole mo boleong le mo losong. (Johane 3:16; Baroma 5:12) Gape Jehofa o tlhomile Jesu gore e nne ene Moperesiti yo Mogolo le Moatlhodi.—Johane 5:22; Bahebera 6:20.

O kgona go rapela nako nngwe le nngwe

10. A re tshwanetse go ema ka tsela e e rileng fa re rapela? Tlhalosa.

10 A re tlhoka go ema ka tsela e e rileng fa re rapela? Nnyaa, Jehofa ga a re kope gore re rapele re khubame, re dutse kgotsa re eme ka tsela nngwe e e kgethegileng. Baebele e re ruta gore re ka bua le Jehofa ka tsela epe fela e e bontshang tlotlo. (1 Ditiragalo 17:16; Nehemia 8:6; Daniele 6:10; Mareko 11:25) Ga go botlhokwa gore re rapela Jehofa re ntse jang go na le moo, sa botlhokwa ke gore re rapele go tswa pelong. Re kgona go rapelela kwa godimo kgotsa kwa tlase, gongwe le gongwe fela kwa re leng gone le ka nako nngwe le nngwe fela e re e batlang. Fa re rapela, re ikanya Jehofa gore o tla re utlwa le fa go se na ope yo o tlhaloganyang mathata a rona.—Nehemia 2:1-6.

11. Ke dilo dife tse re ka di bolelelang Jehofa?

11 Ke eng se re ka se rapelelang? Re ka rapelela sengwe le sengwe se se tsamaisanang le thato ya ga Jehofa. Baebele ya re: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) A re ka rapelela dilo tse re di eletsang? Ee. Go rapela Jehofa go tshwana le fa re tlotla le tsala ya rona ya tlhogo ya kgomo. Re ka bolelela Jehofa sengwe le sengwe se re se akantseng le se se mo dipelong tsa rona. (Pesalema 62:8) Re ka mo kopa gore a re neye moya o o boitshepo gore o re thuse go dira se se siameng. (Luke 11:13) Gape re ka kopa Jehofa gore a re neye botlhale jwa go dira ditshwetso tse di siameng le go re naya maatla a go itshokela mathata. (Jakobe 1:5) Re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re itshwarele. (Baefeso 1:3, 7) Gape re tshwanetse go rapelela batho ba bangwe go akaretsa le ba losika kgotsa Bakeresetemmogo le rona.—Ditiro 12:5; Bakolosa 4:12.

12. Ke dilo dife tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di rapelela?

12 Ke dilo dife tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di rapelela? Jehofa le thato ya gagwe. Re tshwanetse go leboga Jehofa ka sengwe le sengwe se a re diretseng sone. (1 Ditiragalo 29:10-13) Re itse seno ka gonne fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele jang. (Bala Mathaio 6:9-13.) O ne a ba bolelela gore ba simolole ka go rapelela gore leina la Modimo le itshepisiwe. Go tswa foo, a bo a re ba rapelele gore Bogosi Jwa Modimo bo tle le gore thato ya ga Jehofa e dirwe mo lefatsheng. Jesu o ne a re fa re sena go rapelela dilo tseo tsa botlhokwa, ke gone re ka rapelelang dilo tse re di tlhokang. Fa re simolola ka go rapelela dilo tse di amanang le thato ya ga Jehofa, re bontsha se tota se leng botlhokwa mo go rona.

13. Re tshwanetse go rapela nako e e kana kang?

13 Re tshwanetse go rapela nako e e kana kang? Baebele ga e bue sepe ka kgang eno. Dithapelo tsa rona di ka nna dikhutshwane kgotsa dileele go ikaegile ka se re se rapelelang. Ka sekai, re ka nna ra rapela ka bokhutshwane pele re ja mme re ka rapela thapelo e e telele fa re bolelela Jehofa ka dilo tse re tshwenyegileng ka tsone kgotsa re mo leboga. (1 Samuele 1:12, 15) Ga re a tshwanela go nna jaaka batho bangwe ba motlha wa ga Jesu ba ba neng ba rapela dithapelo tse ditelele ka gonne ba leka go kgatlha batho. (Luke 20:46, 47) Dithapelo tse di ntseng jalo ga di kgatlhe Jehofa le e seng. Selo sa botlhokwa se Jehofa a se lebang, ke gore re mo rapele go tswa pelong.

14. Re tshwanetse go rapela ga kae mme seno se re ruta eng ka Jehofa?

14 Re tshwanetse go rapela ga kae? Jehofa a re re bue le ene ka dinako tsotlhe. Baebele ya re re tshwanetse go ‘rapela re sa kgaotse’ gape ya re re ‘nnele ruri mo thapelong.’ (Mathaio 26:41; Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:17) Jehofa o ikemiseditse go re reetsa nako nngwe le nngwe fela fa re mo rapela. Re ka nna ra mo rapela letsatsi le letsatsi re lebogela lorato le bopelotshweu jo a re bontshang jone. Gape re ka mo kopa gore a re kaele, a re neye maatla le go re gomotsa. Fa e le gore tota re lebogela tshiamelo eno ya thapelo, re tla dirisa tshono nngwe le nngwe go bua le Jehofa.

15. Ke eng fa re tshwanetse go re “amen” kwa bokhutlong jwa thapelo?

15 Ke eng fa re tshwanetse go re “amen” kwa bokhutlong jwa thapelo? Lefoko “amen” le kaya gore “a gonne jalo.” Ke tsela ya go bontsha gore dithapelo tsa rona di tswa mo pelong. (Pesalema 41:13) Baebele ya re go botlhokwa gore re re “amen” fa mongwe a sena go rapela e le go bontsha gore re dumalana le se a se rapeletseng. Re ka dira seo ka go buela kwa godimo kgotsa re buela mo pelong.—1 Ditiragalo 16:36; 1 Bakorintha 14:16.

KAFA MODIMO A ARABANG DITHAPELO TSA RONA KA GONE

16. A tota Jehofa o utlwa dithapelo tsa rona? Tlhalosa.

16 A tota Jehofa o araba dithapelo tsa rona? Ee. Baebele e mmitsa “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Jehofa o reetsa dithapelo tsa batho ba gagwe e bile o a di araba mme o dira jalo ka ditsela tse di farologaneng.

17. Jehofa o dirisa jang baengele le batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng go araba dithapelo tsa rona?

17 Jehofa o dirisa baengele le batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng go araba dithapelo tsa rona. (Bahebera 1:13, 14) Go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba kopa Jehofa gore a ba thuse go tlhaloganya Baebele mme fela fa ba sena go rapela ba ne ba etelwa ke Basupi ba ga Jehofa. Baebele ya re baengele ba na le seabe mo tirong ya go rera “dikgang tse di molemo” mo lefatsheng lotlhe. (Bala Tshenolo 14:6.) Gape, bontsi jwa rona re ile ra kopa Jehofa gore a re thuse ka bothata bongwe kgotsa ka sengwe se re se tlhokang mme Jehofa o ne a re araba a dirisa Mokeresete yo mongwe.—Diane 12:25; Jakobe 2:16.

Jehofa a ka dirisa Bakeresete ba bangwe go araba dithapelo tsa rona

18. Jehofa o dirisa jang moya o o boitshepo le Baebele go araba dithapelo tsa rona?

18 Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go araba dithapelo tsa rona. Fa re mo kopa gore a re thuse ka bothata bongwe, a ka nna a re naya moya o o boitshepo gore o re kaele le go re naya maatla. (2 Bakorintha 4:7) Gape Jehofa o dirisa Baebele go araba dithapelo tsa rona le go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Fa re bala Baebele, re ka nna ra kopana le ditemana tse di ka re thusang. Gape Jehofa a ka dira gore fa re le kwa Holong ya Bogosi, go nne le mongwe yo o akgelang ka sengwe se re se tlhokang kgotsa mogolwane mongwe a tlotle le rona ka ntlha nngwe e e kgatlhang e e tswang mo Baebeleng.—Bagalatia 6:1.

19. Ke eng go ka nna ga lebega e kete Jehofa ga a arabe dithapelo tsa rona?

19 Ka dinako tse dingwe re na le go ipotsa go re, ‘Ke eng fa Jehofa a ise a arabe dithapelo tsa me?’ Gakologelwa gore Jehofa o itse gore ke leng a tshwanetseng go araba dithapelo tsa rona le gore o tla di araba jang. O itse se re se tlhokang. Re ka nna ra tshwanelwa ke go nna re rapela ka lobakanyana go mmontsha gore tota se re se kopang se tswa mo pelong le go mmontsha gore re na le tumelo mo go ene. (Luke 11:5-10) Ka dinako tse dingwe, Jehofa o araba dithapelo tsa rona ka tsela e re neng re sa e lebelela. Ka sekai, re ka nna ra rapela ka bothata bongwe, mme go na le gore Jehofa a bo tlose, a ka nna a re naya maatla a go bo itshokela.—Bala Bafilipi 4:13.

20. Ke eng fa re tshwanetse go rapela gangwe le gape?

20 Re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go bua le Jehofa! Re a itse gore o tla re reetsa. (Pesalema 145:18) Mme fa re mo rapela gangwe le gape e bile re dira jalo go tswa pelong, re tla mo atamela le go feta.