Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 4

Nka Baakanya Jang Diphoso Tsa Me?

Nka Baakanya Jang Diphoso Tsa Me?

BOTLHOKWA JWA SENO

Go amogela diphoso tsa gago go tla dira gore o nne motho yo o nang le maikarabelo le yo o ka ikanngwang.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Fa Tim a ntse a tshameka bolo le ditsala tsa gagwe, o thuba fensetere ya moagelani wa bone.

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le Tim?

EMA MME O AKANYE!

KGATO E O KA E TSAYANG:

  1. Go sia.

  2. Go tshwaya mongwe phoso.

  3. Go bolelela moagelani se se diragetseng le go tlhalosa gore o tla duela ditshenyegelo.

O ka raelesega go tlhopha Kgato A. Mme gone, ka metlha go na le mabaka a a molemo a gore o amogele diphoso tsa gago—go sa kgathalesege gore o thubile fensetere kgotsa o dirile phoso nngwe.

MABAKA A MARARO A GO AMOGELA DIPHOSO TSA GAGO

  1. Ke selo se se siameng go se dira.

    Baebele ya re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

  2. Gantsi batho ba itshwarela batho ba ba amogelang diphoso tsa bone.

    Baebele ya re: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.”—Diane 28:13.

  3. Sa botlhokwa le go feta, seno se itumedisa Modimo.

    Baebele ya re: “Motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.”—Diane 3:32.

Karina wa dingwaga di le 20, o ne a leka go fitlhela rraagwe thekete ya go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo. Mme gone ga a ka a kgona go nna a e fitlhile. Karina a re: “Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, papa o ne a bona thekete eo. Ke ne ka tsena mo mathateng a magolo!”

O ne a ithuta eng? Karina a re: “Go fitlha diphoso tsa gago go dira dilo maswe le go feta. O tla lebana le ditlamorago moragonyana!”

GO ITHUTA MO DIPHOSONG TSA GAGO

Baebele ya re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Mme jaaka re bone, go amogela diphoso tsa gago—ka yone nako eo—ke sesupo sa gore o boikokobetso le gore o godile sentle mo tlhaloganyong.

Kgato e e latelang ke go ithuta mo diphosong tsa gago. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Vera a re: “Ke leka go leba diphoso tsa me e le tsela ya go ithuta le go di letla go nthuta sengwe se se ka nthusang go nna motho yo o botoka le gore ke tokafatse mo nakong e e tlang.” A re bone gore o ka dira seo jang.

O adima baesekele ya ga rrago, e bo e senyega. O tla dira eng?

  • O didimala fela o bo o solofela gore rrago ga a kitla a lemoga.

  • O bolelela rrago se tota se diragetseng.

  • O bolelela rrago se se diragetseng mme gone o tshwaya mongwe phoso.

Ga o falole tlhatlhobo ka gonne o sa bala. O tla dira eng?

  • O bua gore tlhatlhobo eo e ne e le thata.

  • O amogela gore ke phoso ya gago go bo o sa falola.

  • O bolela gore morutabana o kgatlhanong le wena.

Go nna o akantse ka diphoso tse o di dirileng, go tshwana le go kgweetsa koloi o lebile seipone se se go bontshang kwa morago

Jaanong akanya ka maemo a re buileng ka one o bo o leka go ipona o le (1) rrago le (2) morutabana wa gago. Ke eng se rrago le morutabana wa gago ba neng ba ka se akanya ka wena fa o ne o ka amogela diphoso tsa gago o sa okaoke? Ba ne ba tla akanya eng ka wena fa o ne o ka fitlha diphoso tsa gago?

Jaanong akanya ka phoso e o e dirileng mo ngwageng o o fetileng o bo o araba dipotso tse di latelang.

O ne o dirile phoso efe? O ile wa dira eng morago ga moo?

  • Ke ne ka e fitlha.

  • Ke ne ka tshwaya mongwe phoso.

  • Ke ne ka e amogela ka yone nako eo.

Fa e le gore ga o a amogela phoso eo, o ne wa ikutlwa jang morago ga moo?

  • Ke itumetse—Ke falotse!

  • Ke le molato—Ke ne ke tshwanetse go bua boammaaruri.

O ka bo o ile wa dira dilo jang ka tsela e e botoka?

O ile wa ithuta eng mo phosong ya gago?

O AKANYANG?

Goreng batho bangwe ba sa batle go amogela diphoso tsa bone?

Ke eng se batho ba tla se akanyang ka wena fa ka metlha o leka go fitlha diphoso tsa gago mme gone ke eng se ba tla se akanyang ka wena fa o di amogela?—Luke 16:10.