Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 18

A ke Tshwanetse go Ineela le go Kolobediwa?

A ke Tshwanetse go Ineela le go Kolobediwa?

1. O ka tswa o akanya ka eng fa e sa le o simolotse go ithuta buka eno?

O ITHUTILE dilo tse dintsi mo Baebeleng fa e sa le o simolola go bala buka eno, dilo tse di jaaka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, gore baswi ba kae le gore a ba tla tsosiwa. (Moreri 9:5; Luke 23:43; Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:3, 4) Gongwe o setse o simolotse go ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e bile o bone gore ba obamela Modimo ka tsela e a e batlang. (Johane 13:35) Gongwe o simolotse go nna tsala ya ga Jehofa mme o ka tswa o batla go mo direla. Jaanong o ka tswa o ipotsa go re, ‘Ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke kgone go direla Modimo?’

2. Ke eng fa monna mongwe wa Moethiopia a ne a batla go kolobediwa?

2 Eo ke potso e monna mongwe wa Moethiopia a neng a ipotsa yone. Nako nngwe fa Jesu a sena go tsosiwa, morutwa wa gagwe e bong Filipo o ne a rerela monna mongwe. Filipo o ne a mmontsha gore Jesu e ne e le Mesia. Monna yono o ne a amilwe pelo ke se a neng a se utlwa mo a neng a raya Filipo a re: “Bona! Bodiba jwa metsi; ke eng se se nthibelang go kolobediwa?”—Ditiro 8:26-36.

3. (a) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire eng? (b) Motho o tshwanetse go kolobediwa jang?

3 Baebele e re bontsha sentle gore re tshwanetse go kolobediwa fa re batla go direla Jehofa. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse.” (Mathaio 28:19) Gape Jesu o ne a ba tlhomela sekao ka go kolobediwa. Ga a ka a kgatshiwa ka metsi mo tlhogong, go na le moo, mmele wa gagwe otlhe o ne wa inwa mo metsing. (Mathaio 3:16) Fa Mokeresete a kolobediwa, mmele wa gagwe otlhe o tshwanetse go inwa mo metsing.

4. Fa o kolobediwa, o bontsha batho ba bangwe eng?

4 Fa o kolobediwa, o bontsha batho ba bangwe gore o batla go nna tsala ya Modimo le gore o batla go mo direla. (Pesalema 40:7, 8) Ka jalo, o ka tswa o ipotsa go re, ‘Ke tshwanetse go dira eng gore ke kolobediwe?’

KITSO LE TUMELO

5. (a) O tshwanetse go dira eng pele o ka kolobediwa? (b) Ke eng fa go le botlhokwa go phuthega mmogo le Bakeresete ba bangwe?

5 Pele o kolobediwa, o tshwanetse go itse Jehofa le Jesu. O setse o dirile jalo ka go ithuta Baebele. (Bala Johane 17:3.) Mme ga o ise o fetse. Baebele ya re o tshwanetse gore o “tladiwe ka kitso ya boammaaruri” e e malebana le thato ya ga Jehofa. (Bakolosa 1:9) Go ya Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa go tla go thusa gore o nne tsala ya gagwe. Ke ka moo go leng botlhokwa gore o nne gone.—Bahebera 10:24, 25.

O tshwanetse go ithuta Baebele pele o kolobediwa

6. A o tlhoka go itse sengwe le sengwe se se mo Baebeleng pele o kolobediwa?

6 Boammaaruri ke gore Jehofa ga a lebelela gore o bo o setse itse sengwe le sengwe se se mo Baebeleng pele o kolobediwa. O ne a sa lebelela gore monna wa Moethiopia a itse sengwe le sengwe pele a kolobediwa. (Ditiro 8:30, 31) Ga re kitla re fetsa go ithuta ka Modimo. (Moreri 3:11) Mme gone, pele o kolobediwa, o tshwanetse go itse le go amogela dithuto dingwe tsa konokono tse di mo Baebeleng.—Bahebera 5:12.

7. Go ithuta Baebele go go thusitse jang?

7 Baebele ya re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 11:6) Ka jalo, o tshwanetse go nna le tumelo pele o kolobediwa. Baebele ya re batho bangwe ba kwa motseng wa Korintha ya bogologolo ba ne ba utlwa balatedi ba ga Jesu ba ruta mme ba “simolola go dumela ba bo ba kolobediwa.” (Ditiro 18:8) Le wena Baebele e go thusitse gore o dumele ditsholofetso tsa Modimo le go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu se se ka go gololang mo boleong le mo losong.—Joshua 23:14; Ditiro 4:12; 2 Timotheo 3:16, 17.

BOLELELA BA BANGWE KA DILO TSE O DI ITHUTILENG

8. Ke eng se se tla go tlhotlheletsang gore o bolelele ba bangwe dilo tse o di ithutileng?

8 Fa o ntse o ithuta Baebele e bile o bona kafa e go thusang ka gone mo botshelong, tumelo ya gago e tla nonofa le go feta. O tla rata go bolelela ba bangwe ka dilo tse o di ithutileng. (Jeremia 20:9; 2 Bakorintha 4:13) Mme ke bomang ba o tshwanetseng go bua le bone?

Tumelo e tla go tlhotlheletsa gore o bolelele ba bangwe ka dilo tse o di ithutileng

9, 10. (a) Ke bomang ba o ka simololang go ba bolelela dilo tse o di ithutileng? (b) O tshwanetse go dira eng fa o batla go tsamaya le phuthego fa e ya bodireding?

9 Gongwe o ka nna wa bolelela ba masika, ditsala, baagelani le badirimmogo ka dilo tse o di ithutileng. O tla bo o dira sentle mme gone dira jalo ka bonolo le ka lorato. Fa nako e ntse e ya, o tla kgona go simolola go tsamaya le phuthego mo bodireding. Fa o akanya gore o setse o siametse go dira jalo, bolelela motho yo o ithutang Baebele le ene gore o batla go tsamaya le phuthego fa e ya bodireding. Fa motho yoo a akanya gore o a tshwanelega le gore o tshela go dumalana le melao ya Baebele, wena le ene lo tla kopana le bagolwane ba babedi.

10 Bagolwane ba tla bua le wena go bona gore a o tlhaloganya se Baebele e se rutang le gore a o a se dumela, gore a o se dirisa mo botshelong jwa gago le gore a tota o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa. Itse gore bagolwane ba tlhokometse maloko a phuthego go akaretsa le wena, ka jalo, o se ka wa ba tshaba. (Ditiro 20:28; 1 Petere 5:2, 3) Fa bagolwane ba feditse go bua le wena, ba tla go bolelela gore a o tshwanelega go tsamaya le phuthego mo bodireding kana jang.

11. Ke eng fa go le botlhokwa gore o dire diphetogo dingwe pele o ka tsamaya le phuthego mo bodireding?

11 Bagolwane ba ka nna ba go bolelela gore o tlhoka go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago pele o ka simolola go tsamaya le phuthego mo bodireding. Ke eng fa go le botlhokwa gore o dire diphetogo tseo? Ka gonne fa o bolelela ba bangwe ka Modimo, o nna moemedi wa gagwe e bile o tshwanetse go tshela ka tsela e e bontshang gore o a mo tlotla.—1 Bakorintha 6:9, 10; Bagalatia 5:19-21.

IKWATLHAYE MME O SOKOLOGE

12. Ke eng fa rotlhe re tlhoka go ikwatlhaya?

12 Go na le sengwe gape se o tshwanetseng go se dira pele o kolobediwa. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe.” (Ditiro 3:19) Go ikwatlhaya go kaya eng? Go kaya go swabela dilo tse di sa siamang tse re di dirileng. Ka sekai, fa o ne o le motho yo o tshelang ka tsela e Modimo a sa e rateng, o tla tshwanelwa ke go ikwatlhaya. Le fa o lekile go nna o ntse o dira dilo tse di siameng, o sa ntse o tlhoka go ikwatlhaya ka gonne rotlhe re baleofi e bile re tlhoka go kopa Modimo gore a re itshwarele.—Baroma 3:23; 5:12.

13. Go “sokologa” go kaya eng?

13 Ke eng gape se o tshwanetseng go se dira? Petere a re o tshwanetse go “sokologa.” Seno se raya gore o tshwanetse go tlogela go dira dilo tse di sa siamang mme o simolole go dira dilo tse di siameng. Re ka tshwantsha seno jaana: A re re ke la ntlha o ya kwa lefelong lengwe. Fa o ntse o le mo tseleng, o lemoga gore o latlhegile botlhoko tota. O tla dira eng? Boammaaruri ke gore, o tla tsamaya ka bonya, o bo o ema, o bo o boela morago, go tswa foo o bo o tsaya tsela e e siameng. Go ntse fela jalo le fa o ithuta Baebele, o tla lemoga gore go na le mekgwa kgotsa dilo dingwe tse o tlhokang go di fetola mo botshelong jwa gago. Ikemisetse “go sokologa,” ke gore go dira diphetogo tse di tlhokegang mme o simolole go dira dilo tse di siameng.

INEELE MO GO JEHOFA

A o setse o solofeditse Jehofa gore o tla mo direla?

14. Go ineela mo Modimong go kaya eng?

14 Kgato e nngwe ya botlhokwa e o tshwanetseng go e tsaya pele o kolobediwa ke go ineela mo go Jehofa. Go ineela go kaya go rapela le go solofetsa Jehofa gore o tla obamela ene fela le go dira gore thato ya gagwe e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago.—Duteronome 6:15.

15, 16. Ke eng se se tlhotlheletsang motho gore a ineele mo Modimong?

15 Fa o solofetsa Jehofa gore o batla go obamela ene fela go tshwana le fa o solofetsa motho yo o mo ratang gore o batla go fetsa botshelo jotlhe jwa gago le ene. Akanya ka batho ba babedi ba ba ratanang. Fa monna a ntse a ithuta mosadi, o mo rata thata jaana mo a feleletsang a batla go mo nyala. Le fa lenyalo e le maikarabelo a a masisi, monna yono o ikemiseditse go sikara maikarabelo ao ka gonne a rata mosadi yono.

16 Fa o ntse o ithuta ka Jehofa, o mo rata le go feta e bile o batla go mo direla ka pelo yotlhe. Seno se tla go tlhotlheletsa gore o rapele Modimo mme o mo solofetse gore o tla mo direla. Baebele ya re mongwe le mongwe yo o batlang go sala Jesu morago o tshwanetse go ‘iitatola.’ (Mareko 8:34) Seo se kaya eng? Se kaya gore go ikobela Jehofa ke gone go tlang pele mo botshelong jwa gago. Se Jehofa a batlang o se dira ke sone se leng botlhokwa go gaisa dikeletso kgotsa sepe fela se o ikaeletseng go se dira.—Bala 1 Petere 4:2.

SE TSHABE GO INEELA O AKANYA GORE O TLA PALELWA

17. Ke eng fa batho bangwe ba tshaba go ineela mo go Jehofa?

17 Batho bangwe ba tshaba go ineela mo go Jehofa ka gonne ba akanya gore ba tla palelwa ke go tshela go dumalana le tsholofetso e ba e dirileng. Ga ba batle go swabisa Jehofa kgotsa ba ka nna ba bo ba akanya gore fa ba sa solofetse Jehofa gore ba tla obamela ene fela, ga ba kitla ba sikara maikarabelo a dilo tse ba di dirang.

18. Ke eng se se tla go thusang gore o fenye letshogo la gore o tla swabisa Jehofa?

18 Go rata Jehofa go tla go thusa gore o tile letshogo lepe la gore o ka mo swabisa. E re ka o mo rata, o tla dira sotlhe se o ka se kgonang go dira se o mo solofeditseng sone. (Moreri 5:4; Bakolosa 1:10) Ga o kitla o akanya gore go thata go dira thato ya ga Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a kwala a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Johane 5:3.

19. Ke eng fa o sa tshwanela go tshaba go ineela mo go Jehofa?

19 Ga go tlhokege gore o bo o se na boleo gore o ineele mo go Jehofa. Le ka motlha ga a lebelela gore re dire dilo tse re sa di kgoneng. (Pesalema 103:14) O tla go thusa gore o dire se se siameng. (Isaia 41:10) Ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago mme “o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

GO DIRA BOINEELO FA PELE GA BATHO BOTLHE

20. Ke kgato efe e e latelang fa o sena go ineela mo Modimong?

20 A o akanya gore o siametse go ineela mo go Jehofa? Fa go le jalo, jaanong o siametse go tsaya kgato e e latelang. O tlhoka go kolobediwa.

21, 22. O ka bontsha jang tumelo ya gago phatlalatsa?

21 Bolelela morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane ba phuthego e o leng mo go yone gore o ineetse mo go Jehofa le gore o batla go kolobediwa. Mme o tla rulaganya gore bagolwane ba bangwe ba tle go boeletsa le wena dithuto dingwe tsa konokono tsa Baebele. Fa o tshwanelega, ba tla go bolelela gore o ka nna wa kolobediwa mo kopanong e e latelang ya Basupi ba ga Jehofa. Fa o le kwa kopanong, go tla nna le puo e e tlhalosang bokao jwa kolobetso. Sebui se tla botsa botlhe ba ba yang kolobetsong dipotso tse pedi. Fa o araba dipotso tseo, o tla bo o bolela tumelo ya gago phatlalatsa.—Baroma 10:10.

22 Go tswa foo, o tla kolobediwa. Mmele wa gago otlhe o tla inwa mo metsing. Seo se tla bo se bontsha batho botlhe gore o ineetse mo go Jehofa le gore jaanong o Mosupi wa ga Jehofa.

KOLOBETSO E KAYA ENG?

23. Go kolobediwa mo “leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo” go kaya eng?

23 Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba tla kolobediwa mo “leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Bala Mathaio 28:19.) Seno se kaya eng? Se kaya gore o dumela gore Jehofa o na le tshwanelo ya go busa, gore o tlhaloganya seabe sa ga Jesu mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo le kafa Modimo a dirisang moya o o boitshepo ka gone go diragatsa thato ya gagwe.—Pesalema 83:18; Mathaio 28:18; Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 1:21.

Fa o kolobediwa, o bontsha Modimo gore o batla go dira thato ya gagwe

24, 25. (a) Kolobetso e emela eng? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong sa bofelo sa buka eno?

24 Kolobetso e emela sengwe sa botlhokwa fela thata. Fa mmele wa gago o inwa mo metsing, seno se bontsha gore o sule kgotsa o tlogela tsela e o neng o tshela ka yone pele. Fa o tswa mo metsing, o tla bo o simolola botshelo jo bosha jwa go dira thato ya Modimo. O bontsha gore go tloga jaanong go ya pele, o modiredi wa ga Jehofa. Se lebale gore ga o a ineela mo mothong, mo mokgatlhong mongwe kgotsa mo tirong nngwe, go na le moo, o ineetse mo go Jehofa.

25 Fa o ineela, o tla kgona go nna tsala ya Modimo. (Pesalema 25:14) Seno ga se reye gore o tla bolokwa fela ka gonne o kolobeditswe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.” (Bafilipi 2:12) Kolobetso ke tshimologo fela. Mme o ka dira jang gore o nne o le gaufi le Jehofa? Kgaolo ya bofelo ya buka eno e tla araba potso eno.