Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 19

Nna o le Gaufi le Jehofa

Nna o le Gaufi le Jehofa

1, 2. Re ka bona kae tshireletsego gompieno?

A RE re o tsamaya mo phefong. Maru a a thiba, go nna lefifi, dikgadima di simolola go itaya mme maru a simolola go duma. Go ise go ye kae, pula e simolola go na. O batlana le lefelo la go iphitlha. O wela makgwafo fa o bona lefelo le le babalesegileng le pula e se kitlang e go nela mo go lone!

2 Maemo a lefatshe leno le one a ntse fela jalo. A ntse a nnela maswe go ya pele. O ka nna wa ipotsa go re, ‘Ke tla bona kae tshireletsego?’ Mopesalema o ne a kwala a re: “Ke tla raya Jehofa ke re: ‘O botshabelo jwa me le kago ya me e e thata, Modimo wa me, yo ke tla mo ikanyang.’” (Pesalema 91:2) Jehofa a ka re thusa go rarabolola mathata a rona le go re naya tsholofelo e e itumedisang.

3. Re ka dira jang gore Jehofa e nne botshabelo jwa rona?

3 Jehofa a ka re sireletsa jang? A ka re naya maatla a gore re kgone go lebana le mathata ape fela a a re tlhagelang mme gape o maatla go gaisa ope fela yo o ka lekang go re utlwisa botlhoko. Tota le fa re ka diragalelwa ke sengwe se se botlhoko gone jaanong, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla se baakanya mo nakong e e tlang. Baebele e re kgothaletsa gore re ‘ipoloke mo loratong lwa Modimo.’ (Jude 21) Re tshwanetse go nna gaufi thata le Jehofa fa re batla gore a re thuse mo dinakong tsa mathata. Mme re ka dira seo jang?

ITSE GORE MODIMO O A GO RATA

4, 5. Jehofa o bontshitse jang gore o a re rata?

4 Gore re kgone go nna gaufi le Jehofa, re tshwanetse go itse gore o a re rata. Akanya fela ka dilo tse Jehofa a setseng a re diretse tsone. O re neile lefatshe le lentle a bo a le tlatsa ka dimela le diphologolo tse dintle. Gape o re neile dijo tse di rokotsang mathe le metsi a a phepa. Jehofa o dirisa Baebele go re ruta ka leina la gagwe le botho jwa gagwe jo bontle. Mo godimo ga moo, o re bontshitse gore o a re rata ka go romela Morwawe yo a mo ratang e bong Jesu gore a tle mo lefatsheng go re swela. (Johane 3:16) Mme seo se dirile gore re nne le tsholofelo e e itumedisang ya gore botshelo bo tla nna monate mo nakong e e tlang.

5 Jehofa o tlhomile Bogosi Jwa ga Mesia e leng puso e e kwa legodimong e e tla tlogang e fedisa pogo yotlhe. Puso eo e tla fetola lefatshe leno go nna paradaise e rotlhe re tla tshelang mo go yone ka kagiso e bile re itumetse. (Pesalema 37:29) Gape tsela e nngwe e Jehofa a re bontshang ka yone gore o a re rata ke ka go re ruta kafa re ka tshelang ka gone re itumetse. Gape o re laletsa gore re bue le ene e bile o eme sejaro go re reetsa. Ruri Jehofa o re bontshitse gore o a re rata.

6. Re tshwanetse go tsibogela jang lorato lwa ga Jehofa?

6 Re tshwanetse go tsibogela jang lorato lwa ga Jehofa? Mmontshe gore o lebogela sengwe le sengwe se a go diretseng sone. Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba batle go leboga. Batho ba motlha wa ga Jesu le bone ba ne ba ntse fela jalo. Nako nngwe Jesu o ne a fodisa balepero ba le lesome mme a le mongwe fela o ne a boa go tla go mo leboga. (Luke 17:12-17) Re batla go tshwana le molepero yoo. Re batla go leboga Jehofa ka dinako tsotlhe.

7. Re tshwanetse go rata Jehofa go le kana kang?

7 Gape re tshwanetse go bontsha Jehofa gore re a mo rata. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba rate Jehofa ka pelo, moya le mogopolo wa bone otlhe. (Bala Mathaio 22:37.) Seo se kaya eng?

8, 9. Re ka bontsha Jehofa jang gore re a mo rata?

8 Ga go a lekana go bua fela re re re rata Jehofa. Fa re mo rata ka pelo, moya le mogopolo wa rona otlhe, re tla bontsha seo ka ditiro. (Mathaio 7:16-20) Baebele ya re fa re rata Modimo, re tla ikobela ditaelo tsa gagwe. A di thata? Nnyaa, ka gonne “ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—Bala 1 Johane 5:3.

9 Fa re ikobela Jehofa, re tla tshela ka kagiso re itumetse. (Isaia 48:17, 18) Mme ke eng se se tla re thusang gore re nne re le gaufi le Jehofa? Mma re bone.

TSWELELA O NTSE O LE GAUFI LE JEHOFA

10. Ke eng fa o tshwanetse go tswelela o ithuta ka Jehofa?

10 Go tlile jang gore o nne tsala ya ga Jehofa? Go ithuta Baebele go go thusitse gore o itse Jehofa e bile go dirile gore o nne tsala ya gagwe. Botsala jono bo tshwana le molelo o o tshwanetseng go o kgotletsa gore o nne o tuka. Fela jaaka molelo o tlhoka dikgong gore o nne o tuka, le wena o tshwanetse go tswelela o ithuta ka Jehofa gore botsala jwa lona bo nonofe.—Diane 2:1-5.

Fela jaaka molelo, lorato lo o ratang Jehofa ka lone le tshwanetse go kgotlediwa gore lo nne lo tuka

11. Go ithuta Baebele go tla go ama jang?

11 Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla lemoga dilo tse di tla go amang pelo. Ela tlhoko kafa balatedi ba ga Jesu ba neng ba ikutlwa ka gone fa a ne a ba tlhalosetsa boporofeti jwa Baebele. Ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?”—Luke 24:32.

12, 13. (a) Ke eng se se ka diregang ka lorato lo re ratang Modimo ka lone? (b) Re ka dira eng gore lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo se ka lwa tsidifala?

12 Fela jaaka go tlhaloganya Dikwalo go ne ga ama dipelo tsa balatedi bano ba ga Jesu, gongwe le wena o ile wa ikutlwa jalo fa o ne o simolola go tlhaloganya Baebele. Seno se dirile gore o itse Jehofa le gore o mo rate. Ga o batle gore lorato loo lo tsidifale.—Mathaio 24:12.

13 Fa o setse o le tsala ya Modimo, o tshwanetse go leka ka natla gore botsala joo bo nne bo nonofile. O tshwanetse go tswelela o ithuta ka Jehofa le ka Jesu, o akanya ka se o se ithutang le go bona kafa o ka se dirisang ka gone mo botshelong jwa gago. (Johane 17:3) Fa o bala kgotsa o ithuta Baebele, ipotse go re: ‘Ntlha eno e nthutang ka Jehofa Modimo? Ke eng fa ke tshwanetse go mo rata ka pelo le ka moya otlhe?’—1 Timotheo 4:15.

14. Go rapela go re thusa jang gore re rate Jehofa le go feta?

14 Fa o na le tsala, o buisana le yone ka metlha mme seno se dira gore botsala jwa lona bo nonofe. Ka tsela e e tshwanang, fa re bua le Jehofa ka metlha, re mo rata le go feta. (Bala 1 Bathesalonika 5:17.) Thapelo ke mpho e e itumedisang thata e Rraarona yo o kwa legodimong a re neileng yone. Re tshwanetse go bua le ene ka metlha re mmulela mafatlha a rona. (Pesalema 62:8) Ga re a tshwanela go tshwara dithapelo ka tlhogo go na le moo re tshwanetse go bua se se mo pelong. Fa re tswelela re ithuta Baebele e bile re rapela Jehofa go tswa pelong, re tla ipoloka mo loratong lwa Modimo.

BOLELELA BA BANGWE KA JEHOFA

15, 16. A o akanya gore tiro ya go rera e botlhokwa?

15 Fa re batla go nna re le gaufi le Jehofa, re tshwanetse go bolelela ba bangwe ka dilo tse re di dumelang. Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go bolelela batho ba bangwe ka Jehofa. (Luke 1:74) Mme ke boikarabelo jo Jesu a neng a bo naya balatedi botlhe ba gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. A o setse o simolotse go dira jalo?—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

16 Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya tiro ya go rera e le botlhokwa thata mo a neng a e bitsa “letlotlo.” (2 Bakorintha 4:7) Tiro ya botlhokwa thata e re ka e dirang gone jaanong ke go bolelela ba bangwe ka Jehofa le ka boikaelelo jwa gagwe. Ke tsela e nngwe e re mo direlang ka yone e bile o lebogela matsapa a re a dirang. (Bahebera 6:10) Go rera go thusa wena mmogo le batho ba ba go reetsang ka gonne go dira gore lo atamele Jehofa le go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Bala 1 Bakorintha 15:58.) A go na le tiro e nngwe gape e e ka dirang gore re ikutlwe re itumetse thata?

17. Ke eng fa tiro ya go rera e potlakile thata jaana?

17 Tiro ya go rera e potlakile fela thata. Re tshwanetse go “rera lefoko” mme re “dira jalo ka potlako.” (2 Timotheo 4:2) Batho ba tlhoka go itse ka Bogosi Jwa Modimo. Baebele ya re: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” Bokhutlo ‘ga bo kitla bo tla morago ga nako.’ (Sefania 1:14; Habakuke 2:3) Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa o tla senya batho ba ba laolwang ke Satane. Pele a dira jalo, re tlhoka go tlhagisa batho gore ba dire tshwetso ya gore a ba tla direla Jehofa kana nnyaa.

18. Ke eng fa re tshwanetse go phuthega mmogo le Bakeresete ba bangwe go tla go obamela Jehofa?

18 Jehofa o batla gore Bakeresete botlhe ba phuthege mmogo go tla go mo obamela. Baebele ya re: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Re tshwanetse go leka ka thata gore re nne gone kwa Holong ya Bogosi. Fa re le koo, re tla kgona go kgothatsana le go agana.

19. Ke eng se se tla re thusang gore re rate Bakeresete ba bangwe?

19 Fa o le kwa Holong ya Bogosi, o tla kopana le ditsala tse di tla go thusang go obamela Jehofa. O tla kopana le batho ba fela jaaka wena ba batlang go dira sotlhe se ba ka se kgonang go obamela Jehofa. Mme le bone ke baleofi ba dira diphoso. Fa ba di dira, ba itshwarele. (Bala Bakolosa 3:13.) Ka dinako tsotlhe, lebelela dilo tse dintle tse ba di dirang ka gonne fa o dira jalo, o tla ba rata e bile o tla atamalana thata le Jehofa.

BOTSHELO JWA MMATOTA

20, 21. “Botshelo jwa mmatota” ke eng?

20 Jehofa o batla gore ditsala tsotlhe tsa gagwe di tshele monate. Baebele e re ruta gore botshelo jo re tla bo tshelang mo nakong e e tlang bo tla bo bo farologane thata le jo re bo tshelang gone jaanong.

Jehofa o batla gore o itumelele “botshelo jwa mmatota.” A o tla dira jalo?

21 Mo nakong e e tlang, re tla tshelela ruri e seng go tshela dingwaga di le 70 kgotsa di le 80 fela re bo re swa. Re tla tshela ka bosakhutleng re se na boleo, re le mo kagisong e bile re itumetse ka gonne re tla bo re le mo paradaiseng e ntle. Baebele e bitsa botshelo joo e re ke “botshelo jwa mmatota.” Jehofa o re solofetsa botshelo jono mme gone re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gone jaanong go bo ‘tshwara ka thata.’—1 Timotheo 6:12, 19.

22. (a) Re ka tshwara jang “botshelo jwa mmatota ka thata”? (b) Ke eng fa botshelo jo bo sa khutleng e se tuelo?

22 Re ka tshwara jang “botshelo jwa mmatota ka thata”? Re tshwanetse “go dira molemo,” le “go huma ditiro tse di molemo.” (1 Timotheo 6:18) Seno se raya gore re tshwanetse go dira dilo tse re ithutang tsone mo Baebeleng. Mme gone, botshelo joo jwa mmatota ga bo a ikaega ka se re se dirang. Ga se gore ke tuelo e re e newang fa re dirile sengwe se se siameng. Ke mpho ya mahala e Jehofa a e nayang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e le bosupi jwa gore o na le “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (Baroma 5:15) Rraarona yo o kwa legodimong o batla go naya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mpho eno.

23. Ke eng fa o tshwanetse go dira ditshwetso tse di siameng gone jaanong?

23 Ipotse go re, ‘A ke obamela Modimo ka tsela e a e batlang?’ Fa e le gore o lemoga gore go na le diphetogo tse o tlhokang go di dira, di dire ka bonako. Fa re ikanya Jehofa e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo ikobela, o tla nna botshabelo jwa rona. O tla sireletsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mo malatsing a bofelo a lefatshe leno le le laolwang ke Satane. Go tswa foo, Jehofa o tla tlhomamisa gore re tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise fela jaaka a re solofeditse. O ka kgona go tshwara botshelo jwa mmatota fa fela o dira ditshwetso tse di siameng gone jaanong!